A Tota re Siametse Lenyalo?
Kgaolo 30
A Tota re Siametse Lenyalo?
O bone mongwe yo o batlang go nyalana le ene, mme o tlhomamisegile gore o a mo rata ka gonne lo setse lo na le lobaka lo loleele lo intsha mmogo. O setse o utlwa fela megolokwane ya letsatsi la lenyalo. A go ntse jalo? Fa o ntse o akanya ka go tsaya kgato eno e e masisi mo botshelong jwa gago, o simolola go ipotsa gore . . .
A tota re siametse lenyalo?
GO TLWAELEGILE go nna le dipelaelo ka lenyalo—tota le fa wena le motho yo o batlang go nyalana le ene lo ratana. E re ka manyalo a a sa itumelang a ntse a ata, le dipalo tsa ditlhalo di ntse di gola, go a utlwala go
bo o batla go nna kelotlhoko fa o ntse o akanyetsa go tsaya kgato eno e e tla fetolang botshelo jwa gago. O ka itse jang gore o setse o siametse go tsaya kgato eo? Gone jaanong ga se nako ya go ijesa dijo tsa ditoro ka lenyalo mme ke nako ya gore o lebe dilo jaaka di ntse. Ka sekai:DIJO TSA DITORO 1 “Fa fela re ratana re tla kgona go tshela.”
Boammaaruri: Lorato ga lo ka ke lwa duela dikoloto kgotsa lwa go thusa fa o na le mathata a madi. Tota e bile, babatlisisi ba lemogile gore madi ke one selo se segolo se se bakang dikgotlhang tse di felelang ka tlhalo mo manyalong. Go se lebe madi ka tsela e e tshwanetseng go ka go utlwisa botlhoko mo semoyeng le mo maikutlong e bile go ka senya kamano ya gago le molekane wa gago. (1 Timotheo 6:9, 10) O ithuta eng mo go seno? O se ka wa leta go fitlha morago ga lenyalo e bo e le gone lo buisanang ka go dirisa madi!
Baebele ya re: “Ke mang wa lona yo o batlang go aga tora a sa nneng fa fatshe pele a bo a bala ditshenyegelo?”—Luke 14:28.
Kakantsho: Buisana gone jaanong le motho yo o tlileng go nyalana le ene ka ditsela tse o ikaeletseng go dirisa madi ka tsone mo isagweng—pele ga lo nyalana. (Diane 13:10) Ipotse dipotso tse di jaaka tseno: Re tla kgaoganya jang madi a rona a lotseno? A re tla dirisa akhaonto e le nngwe ya banka kgotsa mongwe le mongwe o tla nna le ya gagwe? Ke molekane ofe yo o tla bolokang direkoto tsa madi le go tlhomamisa gore dikoloto di a duelwa? * Ke madi a a kana kang a mongwe wa rona a ka a dirisang go reka sengwe le fa a sa bolelela yo mongwe? Eno ke yone nako ya gore lo simolole go dirisana mmogo!—Moreri 4:9, 10.
DIJO TSA DITORO 2 “Re tla nna banyalani ba ba tshwanelanang tota ka gonne re dumalana ka sengwe le sengwe—ga go ke go direga gore re se ka ra dumalana!”
Boammaaruri: Fa e le gore lo nna lo dumalana ka sengwe le sengwe fela, gongwe ke ka gonne lo ntse lo le kelotlhoko gore lo tile dikgang tse di ka tsosang kgotlhang. Mme fa lo setse lo nyalane, lo tshwanetse go rarabolola dikgang tsa go nna jalo! Boammaaruri ke gore ga go na batho ba babedi ba ba sa itekanelang ba ba Baroma 3:23; Jakobe 3:2) Ga o a tshwanela go tlhoma mogopolo fela mo goreng gantsi lo a dumalana mme gape o tshwanetse go lemoga gore ke eng se se diragalang fa lo sa dumalane. Sebofo se se nonofileng se dirwa ke batho ba babedi ba ba kgonang go bua ba gololesegile fa ba sa dumalane, mme ba bo ba rarabolola bothata ka kagiso le ka tsela e e bontshang gore ba godile.
tshwanelanang kgo, ka jalo ka dinako dingwe go tla direga gore lo se ka lwa dumalana ka dilo dingwe. (Baebele ya re: “O se ka wa ya go robala o galefile.”—Baefeso 4:26, Contemporary English Version.
Kakantsho: Ipotse gore go tla go fitlha mo nakong eno, o ntse o itshwara jang fa o na le kgotlhang le batsadi ba gago le bana ba gaeno. Dira tšhate e e tshwanang le e e mo tsebe 93 ya buka eno kgotsa e e mo tsebe 221 ya Bolumo 2. Ela tlhoko ditiragalo tse di ileng tsa baka kgotlhang, kafa o ileng wa tsiboga ka teng le gore ke tsela efe e e botoka e o ka bong o ile wa itshwara ka yone. Ka sekai, fa e le gore o tlwaetse gore fa o galefile o bontshe seo ka go ngala o bo o tsena mo kamoreng o itaaganya lebati, kwala tsela e e molemo e o ka tsibogang ka yone—e leng tsela e e tla thusang go rarabolola bothata go na le go bo gakatsa. Fa o ka ithuta gone jaanong gore o itshware ka tsela e e siameng fa go na le bothata, o tla nna le bokgoni jo bo tlhokegang thata go aga lenyalo le le itumetseng.
DIJO TSA DITORO 3 “Fa ke setse ke le mo lenyalong, keletso ya me ya tlhakanelodikobo e tla kgotsofadiwa.”
Boammaaruri: Fa o le mo lenyalong ga go reye gore o tla tlhakanela dikobo nako nngwe le nngwe fela fa o batla. Se lebale gore 1 Bakorintha 10:24) Tota e bile, boikgapo bo tlhokega gotlhe, mo go ba ba seng mo lenyalong le mo go ba ba leng mo go lone.—Bagalatia 5:22, 23.
molekane wa gago le ene ke motho yo o nang le maikutlo a a tshwanetseng go akanyediwa. Boammaaruri ke gore ka dinako tse dingwe, go ka direga fela gore molekane wa gago a ikutlwe a sa eletse go tlhakanela dikobo. Lenyalo ga le go neye tshwanelo ya gore o pateletse gore keletso ya gago e kgotsofadiwe. (Baebele ya re: “Mongwe le mongwe wa lona a itse kafa a ka tsholang sejana sa gagwe ka gone se le boitshepo e bile se tlotlega, e seng mo go eletseng tlhakanelodikobo ka bopelotshetlha.”—1 Bathesalonika 4:4, 5.
Kakantsho: Sekaseka ka kelotlhoko keletso ya gago ya tlhakanelodikobo le mekgwa mengwe e e amanang le yone mme o akanye kafa dilo tseno di ka amang lenyalo la gago ka gone mo isagweng. Ka sekai, a o fetogile lekgoba la go ikgotsofatsa ka go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo? A o tlwaetse go lebelela ditshwantsho tse di hepisang? A o matlhomantsi, o leba batho ba bong bo sele mo sephiring ka tsela e e bontshang gore o eletsa go tlhakanela dikobo le bone? Ipotse, ‘Fa e le gore ke na le bothata jwa go laola keletso ya me ya tlhakanelodikobo pele ga ke tsena mo lenyalong, a ke tla kgona fa ke setse ke le mo lenyalong?’ (Mathaio 5:27, 28) Kgang nngwe e e tlhokang go akanyediwa ke eno: A o na le mokgwa wa go tshameka ka maikutlo a batho a lorato mo o setseng o bidiwa rabasadi? Fa go ntse jalo, o ikemiseditse go dira eng gore o fokotse mokgwa oo morago ga lenyalo, nako e ka yone o tla bong o tlhomile maikutlo a gago mo mothong a le mongwe fela—molekane wa gago?—Diane 5:15-17.
DIJO TSA DITORO 4 “Lenyalo le tla dira gore ke itumele.”
Boammaaruri: Motho yo o sa itumelang yo o seng mo lenyalong, o tla nna a sa itumela le fa a setse a le mo lenyalong. Ka ntlha yang? Ka gonne boitumelo bo ikaegile thata ka tsela e motho a lebang dilo ka yone e seng ka maemo a a leng mo Diane 15:15) Batho ba ba sa lebeng sentle maemo a a ba tlhagelang mo botshelong, gantsi ba tlhoma mogopolo mo go se se tlhaelang mo kamanong ya bone go na le go itumelela se ba nang le sone. Go botlhokwa thata go ithuta go leba dilo ka tsela e e tshwanetseng le go nna o itumetse, o ise o tsene mo lenyalong. Mme fa o setse o le mo lenyalong, o tla kgona go kgotsofala le go thusa molekane wa gago gore le ene a itumele.
go one. (Baebele ya re: “Go botoka go kgotsofalela se o nang le sone go na le gore ka metlha o nne o batla se sengwe gape.”—Moreri 6:9, Today’s English Version.
Kakantsho: Gantsi go nna le boikutlo jo bo sa siamang go bakiwa ke go lebelela dilo tse di ka se kang tsa direga. Mo pampiring e nngwe, kwala dilo di le pedi kgotsa di le tharo tse o di lebeletseng mo lenyalong. Di bale mme o ipotse jaana: ‘A dilo tse ke di lebeletseng ke go ijesa dijo tsa ditoro kgotsa ke selo se tota se tla diregang? A di
tlhotlheleditswe ke metswedi ya tshedimosetso, gongwe ke difilimi kgotsa dibuka tsa marato? A dilo tse ke di lebeletseng di remeletse mo go se lenyalo le tla ntsholegelang molemo ka sone—gongwe le tla fedisa bothata jo ke nang le jone jwa go jewa ke bodutu, go kgotsofatsa keletso ya me ya tlhakanelodikobo le go dira gore ditsala tsa me di ntlotle?’ Fa go ntse jalo, o tla tlhoka gore o tlogele go tlhola o akanya ka “nna” mme o akanye ka “rona.” Go go thusa go dira jalo, kwala dilo di le pedi kgotsa di le tharo tse o di lebeletseng mo lenyalong tse di amang wena le molekane wa gago wa mo isagweng.Go ijesa dijo tsa ditoro mo go tlhalositsweng fa godimo go ka ama boitumelo jwa gago mo lenyalong ka tsela e e sa siamang. Ka jalo, leka go tlosa dikakanyo tse di ntseng jalo mme o lwele go leba dilo ka tsela e e tshwanetseng. Kaedi ya dintlha e e mo tsebe 216 le 217 e ka thusa wena le molekane wa gago wa mo isagweng fa lo ntse lo lebile pele kwa go se e ka nnang lengwe la masego a magolo mo botshelong—lenyalo le le itumetseng!—Duteronome 24:5; Diane 5:18.
Go kgaogana le mongwe yo o ratanang le ene go ka ngomola pelo fela thata. O ka lebana jang le ditlamorago tsa seo?
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 9 “Mosadi yo o nang le bokgoni” yo go buiwang ka ene mo go Diane 31:10-28, o tlhalosiwa a na le maikarabelo a mantsi a a boima, a a akaretsang go tlhokomela madi mo lelapeng. Bona ditemana 13, 14, 16, 18, le 24.
DITEMANA TSA BOTLHOKWA
‘Monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe mme ba tla nna nama e le nngwe.’—Genesise 2:24.
KAKANTSHO
Tlotla le banyalani ba ba godileng mme o ba botse gore ke kgakololo efe e ba ka e nayang monna le mosadi ba ba sa tswang go nyalana e e ka dirang gore ba nne le lenyalo le le atlegileng.—Diane 27:17.
A O NE O ITSE GORE . . . ?
Mo lenyalong le le atlegileng monna le mosadi ba tshwarana jaaka ditsala, ba buisana sentle, ba itse go rarabolola mathata mme ba tsaya kamano ya bone e le kgolagano e e nnelang ruri.
SE KE SE IKAELETSENG!
Mokgwa o ke tshwanetseng go o baakanya gone jaanong gore ke kgone go tokafatsa kamano ya me le molekane wa me wa mo isagweng ke ․․․․․
Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․
O AKANYANG?
● Mo dinageng dingwe, manyalo a le mantsi a felela ka tlhalo. O akanya gore ke eng se se bakang seo?
● Ke dikotsi dife tse di ka nnang teng fa o tsena mo lenyalong fela ka gonne o batla go tshabela mathata a kwa lapeng?
● Ke eng fa go le botlhokwa gore o dirise melaometheo ya Baebele fa o sena go tsena mo lenyalong?
[Mafoko a a mo go tsebe 220]
“Go tsena mo lenyalong ke tshwetso e e masisi. Go botlhokwa gore o itse gore o tsena mo go eng mme gape o itse le motho yo o batlang go tsena mo lenyalong le ene.’’—Audra
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 216, 217]
Kaedi
A o Setse o Siametse go Tsena mo Lenyalong?
Akanya ka dipotso tse di mo ditsebeng tse pedi tse di latelang. O ka nna wa bo wa dirisa dintlha tseno fa o tlotla le molekane wa gago wa mo isagweng. Tlhomamisa gore o bala ditemana tse di umakilweng.
Dikgang Tse di Amanang le Madi
□ O leba madi ka tsela efe?—Bahebera 13:5, 6.
□ O bontsha ka ditsela dife gore o setse o itse go dirisa madi sentle?—Mathaio 6:19-21.
□ A o mo dikolotong? Fa go le jalo, o dira eng gore o kgone go duela sekoloto seo?—Diane 22:7.
□ Lenyalo la lona le tla ja bokae? Lo ikaeletse go adima madi a a kanakang gore lo kgone go duelela ditshenyegelo tsa lenyalo?—Luke 14:28.
□ Fa lo sena go nyalana, a go tla tlhokega gore loobabedi lo bereke? Fa go le jalo, lo tlile go dirisana jang fa e le gore dithulaganyo tsa lona le dipalangwa di a farologana?—Diane 15:22.
□ Wena le mogatso lo tla nna kae? Madi a rente, dijo, diaparo le ditshenyegelo tse dingwe e tla nna bokae mme lo tlile go di duelela jang?—Diane 24:27.
Dikgang Tsa Lelapa
□ A wena le batsadi ba gago le bana ba gaeno lo dirisana sentle?—Ekesodo 20:12; Baroma 12:18.
□ Gone jaanong o rarabolola jang mathata a lo nnang le one kwa lapeng?—Bakolosa 3:13.
□ Fa o le lekgarejana, o bontsha ka ditsela dife gore o na le “moya o o didimetseng le o o bonolo”?—1 Petere 3:4.
□ A lo ikaeletse go nna le bana? (Pesalema 127:3) Fa go sa nna jalo, lo tlile go dirisa mofuta ofe wa thibela pelegi?
□ Fa o le lekawana, o ikaeletse go dira eng go thusa lelapa la gago gore le nne le nonofile semoyeng?—Mathaio 5:3.
Botho Jwa Gago
□ O bontshitse ka ditsela dife gore o senatla? —Diane 6:9-11; 31:17, 19, 21, 22, 27.
□ O bontshitse jang gore o na le moya wa go thusa ba bangwe?—Bafilipi 2:4.
□ Fa o le lekawana, o bontsha ka ditsela dife gore o kgona go dirisa taolo ka tsela e Keresete a neng a dira ka yone?—Baefeso 5:25, 28, 29.
□ Fa o le lekgarejana, ke bosupi bofe jo bo bontshang gore o kgona go ikobela taolo?—Baefeso 5:22-24.
[Setshwantsho mo go tsebe 219]
O se ka wa itatlhela fela mo lenyalong o sa itse gore “metsi” a o tsenang mo go one a ntse jang