Bakorintha wa Bobedi 3:1-18

  • Makwalo a a re buelelang (1-3)

  • Batlhanka ba kgolagano e ntšha (4-6)

  • Kgalalelo e kgolo ya kgolagano e ntšha (7-18)

3  A go a tlhokega gore re itshupe gore re bomang? Kgotsa a jaaka batho ba bangwe, re tlhoka go lo naya makwalo a a re buelelang? Kgotsa a ke lona lo tshwanetseng go re naya makwalo ao?  Lona ka bolona lo lekwalo la rona,+ le le kwadilweng mo dipelong tsa rona mme le itsiwe ke batho botlhe e bile ba a le bala.  Gonne go a bonala gore lo lekwalo la ga Keresete le le kwadilweng ke rona batlhanka ba Modimo,+ le kwadilwe ka moya wa Modimo yo o tshelang, e seng mo majeng,+ mme mo dipelong.*+  Modimo o dirile gore re tlhatswege pelo ka seno a dirisa Keresete.  Ga re reye gore re ka kgona go dira tiro eno ka borona, mme Modimo ke ene yo o re thusang go e dira.+  Ke ene yo o re thusang gore re kgone go dira tiro ya batlhanka ba kgolagano e ntšha+ le ba moya o o boitshepo, e seng batlhanka ba Molao;+ ka gonne Molao o atlholela loso,+ mme moya wa Modimo o a tshedisa.+  Jaanong, fa e le gore Molao o o atlholelang loso le o o neng o kwadilwe mo majeng+ o ne wa nna gone ka kgalalelo ya Modimo, mo e leng gore Baiseraele ba ne ba sa kgone go leba sefatlhego sa ga Moshe ka ntlha ya kgalalelo e e neng e le mo sefatlhegong sa gagwe,+ kgalalelo e e neng e tshwanetse go fedisiwa,  a moya o o abiwang+ ga o a tshwanela go nna le kgalalelo e kgolo le go feta?+  Gonne fa Molao o o atlholang+ o ne o galalela,+ go raya gore tiro e e bolelang batho ba siame e tla galalela le go feta!+ 10  Tota e bile, le se se neng se galalela ga se sa tlhole se galalela ka gonne kgalalelo e e tlang morago ga sone e kgolo go se feta.+ 11  Gonne fa e le gore se se neng se tshwanetse go fedisiwa se ne se galalela,+ se se salang se tla galalela le go feta!+ 12  Jaanong e re ka re na le tsholofelo eno,+ re bua re gololesegile, 13  mme ga re dire jaaka Moshe a ne a dira fa a baya lesire mo sefatlhegong sa gagwe,+ gore Baiseraele ba se ka ba bona se se neng se tla direga ka se se tshwanetseng go fedisiwa. 14  Mme megopolo ya bone e ne e sa kgone go tlhaloganya.+ Gonne go fitlha mo go lone letsatsi leno, lesire leo le sa ntse le sirile megopolo ya bone fa go balwa kgolagano e kgologolo,+ ka gonne le ntshiwa fela ka Keresete.+ 15  Tota le gompieno fa go balwa se Moshe a se kwadileng,+ dipelo tsa bone di sa ntse di siregile.+ 16  Mme fa motho a leba kwa go Jehofa,* lesire leo le a tloga.+ 17  Jaanong Jehofa* ke Moya,+ mme kwa moya wa ga Jehofa* o leng gone, go na le kgololesego.+ 18  Mme rona rotlhe, ba re tlositseng lesire mo difatlhegong tsa rona, re tshwana le diipone tse di bonatsang kgalalelo ya ga Jehofa.* Re dirilwe gore re nne jaaka Modimo le gore re bontshe kgalalelo ya Modimo le go feta, fela jaaka Jehofa* yo e leng Moya, a batla.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seger., “mme mo dikwalelong tsa senama, mo dipelong.”