INDONESIA
Ofisi ya Lekala E e Mo Marung
Ka 2008, Indonesia e ne e na le baboledi ba le 21 699. Dikago tsa ofisi ya lekala di ne di tletse. Gape e re ka di ne di agilwe fa tiro e thibetswe, di ne di le kwa lefelong le le kgakala le Jakarta. Ruri go ne go bonala sentle gore go tlhokega ofisi ya lekala e e kgolwane e bile e le gaufi.
Setlhopha sa badiredi ba kago se ne sa dirisana mmogo le boradikonteraka ba mo lefelong leo go tlhabolola dikago tseo. Molebedi wa porojeke ya kago e bong Darren Berg a re: “Gangwe le gape Jehofa o ne a re inola mo ‘ganong la tau. Ka sekai, re ne re batla go tsenya sedirisiwa sa bosheng sa go phepafatsa metsi, mme balaodi ba puso ba ne ba gana ka gonne ba sa tlwaelana le thekenoloji eo. Mokaulengwe mongwe wa moenjenere o ne a isa kgang ya rona kwa modiredipusong yo o nang le maemo a a kwa godimo. Modiredipuso yono o ne a utlwa selelo sa rona a bo a tlhalosa fa a tshepa dikakantsho tsa mokaulengwe yoo.”
“Ga re tlhole re iphitlhile. Jaanong batho ba kgona go lemoga Basupi ba ga Jehofa. Ba a bona gore ga re ye gope”
Dikago tse disha tsa lekala di ne tsa neelwa ka February 14, 2015. Anthony Morris III wa Setlhopha se se Laolang o ne a baya puo ya go neela lekala. Vincent Witanto Ipikkusuma, leloko la Komiti ya Lekala a re: “Gone jaanong re mo lefelong la maemo a a kwa godimo fa gare ga dikgwebo tse di tlotlegang. Ga re tlhole re iphitlhile. Jaanong batho ba kgona go lemoga Basupi ba ga Jehofa. Ba a bona gore ga re ye gope!”
“Go Monate Tota go Rera Kwano!”
Bosheng jaana, Basupi ba le bantsi go tswa mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe ba ne ba fudugela kwa Indonesia. Lothar Mihank a re: “Ba ba tlileng tlhokegong ba thusa dinaga tse di tshwanang le ya rona fela thata. Ba thusa diphuthego ka maitemogelo a bone, matlhagatlhaga le tumelo ya bone e e nonofileng, gape ba dira gore re anaanele bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe.” Ke eng se se ba tlhotlheleditseng go fuduga? Mme dilo di ba tsamaetse jang? Utlwa gore ba reng.
Jason le Casey Gibbs go tswa kwa United States ba re: “Re ne ra bapisa palo ya baagi le ya baboledi mo kgatisong ya Buka ya Ngwaga, re bo re lemoga gore Indonesia ke nngwe ya dinaga tse di nang le palo e e kwa tlase thata ya baboledi. Gape ditsala dingwe tsa rona tse di neng di direla kwa go nang le tlhokego gone di ne tsa re bolelela gore thobo e kgolo kwa Indonesia. Ka jalo re ne ra leletsa lekala la Indonesia mme ra bolelelwa gore re ye Bali. E ne e le gone tshimo ya Seesemane e simololwang kwa Indonesia, ka jalo re ne re tla kgona go nna le seabe ka botlalo. Re ne re ipoleletse gore re tla nna ngwaga fela, mme re feleleditse re ntse dingwaga di le tharo. Bontsi jwa batho ba re ba rerelang ga ba ise ba ke ba utlwe sepe ka Basupi ba ga Jehofa. A bo bodiredi bo le monate jang ne!”
Stuart le Mandy Williams, banyalani ba segolwane ba ba tswang kwa Australia, ba re: “Re ne re batla go kopana le batho ba ba nyoretsweng boammaaruri, ka jalo ra swetsa ka go fudugela mo Indonesia. Kwa Malang, Java Botlhaba, re kopane le baithuti ba le bantsi ba yunibesithi ba ba buang Seesemane e bile ba reetsa dikgang tse di molemo ka tlhoafalo. Gape ba rata website ya jw.org! Go monate tota go rera kwano!”
Takahiro le Mari Akiyama, babulatsela kwa Yogyakarta, kwa setlhaketlhakeng sa Java, ba re: “Re ikutlwa re sireletsegile kwano go na le kwa gae kwa Japane. Batho ba kwano ba bonolo e bile ba na le botho. Bontsi jwa bone, segolobogolo basha, ba kgatlhegela go itse ka madumedi a mangwe. Nako nngwe re dirisa tafole ya go rera, re ne ra tsamaisa dimakasine di le 2 600 mo diureng di le tlhano fela.”
Dan le Janine Moore, banyalani ba ba mo dingwageng tsa bo50, ba re: “Fa re le mo bodireding, batho ba a re kokoanela. Fa re nyenya le bone ba a nyenya. Kgatlhego ya bone e e simololang e le potlana, e felela ka boitumelo jo bogolo fela thata. Fa re ba bontsha sengwe mo Baebeleng, ba bangwe ba botsa jaana, ‘A nka kwala dintlha tseo?’ Ba akabadiwa ke botlhale jo bo mo Baebeleng. Re na le ngwaga fela re le fano, mme re ikwatlhaela go bo e le gone re tlang. Re ne re batlana le lefelo le go iseng go rerwe mo go lone
Misja le Kristina Beerens, ba ba tlileng ka 2009 go tla go direla e le barongwa mme gone jaanong ba le mo tirong ya go etela diphuthego, ba re: “Tota tsela e batho ba tsibogelang molaetsa wa rona ka yone e a gakgamatsa, segolobogolo kwa setlhaketlhakeng sa Madura, Java Botlhaba, e leng karolo nngwe mo Indonesia e e nang le Bamoseleme ba bantsi ba ba nweleletseng mo tumelong. Batho ba emisa dikoloi tsa bone ba kopa dimakasine. Ba re: ‘Ke Momoseleme mme ke itumelela go bala dimakasine tsa lona. A nka tseela ditsala tsa me?’ Go rera kwano go monate tota!”
Masimo a Masweu go ka Rojwa
Ka 1931, fa Frank Rice a ne a goroga kwa Jakarta, Indonesia e ne e na le baagi ba le 60 000 000. Gompieno palo ya baagi e gomagomela 260 000 000, mme seno se dira gore Indonesia e nne naga ya bonè mo lefatsheng e e nang le baagi ba bantsi.
Fa palo ya baagi ba Indonesia e ntse e gola, palo ya Basupi ba ga Jehofa le yone e ne ya gola. Ka 1946, baboledi ba le lesome ba ba ikanyegang ba ne ba falola Ntwa ya Lefatshe II. Gompieno, go na le baboledi ba feta 26 000
Jesu o ne a re: “Ee, thobo e kgolo, mme badiri ba babotlana. Jalo, kopang Mong wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.” (Math. 9: