Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke dire eng fa batsadi ba me ba ngangisana?

Ke dire eng fa batsadi ba me ba ngangisana?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke dire eng fa batsadi ba me ba ngangisana?

O KA se ka wa tila go amiwa ke go ganetsana ga batsadi ba gago. Kana e bile, o a ba rata e bile o ikaegile ka kemonokeng ya bone. Ka jalo fa ba bonala ba sa dirisane sentle, o ka nna wa simolola go nna le ditlhobaelo. Ke eng fa ka dinako tse dingwe go bonala e kete batsadi ba gago ga ba utlwane?

Go Leba Dilo ka Tsela E e Sa Tshwaneng

Jesu o ile a re fa monna le mosadi ba nyalana, ba nna “nama e le nngwe.” (Mathaio 19:5) A mme seno se kaya gore rre le mmè wa gago ka metlha ba tla leba dilo ka tsela e e tshwanang? Le e seng. Ruri batho bape fela ba babedi—le e leng monna le mosadi ba tota ba utlwanang—ba ka nna ba se ka ba dumalana ka dinako tse dingwe.

Fa batsadi ba gago ba sa dumalane ka dikgang dingwe, seo ga se kaye gore lenyalo la bone le a thubega. Go ka direga thata gore, batsadi ba gago ba sa ntse ba ratana tota—le fa gone ba kgopisana ka dinako dingwe. Ke eng fa ba ngangisana? Gongwe ba farologana ka megopolo mo dilong tse di rileng. Seo ga se ka metlha se leng phoso kgotsa gore lenyalo la bone le mo mathateng.

Ka sekai: A o kile wa leba baesekopo le ditsala tse o di ratang thata mme wa lemoga gore o ne o na le maikutlo a a sa tshwaneng le a bone malebana le se lo se boneng? Seo se ka direga. Tota le batho ba ba atamalaneng thata ba tla leba dilo ka tsela e e sa tshwaneng.

Go ka nna jalo le ka batsadi ba gago. Gongwe ba tshwenyegile ka maemo a tsa madi a lelapa, mme mongwe le mongwe wa bone o na le pono e e farologaneng ka tsela ya go dirisa madi; boobabedi ba batla go rulaganya loeto lwa lelapa mme mongwe le mongwe wa bone o na le pono e e farologaneng malebana le se tota se ka lapolosang lelapa; kgotsa boobabedi ba tlhagafaletse go bona o atlega kwa sekolong mme mongwe le mongwe wa bone o na le pono e e sa tshwaneng le ya yo mongwe malebana le gore o ka thusiwa jang. Ntlha ke gore, go utlwana ga go bolele gore batho ba nne le mogopolo o o tshwanang. Tota le batho ba babedi ba ba utlwanang jaaka nama e le nngwe ba ka leba dilo ka tsela e e sa tshwaneng.

Mme ke eng fa ka dinako tse dingwe batsadi ba gago ba letla gore go se dumalane ga bone go dire gore ba ngangisane? Ke eng fa selo se se sa reng sepe se se jaaka go nna le pono e e sa tshwaneng se ka dira gore motlotlo o fetoge go ngangisana go go botlhoko?

Seabe Sa go Sa Itekanela

Dikganetsano tse dintsi tsa batsadi di ka bakwa ke go se itekanele. Baebele e bolela jaana: “Rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi. Fa mongwe a sa kgotšwe mo lefokong, yono ke monna yo o itekanetseng.” (Jakobe 3:2) Batsadi ba gago ga ba itekanela mme le wena ga o a itekanela. Ka dinako dingwe, rotlhe re bua dilo tse re sa di ikaelelang, mme ka dinako dingwe mafoko a rona a utlwisa botlhoko jaaka e kete ke “ka ditlhabo tsa tšhaka.”—Diane 12:18.

Gongwe o lemogile sengwe se se tshwanang ka wena. Ka sekai, a o gakologelwa ka nako ya fa o ne o galefisitswe ke go sa dumalane le mongwe yo o atamalaneng thata le ene? O ka tswa o gakologelwa. Mosha yo o bidiwang Marie * o a dumela: “Mongwe le mongwe o na le dilo tse a sa dumalaneng le ba bangwe ka tsone. Tota batho ba ke ba ratang thata ba tle ba nkgopise fela thata—gongwe ka gonne ke solofetse go le gontsi mo go bone!” Banna le basadi ba Bakeresete ba solofela go le gontsi mongwe go yo mongwe gonne Baebele e ba beetse melao ya maemo a a kwa godimo. (Baefeso 5:24, 25) E re ka ba sa itekanela, mongwe wa bone kgotsa bobedi jwa bone ba tla dira diphoso. Baebele ya re: “Botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.”—Baroma 3:23; 5:12.

Ka jalo, re ka lebelela gore go tla nna le mathata a a rileng fa gare ga batsadi ba gago. Tota e bile, moaposetoloi Paulo ile a re batho ba ba nyetseng ba tla nna le “pitlagano mo nameng ya bone” kgotsa jaaka fa The New English Bible e re “botlhoko le bohutsana.” (1 Bakorintha 7:28) Mothapi yo o sa kgotsofaleng, pharakano e e opisang tlhogo, le dikoloto tse di sa lebelelwang—tseno ke dingwe tsa dilo tse di ngomolang pelo tse di ka dirang gore go nne le maemo a a sa itumediseng mo gae.

Go itse gore batsadi ba gago ga ba a itekanela le gore ka dinako tse dingwe ba ka tswa ba le mo kgatelelong e kgolo go ka go thusa go tlhaloganya dikgotlhang tsa bone botoka. Ke se Marie a se lemogileng. A re: “Gone jaanong batsadi ba me ba bonala ba ngangisana thata go gaisa ka tsela e ba neng ba tle ba dire ka yone. Mme ke tle ke ipotse gore a e seng gore ba setse ba lapisana. Mme fa ke akanya sentle, ke tle ke gopole gore dingwaga tse 25 tsa lenyalo le bana ba le batlhano ke namane e tona ya tiro!” Gongwe le wena o ka bontsha go “utlwela ba bangwe botlhoko” ka go lemoga gore batsadi ba gago ba na le maikarabelo a le mantsi a ba tshwanetseng go a dira.—1 Petere 3:8.

O ka Lepalepana Jang le Gone

O ka tswa o dumela gore batsadi ba gago ga ba a itekanela, mme o a itse gore ba na le dikgatelelo tsa letsatsi le letsatsi tse ba tshwanetseng go lebana le tsone. Mme gone potso e e salang ke gore, Ke eng se o ka se dirang fa ba ngangisana? Leka go dirisa dikakantsho tse di latelang:

O se ka wa itsenya mo dilong. (Diane 26:17) Ga se tiro ya gago go nna mogakolodi wa manyalo kgotsa go rarabolola mathata a batsadi ba gago. Maiteko ape fela a go itsenya mo dilong a ka se atlege ka gope. Charlene wa dingwaga di le 18 a re: “Ke ile ka leka go nna motsereganyi mme ka gale ke ne ke bolelelwa gore ke tlogele go itshunya nko.” Letla batsadi ba gago ba itharabololela bothata jwa bone.

Leba dilo ka tsela e e siameng. (Bakolosa 3:13) Jaaka go umakilwe pelenyana, kgang ya gore batsadi ba gago ba ngangisana gangwe le gape ga e kaye gore lenyalo la bone le tla tloga le thubega. O se ka wa letla kgotlhang ya bone ya nakwana e go dira gore o tshoge go sa tlhokege. Melanie wa dingwaga di le 20 a re ka batsadi ba gagwe: “Le fa ba lwa ke a itse gore ba sa ntse ba ratana e bile ba rata le lelapa. Ba tla rarabolola kgotlhang eo.” Go ka tswa go ntse jalo le ka batsadi ba gago fa ba sa dumalane.

Rapelela ditlhobaelo tsa gago. Ga o a tshwanela go nna fela ka maikutlo a a go tlhobaetsang. Baebele ya re: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa.” (Pesalema 55:22) Thapelo e ka thusa. Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bafilipi jaana: “A dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.” —Bafilipi 4:6, 7.

Itlhokomele. Ga go botlhale go ingomola pelo ka selo se o ka se kang wa kgona go se laola. Go dira jalo go ka ama le botsogo jwa gago. Baebele ya re: “Go tshwenyega ka tlhobaelo mo pelong ya motho ke gone go tla e obang.” (Diane 12:25) Leka go fokotsa go tlhobaela ka go fetsa nako o na le ditsala tse di kgothatsang le go nna le seabe mo ditirong tse di molemo.

Bua le batsadi ba gago. Le fa gone o sa tshwanela go tsenelela dikgotlhang tsa batsadi ba gago tota o ka ba bolelela gore o ikutlwa jang ka go lwa ga bone. Tlhopha nako e e tshwanetseng go bua le mongwe wa bone. (Diane 25:11) Bua ka “bonolo le tlotlo e e boteng.” (1 Petere 3:15) O se ka wa ba latofatsa. Tlhalosa fela tsela e dikgotlhang tsa bone di go amang ka yone.

Ke eng fa o sa leke go dirisa dikakantsho tse di fa godimo? Batsadi ba gago ba ka tsibogela maiteko a gago sentle. Le fa ba sa dire jalo, o tla kgotsofalela gore le fa o ka se kgone go laola batsadi ba gago, gone mme o ka kgona go dira sengwe ka tsela e o itshwarang ka yone fa ba ngangisana.

Go na le ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana . . . ” tse o ka di bonang mo atereseng eno ya Internet, www.watchtower.org/ype

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 12 Maina a fetotswe mo setlhogong seno.

DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE

▪ Ke eng fa ka dinako tse dingwe go bonala batsadi ba sa utlwane?

▪ Ke eng se o ka se bolelelang monnao kgotsa mogoloo yo o amilweng thata ke go lwa ga batsadi ba lona?

[Lebokoso mo go tsebe 20]

MOLAETSA GO BATSADI

Mo lenyalong, go sa dumalane go ka se ka ga tilwa. Le fa go ntse jalo, ke wena o ka itlhophelang gore o tla go rarabolola jang. Basha ba amiwa thata ke go ngangisana ga batsadi ba bone. Eno ke kgang e e tshwanetseng go elwa tlhoko thata, e re ka lenyalo la lona tota e le sekao se bana ba lona ba tla se latelang fa ba nyala kgotsa ba nyalwa. (Diane 22:6) Ke eng fa lo sa dirise go sa dumelane ga lona e le tshono ya go bontsha ditsela tse di molemo tsa go rarabolola kgotlhang? Leka dintlha tse di latelang:

Reetsa. Baebele e re bolelela gore re nne “bonako go utlwa, bonya go bua, bonya go shakgala.” (Jakobe 1:19) O se ka wa tlhotlhetsa molelo ka go “busetsa bosula ka bosula.” (Baroma 12:17) Tota le fa molekane wa gago a sa batle go reetsa, wena o ka tlhopha go dira jalo.

Kgaratlhela go tlhalosa go na le go latofatsa. Bolelela molekane wa gago ka tsela e e ritibetseng gore tsela e a itshwarang ka yone e go amile jang. (“Ke utlwa botlhoko fa o . . . ”) Lwantsha tshekamelo ya go mo latofatsa le go mo pega molato. (“Ga o nkgathalele.” “Ga o ke o ntheetsa.”)

Kgwa moya go sekae. Ka dinako dingwe go botoka go kgaotsa kgang mme lo tsweledise motlotlo pele fa lo setse lo ritibetse maikutlo. Baebele ya re: “Tshimologo ya manganga e tshwana le yo o bulelang metsi; ka jalo pele ga komano e tsoga, tswa o tsamaye.”—Diane 17:14.

Kopa maitshwarelo mongwe go yo mongwe—fa go tshwanela le mo baneng ba lona. Brianne wa dingwaga di le 14 a re: “Ka dinako tse dingwe fa batsadi ba me ba sena go ngangisana ba kopa tshwarelo mo go nna le mo go nkgonne ka gonne ba itse kafa go re amang ka teng.” Nngwe ya dithuto tse di botlhokwa tse o ka di rutang bana ba gago ke go nna boikokobetso mme ba re “ke kopa tshwarelo.”

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona makasine wa Tsogang! wa January 8, 2001, ditsebe 8-14 le February 8, 1994, ditsebe 19-28.

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

O se ka wa ba latofatsa. Tlhalosa fela kafa o ikutlwang ka teng