Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 137

Bontsi Jwa Batho ba Bona Jesu Pele ga Pentekosete

Bontsi Jwa Batho ba Bona Jesu Pele ga Pentekosete

MATHAIO 28:16-20 LUKE 24:50-52 DITIRO 1:1-12; 2:1-4

  • JESU O IPONATSA MO BATHONG BA LE BANTSI

  • O TLHATLOGELA KWA LEGODIMONG

  • O TSHOLOLELA MOYA O O BOITSHEPO MO BARUTWENG BA LE 120

Fa Jesu a sena go tsosiwa mo baswing, o dira dithulaganyo tsa gore baaposetoloi ba gagwe ba ba 11 ba kopane le ene kwa thabeng nngwe kwa Galalea. Barutwa ba bangwe ba ka nna 500, le bone ba teng koo, mme kwa tshimologong bangwe ba bone ga ba dumele gore tota ke ene. (Mathaio 28:17; 1 Bakorintha 15:6) Mme se Jesu a se buang jaanong se ba tlhatswa pelo gore eleruri o a tshela.

Jesu o ba tlhalosetsa gore Modimo o mo neile taolo yotlhe kwa legodimong le mo lefatsheng. O ba rotloetsa jaana: “Ka jalo, yang kwa bathong ba ditšhaba tsotlhe mme lo ba dire barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba rute gore ba ikobele dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.” (Mathaio 28:18-20) Eleruri, Jesu o a tshela e bile o kgatlhegela gore dikgang tse di molemo di rerwe.

Balatedi botlhe ba ga Jesu, banna, basadi le bana ba amogela taelo eno ya go dira barutwa. Baganetsi ba nna ba ba kgoreletsa go rera le go ruta, le fa go ntse jalo Jesu o ba netefaletsa jaana: “Ke neilwe taolo yotlhe kwa legodimong le mo lefatsheng.” Seo se kaya eng mo barutweng ba gagwe? O ba raya a re: “Lo se ka lwa lebala gore ke na le lona malatsi otlhe go fitlha kwa bokhutlong jwa lefatshe leno.” Jesu ga a reye gore batho botlhe ba ba rerang dikgang tse di molemo ba tla kgona go dira dikgakgamatso. Mme gone, ba tla bo ba thusiwa ke moya o o boitshepo.

Fa Jesu a sena go tsosiwa mo baswing, o fetsa “malatsi a le 40” a ntse a iponatsa mo barutweng ba gagwe. O ikapesa mebele e e farologaneng ya nama a bo a “iponatsa mo go bone makgetlo a le mantsi, gore ba tle ba tlhatswege pelo gore eleruri o a tshela,” a bo a ba ruta “ka Bogosi Jwa Modimo.”—Ditiro 1:3; 1 Bakorintha 15:7.

Go bonala baaposetoloi ba sa ntse ba le mo Galalea fa Jesu a ba laela gore ba boele kwa Jerusalema. Fa a kopana le bone mo motseng o ba raya a re: “Lo se ka lwa tswa mo Jerusalema, mme tswelelang lo letetse se Rara a se solofeditseng, e leng se lo neng lwa se utlwa mo go nna; ka gonne Johane o ne a kolobetsa ka metsi, mme lona lo tla kolobediwa ka moya o o boitshepo mo malatsing a sekaenyana fela morago ga seno.”—Ditiro 1:4, 5.

Moragonyana, Jesu o kopana le baaposetoloi ba gagwe gape. O tsamaya “le bone go ya go fitlha kwa Bethani,” e e mo mokgokoloseng o o ka fa botlhaba jwa Thaba ya Lotlhware. (Luke 24:50) Go sa kgathalesege dilo tse Jesu a ba boleletseng tsone ka go tsamaya ga gagwe, ba sa ntse ba dumela gore ka tsela nngwe Bogosi jwa gagwe bo tla bo bo le mo lefatsheng.—Luke 22:16, 18, 30; Johane 14:2, 3.

Baaposetoloi ba mmotsa jaana: “Morena, a o busetsa bogosi mo Iseraele gone jaanong?” O ba raya a re: “Rara yo o kwa legodimong ke ene fela a nang le taolo ya go tlhoma nako ya gore dilo di tla direga leng, mme ga lo tlhoke go itse dinako tseo.” Go tswa foo, o gatelela gape tiro e ba tshwanetseng go e dira, a re: “Lo tla amogela maatla fa moya o o boitshepo o tla mo go lona, mme lo tla nna basupi ba me mo Jerusalema, mo Judea yotlhe le Samarea, le go ya kwa dikarolong tse di kwa kgakalakgakala tsa lefatshe.”—Ditiro 1:6-8.

Baaposetoloi ba na le Jesu mo Thabeng ya Lotlhware fa a simolola go tsholelediwa kwa legodimong. Go ise go ye kae, leru le a mo sira gore ba se ka ba kgona go mmona. Fa Jesu a sena go tsosiwa mo baswing, o ne a tlhola a ikapesa mebele e e farologaneng ya nama. Mme gone jaanong, o apola mmele wa nama o a neng a o dirisa mo lekgetlong leno, mme o tlhatlogela kwa legodimong e le sebopiwa sa moya. (1 Bakorintha 15:44, 50; 1 Petere 3:18) Fa baaposetoloi bano ba ba ikanyegang ba ntse ba lebile kwa godimo, “banna ba babedi ba ba apereng diaparo tse ditshweu” ba ema go bapa le bone. Banna bano ke baengele ba ba apereng mebele ya nama, mme ba botsa baaposetoloi jaana: “Banna ba Galalea, ke ka ntlha yang fa lo eme lo lebile kwa loaping? Jesu yono, yo o ntseng a na le lona e bile a tlhatloseditswe kwa loaping, o tla tla ka tsela e e tshwanang le e lo mmoneng a ya kwa loaping ka yone.”—Ditiro 1:10, 11.

Fa Jesu a ne a tlhatlogela kwa legodimong, o bonwe fela ke balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang. O tla boa “ka tsela e e tshwanang,” se se bolelang gore balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang ke bone fela ba ba tla lemogang gore o gone e le Kgosi e e maatla.

Baaposetoloi ba boela kwa Jerusalema. Mo malatsing a a latelang, ba phuthegile mmogo le barutwa ba bangwe, go akaretsa “Marea mmaagwe Jesu, le bomonnawe Jesu.” (Ditiro 1:14) Setlhopha seno se rapela se sa kgaotse. Kgang e nngwe e ba rapelang ka yone ke ya go tlhopha morutwa yo o tla tsenang mo boemong jwa ga Judase Isekariota gore baaposetoloi ba boe ba nne 12 gape. (Mathaio 19:28) Ba batla morutwa yo o boneng ditiro tsa ga Jesu le tsogo ya gagwe. Ba latlhela bola gore ba itse gore ke ofe yo Modimo a mo tlhophang, mme leno ke lekgetlo la bofelo bola bo umakiwa mo Baebeleng. (Pesalema 109:8; Diane 16:33) Go tlhophiwa Mathiase, yo e ka tswang e le mongwe wa barutwa ba ba 70 ba Jesu a kileng a ba roma, ‘mme o tsenngwa mo baaposetoloing ba bangwe ba ba 11.’—Ditiro 1:26.

Malatsi a le lesome Jesu a sena go tlhatlogela kwa legodimong, Moletlo wa Bajuda wa Pentekosete ya 33 C.E. o a simologa. Barutwa ba ba ka nnang 120 ba phuthegetse mo phaposing e e kwa godimo mo Jerusalema. Ka tshoganyetso fela go nna le modumo o o tshwanang le wa phefonyana e e maatla e e tsubutlang o bo o tlala mo ntlong yotlhe. Ba bona sengwe se se tshwanang le dikgabo tse dinnye tsa molelo mme e le nngwe e nna mo go mongwe le mongwe wa bone. Barutwa bano botlhe ba simolola go bua dipuo tse di farologaneng. Ba tshololetswe moya o o boitshepo o Jesu a neng a ba solofeditse one.—Johane 14:26.