Duteronome 22:1-30

  • Go tlotla diphologolo tsa moagelani (1-4)

  • Go apara diaparo tsa ba bong bo sele (5)

  • Go tlhomogela diphologolo pelo (6, 7)

  • Lobotana mo borulelong (8)

  • Dilo tse di sa tshwanelang go kopanngwa (9-11)

  • Makgabe mo diaparong (12)

  • Melao e e malebana le melato ya tlhakanelodikobo (13-30)

22  “Fa o bona poo kgotsa nku ya ga morwarrago e timela, o se ka wa e tlhokomologa ka boomo.+ O tshwanetse go e busetsa kwa go morwarrago.  Mme fa morwarrago a sa nne gaufi le wena kgotsa o sa mo itse, o tlise phologolo eo mo ntlong ya gago, mme e tla tswelela e nna le wena go fitlha morwarrago a e batla. Foo, o e busetse kwa go ene.+  Seo ke se o tla se dirang ka tonki ya gagwe, ka diaparo tsa gagwe le ka sepe fela sa ga morwarrago se se latlhegileng mme o se bone. Ga o a tshwanela go se tlhokomologa.  “Fa o bona tonki kgotsa poo ya ga morwarrago e wela fa fatshe mo tseleng, ga o a tshwanela go e tlhokomologa ka boomo. O tshwanetse go mo thusa go tsosa phologolo eo.+  “Mosadi ga a tshwanela go apara diaparo tsa monna e bile monna a se ka a apara diaparo tsa mosadi. Gonne ope fela yo o dirang jalo o makgapha mo go Jehofa, Modimo wa gago.  “Fa o bona sentlhaga sa nonyane mo tseleng se na le mamphorwana kgotsa mae, e ka tswa e le mo setlhareng kgotsa fa fatshe, mme mmaaone a ntse mo godimo ga mamphorwana kgotsa mae, ga o a tshwanela go tsaya mmaaone mmogo le mamphorwana.+  O tlogele mmaaone a tsamaye, mme o ka nna wa itseela mamphorwana. O dire seno gore dilo di go tsamaele sentle le gore o tshele lobaka lo loleele.  “Fa o aga ntlo e ntšha, gape o direle borulelo jwa gago+ lobotana go bo dikologa, gore o se ka wa tlisetsa ntlo ya gago molato wa madi ka gonne mongwe a ka nna a wa mo go yone.  “Ga o a tshwanela go jala tshimo ya gago ya morara* ka peo ya mefuta e mebedi.+ Go seng jalo, sengwe le sengwe se se ungwang go tswa mo peong e o e jalang mmogo le thobo ya tshimo eo e tla nna sa lefelo le le boitshepo. 10  “Ga o a tshwanela go lema ka poo le tonki di golegilwe mmogo.+ 11  “Ga o a tshwanela go apara seaparo se se dirilweng ka wulu e tlhakantswe le tlhale.+ 12  “O dire makgabe mo dintlheng tse nnê tsa diaparo tse o di aparang.+ 13  “Fa monna a nyala mosadi a bo a tlhakanela dikobo le ene go tswa foo a bo a mo tlhoa* 14  e bile a mo latofatsa a re o dirile boitsholo jo bo maswe a bo a mo senya leina ka go bua a re: ‘Ke nyetse mosadi yono, mme fa ke ne ke tlhakanela dikobo le ene ga ke a ka ka bona bosupi jwa gore e ne e le kgarebane,’ 15  rraagwe mosetsana le mmaagwe ba ise bosupi jwa bokgarebane jwa mosetsana yono kwa bagolwaneng kwa kgorong ya motse. 16  Rraagwe mosetsana o tshwanetse go raya bagolwane a re, ‘Ke ne ka naya monna yono morwadiake gore e nne mosadi wa gagwe, mme jaanong o mo tlhoile* 17  e bile o a mo latofatsa a re o dirile boitsholo jo bo maswe, a re: “Ke lemogile gore morwadio ga a na bosupi jwa bokgarebane.” Jaanong jono ke bosupi jwa bokgarebane jwa ga morwadiake.’ Go tswa foo, ba tla phuthololela letsela fa pele ga bagolwane ba motse. 18  Bagolwane ba motse+ ba tla tsaya monna yoo ba bo ba mo otlhaya.+ 19  Ba tla mo duedisa dishekele* tsa selefera di le 100 ba bo ba di naya rraagwe mosetsana, ka gonne monna yoo o tlontlolotse kgarebane ya Iseraele,+ mme o tla tswelela e le mosadi wa gagwe. Ga a kitla a letlelelwa go mo tlhala fa fela a sa ntse a tshela. 20  “Mme gone, fa tatofatso eo e le boammaaruri e bile go se na bosupi jwa gore mosetsana yoo e ne e le kgarebane, 21  ba ntshetse mosetsana kwa ntle kwa kgorong ya ntlo ya ga rraagwe, mme banna ba motse ba mo kgobotletse ka maje gore a bo a swe, ka gonne o dirile tiro ya matlhabisaditlhong+ mo Iseraele ka go dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo* mo ntlong ya ga rraagwe.+ Ka jalo, o tshwanetse go tlosa se se bosula mo go wena.+ 22  “Fa monna a fitlhelwa a tlhakanela dikobo le mosadi wa monna yo mongwe, boobabedi ba tshwanetse go swa, monna yoo yo o tlhakanetseng dikobo le mosadi, mmogo le mosadi yoo.+ Ka jalo, o tshwanetse go tlosa se se bosula mo Iseraele. 23  “Fa kgarebane e beeleditswe ke monna, mme monna yo mongwe a bo a kopana le yone mo motseng a bo a tlhakanela dikobo le yone, 24  boobabedi lo ba ntshetse kwa ntle kwa kgorong ya motse oo mme lo ba kgobotletse ka maje gore ba bo ba swe, mosetsana ka gonne o ne a se ka a goa mo motseng le monna ka gonne o tlontlolotse mosadi wa motho yo mongwe.+ Ka jalo, o tshwanetse go tlosa se se bosula mo go wena. 25  “Le fa go ntse jalo, fa go direga gore monna mongwe a kopane le mosetsana yo o beeleditsweng a le mo nageng, mme monna yoo a bo a mo fekeetsa a bo a tlhakanela dikobo le ene, monna yo o tlhakanetseng dikobo le ene a swe a le nosi, 26  mme ga o a tshwanela go dira mosetsana sepe. Mosetsana yoo ga a dira boleo jo bo tshwanelang loso. Kgang eno e tshwana fela le fa motho a tlhasela motho yo mongwe a bo a mmolaya.+ 27  Gonne go ne ga direga gore a kopane le ene mo nageng, mme mosetsana yo o beeleditsweng o ne a goa, mme go ne go se na ope yo o ka mo namolang. 28  “Fa monna mongwe a kopana le mosetsana wa kgarebane yo o iseng a beelediwe a bo a mo tshwara a tlhakanela dikobo le ene, mme ba bo ba lemogiwa,+ 29  monna yo o tlhakanetseng dikobo le ene o tshwanetse go naya rraagwe mosetsana dishekele tsa selefera di le 50, mme mosetsana yono e tla nna mosadi wa gagwe.+ E re ka a mo tlontlolotse, ga a kitla a letlelelwa go mo tlhala fa fela a sa ntse a tshela. 30  “Go se nne le monna ope yo o tsayang mosadi wa ga rraagwe, gore a se ka a tlontlolola rraagwe.*+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Kgotsa “go tswa foo a bo a sa tlhole a mo rata.”
Kgotsa “jaanong ga a tlhole a mo rata.”
Shekele e lekana le 11,4 g. Bona Dintlha B14.
Kgotsa “ka go gweba ka mmele.”
Seheb., “a se ka a bipolola seaparo sa ga rraagwe.”