Efangele ya ga Luke 3:1-38

  • Johane o simolola tiro ya gagwe (1, 2)

  • Johane o rerela batho gore ba kolobediwe (3-20)

  • Jesu o a kolobediwa (21, 22)

  • Tatelano ya losika lwa ga Jesu (23-38)

3  Mo ngwageng wa bo15 wa puso ya ga Tiberio Kaesara, fa Ponto Pilato e ne e le molaodi wa Judea, Herode*+ e le mmusi wa kgaolo ya Galalea, mogolowe e bong Filipo e le mmusi wa kgaolo ya Iturea le Terakoniti, mme Lisaniase e le mmusi wa kgaolo ya Abilene,  mo motlheng wa ga moperesiti yo mogolo Anase le Kaiafase,+ Johane+ morwa Sekarea o ne a amogela molaetsa o o tswang kwa Modimong a le kwa nageng.+  Ka jalo, o ne a ya kwa mafelong otlhe a a dikologileng Joredane, a rerela batho gore ba kolobediwe e le go bontsha gore ba ikwatlhaetse maleo a bone gore Modimo a tle a ba itshwarele,+  fela jaaka go kwadilwe mo bukeng ya ga moporofeti Isaia go twe: “Mongwe o goa a le kwa nageng a re: ‘Baakanyang tsela ya ga Jehofa!* Tlhamalatsang ditsela tsa gagwe.+  Mokgatšha mongwe le mongwe o tshwanetse go katelwa, le thaba nngwe le nngwe le thota nngwe le nngwe di tshwanetse go isiwa kwa tlase; ditsela tse di sa tlhamalalang di tshwanetse go tlhamaladiwa le ditsela tse di magwata di tshwanetse go nna borethe;  e bile batho botlhe* ba tla bona tsela e Modimo a tla tlisang poloko ka yone.’”*+  Ka jalo, o ne a raya batho ba bantsintsi ba ba neng ba tla kwa go ene gore a ba kolobetse a re: “Lona bana ba dinoga tse di botlhole, ke mang yo o lo tlhagisitseng gore lo tshabe bogale jwa Modimo jo bo tlang?+  Ka jalo, ungwang maungo a a bontshang gore lo a ikwatlhaya. Lo se ka lwa ithaya lwa re, ‘Rraarona ke Aborahame.’ Gonne ke a lo bolelela, Modimo a ka kgona go direla Aborahame bana ka maje ano.  Eleruri, selepe se setse se le mo meding ya ditlhare. Foo setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng maungo a a molemo se tla remiwa se bo se latlhelwa mo molelong.”+ 10  Batho bao ba ne ba mmotsa ba re: “Jaanong re tshwanetse go dira eng?” 11  O ne a ba raya a re: “A motho yo o nang le diaparo tse pedi* a abele yo o se nang sepe, mme a yo o nang le dijo a dire se se tshwanang.”+ 12  Tota le bakgethisi ba ne ba tla kwa go ene gore a ba kolobetse,+ mme ba ne ba mo raya ba re: “Morutisi, re tshwanetse go dira eng?” 13  O ne a ba raya a re: “Lo se ka lwa pateletsa batho go ntsha madi a a fetang selekanyo se se beilweng sa lekgetho.”+ 14  Masole le one a ne a mmotsa a re: “Rona re tshwanetse go dira eng?” Mme o ne a ba raya a re: “Lo se ka lwa kgerisa ope* kgotsa lwa latofatsa ope ka maaka,+ mme kgotsofalelang dilo tse lo tlamelwang ka tsone.”* 15  Jaanong batho ba ne ba letile e bile botlhe ba ne ba ipotsa gore a Johane e ka tswa e le Keresete.+ 16  Johane o ne a ba raya a re: “Nna ke lo kolobetsa ka metsi, mme mongwe yo o nonofileng go mpheta o etla, yo ke sa tshwanelegeng go bofolola dikgole* tsa ditlhako* tsa gagwe.+ O tla lo kolobetsa ka moya o o boitshepo le ka molelo.+ 17  O tshotse garawe ya gagwe e e olosang gore a phepafatse seboana sa gagwe ka botlalo le gore a phuthele korong mo mabolokelong a gagwe, mme mmoko one o tla o ja ka molelo o o ka se kang wa timiwa.” 18  Gape o ne a ba kgothatsa ka ditsela tse dintsi tse di farologaneng a bo a tswelela a bolelela batho dikgang tse di molemo. 19  E re ka Johane a ne a kgalemetse mmusi wa kgaolo e bong Herode ka dilo tsotlhe tse di bosula tse a neng a di dirile le ka ga Herodiase mosadi wa ga mogolowe, 20  Herode o ne a dira molato o mongwe gape: O ne a tswalela Johane mo kgolegelong.+ 21  Jaanong e rile batho botlhe ba kolobediwa, Jesu le ene o ne a kolobediwa.+ Fa a ntse a rapela, legodimo le ne la bulega,+ 22  mme moya o o boitshepo o bopegile jaaka lephoi, o ne wa fologela mo go ene, mme lentswe le ne la tswa kwa legodimong le re: “O Morwaake yo o rategang; ke go amogetse.”+ 23  Fa Jesu+ a simolola tiro ya gagwe, o ne a na le dingwaga di ka nna 30,+ mme jaaka batho ba le bantsi ba ne ba dumela,e ne e le morwa Josefa,+morwa Heli, 24  morwa Mathate,morwa Lefi,morwa Meleki,morwa Janai,morwa Josefa, 25  morwa Matathiase,morwa Amose,morwa Nahume,morwa Eseli,morwa Nagai, 26  morwa Maathe,morwa Matathiase,morwa Semeine,morwa Joseke,morwa Joda, 27  morwa Joanane,morwa Resa,morwa Serubabele,+morwa Shealatiele,+morwa Neri, 28  morwa Meleki,morwa Adi,morwa Kosama,morwa Elemadame,morwa Ere, 29  morwa Jesu,morwa Eliesere,morwa Jorime,morwa Mathate,morwa Lefi, 30  morwa Semeone,morwa Judase,morwa Josefa,morwa Joname,morwa Eliakime, 31  morwa Melea,morwa Menane,morwa Matatha,morwa Nathane,+morwa Dafide,+ 32  morwa Jese,+morwa Obede,+morwa Boase,+morwa Salamone,+morwa Nashone,+ 33  morwa Aminadabe,morwa Arani,morwa Heserone,morwa Perese,+morwa Juda,+ 34  morwa Jakobe,+morwa Isake,+morwa Aborahame,+morwa Tera,+morwa Nahore,+ 35  morwa Seruge,+morwa Reu,+morwa Pelege,+morwa Ebere,+morwa Shela,+ 36  morwa Kainane,morwa Arepakeshade,+morwa Sheme,+morwa Noa,+morwa Lameke,+ 37  morwa Methusela,+morwa Enoke,morwa Jarede,+morwa Mahalaleele,+morwa Kainane,+ 38  morwa Enoshe,+morwa Sethe,+morwa Adame,+morwa Modimo.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Go tewa Herode Antipase. Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seger., “nama yotlhe.”
Kgotsa “e Modimo a tla e dirisang go boloka.”
Kgotsa “seaparo se sengwe.”
Kgotsa “lwa tseela ope ka dikgoka.”
Kgotsa “dituelo tsa lona.”
Kgotsa “megala.”
Seger., “bompaatšhane.”