Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

A ke Tshwenyegile Thata ka Ditebego Tsa Me?

A ke Tshwenyegile Thata ka Ditebego Tsa Me?

 Dipotso: A ke tshwenyegile thata?

  1.   Ke seele sefe se se tlhalosang sentle kafa o ikutlwang ka teng?

    •  Ga nke ke kgotsofalela tsela e ke lebegang ka yone.

    •  Ka dinako dingwe ke kgotsofalela tsela e ke lebegang ka yone.

    •  Ka dinako tsotlhe ke kgotsofalela tsela e ke lebegang ka yone.

  2.   Ke selo sefe se o ka ratang thata go se fetola ka mmele wa gago?

    •  Boleele

    •  Bokete jwa mmele

    •  Popego ya mmele

    •  Moriri

    •  Mmala wa letlalo

    •  Bogolo jwa dipotongwane

    •  Tse dingwe

  3.   Feleletsa polelo e e latelang.

     Mmele wa me o dira gore ke itseele kwa tlase, segolobogolo . . .

    •  fa ke palama sekale.

    •  fa ke iteba mo seiponeng.

    •  fa ke ipapisa le ba bangwe (ditsala, dimotlelara, batho ba ba tumileng ba difilimi).

  4.   Feleletsa polelo e e latelang.

     Ke ikala . . .

    •  letsatsi le letsatsi.

    •  beke le beke.

    •  sewelo.

  5.   Ke seele sefe se se tlhalosang sentle kafa o ikutlwang ka teng?

    •  Ga o rate tsela e mmele wa gago o lebegang ka yone. (Sekai: “Nako le nako fa ke iteba mo seiponeng ke bona e kete ke mokima mo go feteletseng e bile ke na le mmele o o maswe thata. Ke ile ka ba ka itima dijo ke leka go fokotsa mmele.”​—Serena.)

    •  O leba mmele wa gago ka tsela e e tshwanetseng. (Sekai: “Go tla nna go na le selo se o sa se rateng ka tsela e o lebegang ka yone, mme dilo tse dingwe re tshwanetse go di amogela fela. Ke boeleele go tshwenyega ka sengwe se re ka se kgoneng go se fetola.”​—Natanya.)

 Baebele ya re re se ka ra ikgopola thata “go feta kafa go tlhokegang go ikgopola ka gone.” (Baroma 12:3) Ka jalo, go siame—e bile go a tlhokega—go amega ka mmele wa gago ka selekanyo se se tshwanetseng. Ka sekai, ke gone ka moo o tlhapang meno e bile o tsayang matsapa a gore o nne o le phepa.

 Mme go tweng fa kgapetsakgapetsa o ikutlwa o sa itumelele tebego ya mmele wa gago—gongwe mo o feleletsang o tshwenyega thata ka one? Fa go ntse jalo, o ka ipotsa jaana . . .

 ‘Ke eng fa ke sa rate tsela e ke lebegang ka yone?’

 Go ka tswa go na le mabaka a le mmalwa. Mangwe a one ke ano:

  •  Tlhotlheletso ya metswedi ya tshedimosetso. “Ka metlha rona basha re bona ditshwantsho tse di dirang gore re akanye gore re tshwanetse go nna basesane thata le go nna bantle ka dinako tsotlhe. Ka ntlha ya seo, fa re sa nna jalo, re ikutlwa re sa ratege!”​—Kellie.

  •  Tlhotlheletso ya batsadi. “Ke lemogile gore fa mmè a tshwenyegile thata ka tebego ya mmele wa gagwe, gantsi morwadie le ene o tshwenyega jalo ka mmele wa gagwe. Go ka nna fela jalo ka borre le barwaabone.”​—Rita.

  •  Go itseela kwa tlase. “Batho ba ba tshwenyegileng thata ka tebego ya mebele ya bone, ka metlha ba batla gore batho ba ba akgolele tsela e ba lebegang ka yone. Go a lapisa go nna mo gare ga batho ba ba ntseng jalo!”​—Jeanne.

 Le fa e ka tswa e le eng se se dirang gore o ikutlwe jalo, o ka tswa o ipotsa jaana . . .

 ‘A ke tshwanetse go fetola tsela e ke lebegang ka yone?’

 Ela tlhoko se bangwe ba balekane ba gago ba se bolelang.

 “Ga se ka metlha o ka kgonang go fetola dilo tse o sa di rateng mo go wena, ka jalo go molemo go di amogela. Fa o dira jalo, ga se gantsi batho ba bangwe ba ka di lemogang.”​—Rori.

 “Dira se o ka se kgonang gore o nne o na le botsogo jo bontle. Fa o na le botsogo jo bontle, o tla lebega ka tsela e o tshwanetseng go lebega ka yone. Mme fa motho yo mongwe a sa kgone go amogela tsela e o leng ka yone (e seng e o lebegang ka yone), motho yoo ga se tsala ya gago.”​—Olivia.

 Sa botlhokwa: Dira sotlhe se o ka se kgonang gore o lebege sentle. Mme o se ka wa tshwenyega ka tse dingwe. Go tshwenyega mo go feteletseng ka gore o lebega jang go ka nna kotsi. (Bona “ Kgang ya ga Julia.”)

 Ka fa letlhakoreng le lengwe, go nna le boikutlo jo bo siameng go tla go thusa go iteba ka tsela e e tshwanetseng, jaaka lekgarebe lengwe le le bidiwang Erin le ne la lemoga. La re: “Ee gone, go na le dilo tse ke sa di rateng ka tebego ya me, mme ke lemoga gore ke hutsafala fela fa ke tlhoma mogopolo mo dilong tse di phoso. Jaanong se ke se dirang fela ke go itshidila mmele ka metlha le go ja sentle. Tse dingwe tsotlhe di a siama.”

 Sengwe se se molemolemo se o ka se tokafatsang!

 Fa o leba mmele wa gago ka tsela e e tshwanetseng, o tla ikutlwa (e bile o tla lebega) o le montle. Baebele e ka go thusa. E go kgothaletsa go lwela go nna le dilo tse di latelang:

  •  Go kgotsofala. “Go botoka go itumelela se re nang le sone go na le go batla sengwe se sele, ka gonne seo ga se na tlhaloganyo fela jaaka go lelekisa phefo.”​—Moreri 6:9, Contemporary English Version.

  •  Go itshidila mmele ka tsela e e tekatekano. “Go thapisa mmele go tswela mosola go le gonnye.”—1 Timotheo 4:8.

  •  Bontle jwa ka fa gare. “Motho . . . o bona se se bonalang mo matlhong; mme Jehofa ene, o bona se pelo e leng sone.”​—1 Samuele 16:7.

 “Sefatlhego sa rona se bontsha gore re ikutlwa jang ka tsela e re lebegang ka yone. Fa motho a kgotsofetse, batho ba bangwe ba kgona go bona seo mme se ka dira gore ba mo kgatlhegele.”​—Sarah.

 “Batho ba ka nna bonako go lemoga motho yo montle. Mme botho jwa gago le dinonofo tsa gago tse di molemo ke tsone tse batho ba tla di gopolang thata.”​—Phylicia.

 Bona le Diane 11:22; Bakolosa 3:10, 12; 1 Petere 3:3, 4.