Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 11

Ba Kwadile ka Jesu

Ba Kwadile ka Jesu

A o bona banna ba ba mo setshwantshong seno?— Ke Mathaio, Mareko, Luke, Johane, Petere, Jakobe, Jude le Paulo. Banna bano botlhe ba ne ba tshela ka nako e Jesu a neng a tshela ka yone, mme ba kwadile ka ga Jesu. A re ithute ka bone.

Ke eng se o se itseng ka banna bano?

Banna ba le bararo mo go bone e ne e le baaposetoloi ba ba neng ba rera le Jesu. A o itse gore ke bomang?— Ke Mathaio, Johane le Petere. Moaposetoloi Mathaio le moaposetoloi Johane ba ne ba itse Jesu thata, mme mongwe le mongwe wa bone o ne a kwala buka e e buang ka botshelo jwa ga Jesu. Gape moaposetoloi Johane ene, o ne a kwala buka e e bidiwang Tshenolo mmogo le makwalo a mararo, e leng Johane wa Ntlha, Johane wa Bobedi le Johane wa Boraro. Moaposetoloi Petere o kwadile makwalo a mabedi a a mo Baebeleng. A bidiwa Petere wa Ntlha le Petere wa Bobedi. Mo lekwalong la gagwe la bobedi, Petere o ne a kwala ka nako ya fa Jehofa a ne a bua go tswa kwa legodimong a bua jaana ka Jesu: ‘Yono ke morwaake. Ke a mo rata e bile ke ipela ka ene.’

Banna ba bangwe ba ba mo setshwantshong seno le bone ba re ruta ka Jesu mo dibukeng tse ba di kwadileng. Mongwe wa bone ke Mareko. Go ka direga gore o ne a le teng fa Jesu a ne a tshwarwa e bile o bone sengwe le sengwe se se diragetseng. Yo mongwe ke Luke. Ene e ne e le ngaka, mme gongwe o ne a nna Mokeresete fa Jesu a sena go swa.

Bakwadi ba bangwe ba babedi ba o ba bonang mo setshwantshong seno e ne e le bomonnawe Jesu. A o itse maina a bone?— Maina a bone ke Jakobe le Jude. Kwa tshimologong ba ne ba sa dumele mo go Jesu. Tota e bile ba ne ba akanya gore gongwe o a tsenwa. Mme morago ba ne ba dumela mo go Jesu mme ya nna Bakeresete.

Mokwadi wa bofelo yo o mmonang mo setshwantshong seno ke Paulo. Pele e nna Mokeresete, leina la gagwe e ne e le Saulo. O ne a tlhoile Bakeresete e bile a ba tshwenya thata. A o itse gore ke eng se se dirileng gore Paulo a batle go nna Mokeresete?— Ka letsatsi lengwe, Paulo o ne a tsamaya mo tseleng fa ka bonako fela a utlwa mongwe a bua le ene go tswa kwa legodimong. E ne e le Jesu! O ne a botsa Paulo a re: ‘Ke eng fa o sotla batho ba ba dumelang mo go nna jaana?’ Morago ga moo, Paulo o ne a fetoga mme a nna Mokeresete. Paulo o kwadile dibuka di le 14 tsa Baebele, go simolola ka Baroma go ya go Bahebera.

Re bala Baebele letsatsi le letsatsi, a ga go jalo?— Ka go bala Baebele, re ithuta dilo tse dintsi ka ga Jesu. A o ka rata go ithuta dilo tse dingwe gape ka Jesu?—