Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 22

Lebaka La go Bo re sa Tshwanela go Bua Maaka

Lebaka La go Bo re sa Tshwanela go Bua Maaka

A RE re mosetsana o raya mmaagwe a re: “Ee, ke tla tla gae ka bonako fela fa ke tswa sekolong.” Go tswa foo a bo a nna a tshameka le ditsala tsa gagwe mme fa a boa a bo a raya mmaagwe a re: “Morutabana wa me o ne a re ke sale fa sekolo se tswa.” A go tla bo go siame go bua jalo?—

Mosimane yo, o dirile eng se se phoso?

Kana gongwe mosimane o raya rraagwe a re: “Nnyaa, ga ke a ragela bolo mo ntlong.” Mme go tweng fa e le gore tota o dirile jalo? A go tla bo go le phoso gore a re ga a dira jalo?—

Morutisi yo Mogolo o re bontshitse se re tshwanetseng go se dira. O ne a re: “A lefoko la lona la Ee le reye Ee, Nnyaa wa lona, Nnyaa; gonne se se fetang seno se tswa kwa go yo o boikepo.” (Mathaio 5:37) Jesu o ne a raya eng fa a rialo?— O ne a raya gore re tshwanetse go dira se re se buang.

Go na le kgang nngwe mo Baebeleng e e bontshang kafa go leng botlhokwa ka teng go bua boammaaruri. Ke kgang ya batho ba babedi ba ba neng ba ipitsa barutwa ba ga Jesu. A re boneng gore go ne ga diragalang.

Mo e ka nnang dikgwedi tse pedi morago ga loso lwa ga Jesu, batho ba bantsi ba ba tswang kwa mafelong a a kgakala ba ne ba ya Jerusalema go ya moketeng wa botlhokwa wa Bajuda o o bidiwang Pentekosete. Moaposetoloi Petere o baya puo e e monate mme o bolelela batho ka Jesu, yo Jehofa a mo tsositseng mo baswing. Ke la ntlha bontsi jwa batho ba ba tlileng Jerusalema ba ithuta ka Jesu. Jaanong ba batla go itse mo gontsi. Ka jalo, ba dirang?

Ba nna lobaka lo lo fetang lo lo neng lo lebeletswe. Mme morago ga nakonyana, bangwe ba bone ba felelwa ke madi mme ba tlhoka thuso gore ba kgone go reka dijo. Barutwa kwa Jerusalema ba batla go thusa baeng bao. Bontsi jwa bone ba rekisa dilo tsa bone mme ba tlisa madi kwa baaposetoloing ba ga Jesu. Go tswa foo baaposetoloi ba naya batho ba ba tlhokang madi ao.

Ananiase le mosadi wa gagwe Safira, ba e leng maloko a phuthego ya Bokeresete kwa Jerusalema, ba rekisa tshimo ya bone. Ga go na ope yo o ba reileng a re ba e rekise. Ke bone ba itiretseng tshwetso ya go e rekisa. Mme ga ba e rekise ka gonne ba rata barutwa ba basha ba ga Jesu. Totatota, Ananiase le Safira ba batla go dira gore batho ba akanye gore ke batho ba ba botoka go feta kafa tota ba ntseng ka teng. Ka jalo ba fetsa ka gore ba bue gore ba ntsha madi otlhe go thusa ba bangwe. Ba tlile go ntsha fela mangwe a madi ao mme bone ba bua gore ba tlile go a ntsha otlhe. O akanyang ka seno?—

Ananiase o tla kwa baaposetoloing. O ba naya madi. Mme Modimo ene o a itse gore ga a ntsha madi otlhe. Modimo o dira gore moaposetoloi Petere a itse gore Ananiase ga a bue boammaaruri ka kgang eo.

Ananiase o aketsa Petere a reng?

Go tswa foo Petere a re: ‘Ananiase, ke eng fa o letla Satane a go dirisa seno? Tshimo e ne e le ya gago. O ne o sa tlhoke go e rekisa. Mme le fa o sena go e rekisa, go ne go ikaegile ka wena gore o tla dirang ka madi ao. Ke eng fa o dira e kete o ntsha madi otlhe mme gone o sa a ntshe otlhe? Ka go dira jalo ga o aketse rona fela, mme o aketsa le Modimo.’

Eno ke kgang e e masisi tota. Ananiase o bua maaka! Ga a dire se a reng o a se dira. O itira e kete o a se dira. Baebele e re bolelela se se diragalang morago ga moo. Ya re: ‘Fa Ananiase a sena go utlwa mafoko a ga Petere o wela fa fatshe mme o a swa.’ Modimo o dira gore Ananiase a swe! Morago ga moo, mmele wa gagwe o isiwa kwa ntle mme o a fitlhwa.

Ke eng se se diragalelang Ananiase ka go bo a buile maaka?

Mo e ka nnang diura di le tharo morago ga moo, Safira o a tsena. Ga a itse gore monna wa gagwe o diragaletswe ke eng. Ka jalo Petere o a mmotsa: ‘A lo rekisitse tshimo ka madi a lo a re neileng?’

Safira o a araba: ‘Ee, re rekisitse tshimo ka madi ao.’ Maaka! Ba ne ba ipeetse mangwe a madi a ba rekisitseng tshimo ka one. Ka jalo Modimo o ne a dira gore Safira le ene a swe.—Ditiro 5:1-11.

Re tshwanetse go ithuta eng mo go se se diragaletseng Ananiase le Safira?— Go re ruta gore Modimo ga a rate batho ba ba buang maaka. O batla gore ka metlha re bue boammaaruri. Mme batho ba bantsi ba re go bua maaka go siame. A o akanya gore batho bao ba bua sentle fa ba rialo?— A o ne o itse gore malwetse otlhe, botlhoko le loso di nnile teng mo lefatsheng ka ntlha ya go bua maaka?—

Jesu a re ke mang a buileng maaka a ntlha, mme go ne ga felela jang?

Gakologelwa gore Diabolo o ne a aketsa mosadi wa ntlha, Efa. O ne a mo raya a re a ka se swe fa a sa utlwe Modimo mme a je leungo le Modimo a neng a rile a se ka a le ja. Efa o ne a dumela se Diabolo a neng a se bua mme a ja leungo leo. O ne a dira gore le Adame a le je. Jaanong e ne e le baleofi, mme bana botlhe ba bone ba ne ba tla tsholwa e le baleofi. Bana ba ga Adame ba ne ba sotlega mme ba swa, ka gonne e ne e le baleofi. Mathata ano otlhe a simologile jang?— A simologile ka maaka.

Ke gone ka moo Jesu a rileng Diabolo ke “moaki le ramaaka”! Ke ene motho wa ntlha go bua maaka. Fa motho ope fela a bua maaka, o dira se Diabolo a se dirileng pele. Re tshwanetse go akanya ka seno fa re raelesega go bua maaka.—Johane 8:44.

Ke leng o raelesegang go bua maaka?— A ga se fa o dirile sengwe se se phoso?— O ka nna wa thuba sengwe o sa ikaelela. Fa o bodiwa ka gone, a o tshwanetse go re ke monnao kgotsa kgaitsadio a se thubileng? Kgotsa a o tshwanetse go itira e kete ga o itse sepe ka gone?—

Ke leng o ka raelesegang go bua maaka?

Go tweng fa e le gore o tshwanetse go dira tiro ya gago ya sekolo e e direlwang kwa gae, o bo o sa e dire yotlhe? A o tshwanetse go bua gore o e dirile yotlhe, le fa gone o sa e dira yotlhe?— Re tshwanetse go gakologelwa Ananiase le Safira. Ga ba a ka ba bua boammaaruri. Mme Modimo o ne a ba bontsha kafa seo se leng maswe ka gone ka go dira gore ba swe.

Go sa kgathalesege gore re dirang, re ka dira gore dilo di nne maswe le go feta fa re bua maaka, e bile ga re a tshwanela go sa bue boammaaruri jotlhe. Baebele ya re: ‘Bua boammaaruri.’ Gape ya re: “Lo se ka lwa akelana.” Jehofa o bua boammaaruri ka metlha, e bile o lebeletse gore le rona re dire jalo.—Baefeso 4:25; Bakolosa 3:9.

Re tshwanetse go bua boammaaruri ka metlha. Ke se go buiwang ka sone mo go Ekesodo 20:16; Diane 6:16-19; 12:19; 14:5; 16:6; le Bahebera 4:13.