Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Nako ya Dijo e ka Nonotsha Dikamano Tsa Lelapa la Gago?

A Nako ya Dijo e ka Nonotsha Dikamano Tsa Lelapa la Gago?

A Nako ya Dijo e ka Nonotsha Dikamano Tsa Lelapa la Gago?

“Botshelo bo tletse e seng fela ka boipelo, lorato le kgomotso mme gape bo tletse ka bohutsana le dikeledi. Mme le fa re ka tswa re itumetse kgotsa re hutsafetse, re tshwanetse go ja. Batho ba ba itumetseng le ba ba hutsafetseng ba ka gomodiwa ke dijo tse di monate.”—Laurie Colwin, mokwadi wa Moamerika.

DINGWAGA di le dintsi tse di fetileng kwa dinageng tsa kwa Bophirima, malapa a le mantsi a ne a na le ngwao e a neng a e tsaya e le botlhokwa thata. Lelapa lotlhe le ne le nna mmogo mo tafoleng, bobotlana gangwe ka letsatsi gore ba je dijo mmogo. Go ne go sa letlelelwe sepe go ba kgoreletsa. Go ne go se na ope yo o neng a lebelela thelebishene, yo o neng a tsenya di-earphone kgotsa yo o neng a romelela ditsala melaetsa ka founo. Moya wa kagiso o o neng o rena foo, o ne o dira gore ba ba leng teng ba kgone go amogela botlhale, ba nonotshe dikamano tsa lelapa le go tshega mmogo ka ntlha ya dilo tse di diragetseng mo letsatsing leo ba ntse ba itumelela dijo tse di monate.

Mo bathong ba le bantsi gompieno, go ja dijo mmogo jaaka lelapa go ka utlwala e le ngwao ya bogologolo. Mo malapeng a le mantsi, go ja dijo mmogo lo le lelapa ke selo se se diregang ka sewelo. Ke ka ntlha yang fa malapa a go fitlhela go le thata jaana gore a je mmogo? A go boloka ngwao eno ya bogologolo go mosola? Go tla solegela leloko lengwe le lengwe la lelapa molemo jang?

Go ja Lo le Lelapa—Ngwao e e Nyelelang

Robert Putnam mo bukeng ya gagwe ya Bowling Alone o ne a tlhalosa jaana: “Lebaka la go bo [dijo tsa maitseboa] di ile tsa fela mo kokomaneng e le nngwe ya lelapa ke bosupi jo bogolo jwa kafa dikamano tsa rona di fetogang ka bonako ka teng.” Ke eng se se dirileng gore dilo di fetoge jaana? Sa ntlha, go tlhatloga ga ditlhwatlhwa go dirile gore monna le mosadi ka bobedi ba bereke diura tse ditelele. Batsadi ba ba se nang balekane, ba gantsi seemo sa bone sa ikonomi se sa tlhomamang, bone ga ba na nako le go feta. Sa bobedi, botshelo jwa gompieno jwa ditshwarego bo rotloetsa batho go ja dijo tsa resetšhurente le dijo tse o kgonang go di ja ka bonako. Ga se bagolo fela mme le bana ba na le dilo tse dintsi tse ba tshwanetseng go di dira, tse di jaaka metshameko le dilo tse dingwe tse di dirwang morago ga sekolo.

Mo godimo ga moo, go na le borre ba ba ratang go fitlha kwa gae fa bana ba bannye ba setse ba robetse ka gonne ba batla go tila dintwa tsa nako ya dijo tsa maitseboa. Batsadi ba bangwe, ba ba fitlhang ka nako kwa gae, ba tlhopha go naya bana dijo tsa maitseboa pele mme ba bo ba ba robatsa gore bone ba kgone go ja dijo mmogo ka tidimalo.

Maemo a a ntseng jalo a dira gore malapa a nne le dinako tse di farologaneng tsa go ja. Makwalonyana a a kgomareditsweng mo setsidifatsing a tsaya boemo jwa metlotlo ya nako ya dijo. Leloko lengwe le lengwe la lelapa le fitlha kwa gae, le bo le omosa dijo tse di setseng di apeilwe le bo le nna fa pele ga thelebishene, khomputara kgotsa mo motšhinenyaneng wa metshameko. Go ka nna ga bonala e kete ditlwaelo tseno di ka se fetoge. Ka jalo, a go ka thusa go akanya ka tsela e e masisi ka go tila mokgwa ono?

Melemo ya Ngwao Eno

Dijo tsa lelapa di thusa batsadi gore ba nne le tshono e e tlhomologileng ya go thusa bana ba bone ka se ba se tlhokang mo maikutlong. Miriam Weinstein mo bukeng ya gagwe ya The Surprising Power of Family Meals o tlhalosa gore dijo tsa maitseboa ke “nako e e siameng e bana ba ka kgonang go bona tlhokomelo ya ka metlha ya batsadi ba bone mo seemong se se ritibetseng. Nako ya dijo tsa maitseboa e ka tswa e se tharabololo ya mathata otlhe mme ke tsela e e ka go thusang e e se nang matsapa.”

Eduardo rre mongwe wa dingwaga tsa bogare wa kwa Spain o dumalana le seno. O gakologelwa jaana: “Fa ke ne ke nna le batsadi ba me, go ne go na le batho ba le 11 mo tafoleng letsatsi le letsatsi. Rre o ne a dira matsapa a magolo gore a boele gae go tla go ja dijo tsa motshegare le ba lelapa la gagwe. E ne e le nako e e kgethegileng tota. Rotlhe mo lelapeng re ne re tlotlelana ka se se diragalang mo matshelong a rona. Gantsi go ne go dirwa metlae e bile go tshegiwa. Dinako tse di monate tseo di ne tsa ntlhatswa pelo gore ke tshwanetse go etsa sekao sa ga rre.”

Go ja dijo lo le lelapa gape go thusa bana go tshela botshelo jo bo tekatekano jo bo itekanetseng. U.S. National Center on Addiction and Substance Abuse kwa Columbia University e ne ya lemoga gore bana ba ba jang dijo le ba malapa a bone mo e ka nnang ka makgetlo a le matlhano ka beke, ga ba na mathata a kalo a a amanang le go tlhobaela, go lapisega kgotsa go tlhoka kgatlhego mo dilong mme ba nna le maduo a a botoka kwa sekolong.

Eduardo o oketsa jaana: “Ke akanya gore go ja dijo mmogo lo le lelapa go dira gore bana ba tlhomame mo maikutlong. Bomorwadiake ga ba tshwenyege ka gore ba tla nna leng le nako ya gore ba re bolelele sengwe se se rileng. Go ja dijo lo le lelapa go dira gore lo nne le tshono e e siameng letsatsi le letsatsi ya go dira seno. Mo godimo ga moo, jaaka rre, dinako tseno di nthusa gore ke itse ka mathata a bomorwadiake.”

Fa malapa a ja dijo mmogo, go ka ba thusa gape gore ba tile mekgwa e e sa siamang ya go ja. Yunibesithi ya Navarre kwa Spain e bega gore go ja dijo o le nosi go oketsa kotsi ya go nna le mathata a go ja. Gone ke boammaaruri gore mathata ao a sa ntse a ka nna teng, mme go sa je dijo le ba bangwe go dira gore seno se direge thata. Esmeralda, mmè wa basetsana ba le babedi o tlhalosa jaana: “Fa go ja dijo mmogo e nna tlwaelo, bana ba ikutlwa ba tlhokometswe. Go ja dijo mmogo jaaka lelapa go dira gore ba ikutlwe ba le mo lelapeng le le lorato.”

Go ja dijo lo le lelapa gape go dira gore batsadi ba nne le tshono ya go tlhokomela bana ba bone ka dilo tsa semoya. Dingwaga di le 3 500 tse di fetileng, Modimo o ne a rotloetsa Baiseraele gore ba nne le nako le bana ba bone gore ba jalele dilo tsa semoya mo teng ga dipelo tsa bone. (Duteronome 6:6, 7) Ángel, rre wa bana ba le babedi a re: “Go rapela mmogo le go sekaseka temana ya Baebele mmogo ka nako ya dijo tsa lelapa go dira gore e nne nako ya dilo tsa semoya.” E re ka go ja dijo tsa lelapa mmogo go tlisa melemo e mentsi, malapa a le mantsi a ile a dira eng gore e nne selo se ba se dirang ka metlha?

Kafa O ka Go Rulaganyang ka Teng

Esmeralda o tlhalosa jaana: “Go botlhokwa go dira dithulaganyo le go ikemisetsa. O tshwanetse go fetofetola nako ya dijo e e beilweng ka tsela e e molemolemo e o ka kgonang ka yone, gore o tle o kgone go akaretsa motho yo o tla fitlhang la bofelo kwa gae.” Maribel mmè wa bana ba le babedi a re: “Rotlhe re ja dijo tsa maitseboa mmogo letsatsi le letsatsi, go sa kgathalesege gore go direga eng.” Malapa mangwe a dirisa nako e ba sa direng sepe ka yone ka mafelobeke go baakanyetsa dilo tse ba tla di dirisang go apaya dijo kgotsa le e leng go apaya dijo tsa maitseboa tse ba tla di jang mo gare ga beke.

Go tsaya kgang ya go ja lo le lelapa e le selo se se tlang pele le gone go a thusa. Eduardo o bolela jaana: “Ke ne ka tshwanelwa gore ke fetole tiro ya me gore ke nne teng ka nako ya dijo tsa maitseboa mme seno ga se a ka sa nna matsapa a bophiri. Gone jaanong ke ikutlwa ke itse go le gontsi ka se se diregang mo lelapeng la me. E re ka ke tshwanelwa ke go tlhoma mogopolo mo go se ke se dirang, ka diura di le dintsi fa ke le kwa tirong, e tla bo e le go sa akanyetse ba lelapa la me fa ke sa kgone go tlhoma mogopolo jalo mo go bone ka nako ya dijo.”

Go tweng ka dilo tse di itayang tsebe? David, wa dingwaga di le 16 a re: “Lelapa la gaetsho le jela mo lefelong le go se nang thelebishene mo go lone. Re dirisa nako eo go bolelela Mama le Papa ka letsatsi la rona mme gantsi ba re naya kgakololo e e molemo.” David o oketsa jaana: “Mo malatsing ano basha ga ba bue thata le batsadi ba bone. Tota le fa lelapa lotlhe le le kwa gae, mongwe le mongwe o ijela a le nosi a lebile thelebishene. Ga ba lemoge gore ba fetwa ke eng.” Sandra wa dingwaga di le 17 o dumalana jaana: “Ke utlwa botlhoko fa bana ba ke tsenang le bone mo tlelaseng ba re, ‘Ke ipotsa gore mmè o tlogetse eng mo setsidifatsing.’ Mo go nna, dijo tsa lelapa ga se go fepiwa fela. Ke nako ya gore re tshege, re bue le go bontshana lorato.”

Buka ya The Surprising Power of Family Meals e bolela gore nako ya fa lo ja dijo lo le lelapa e nna “tshireletso kgatlhanong le dikgatelelo tse rotlhe re lebanang le tsone letsatsi le letsatsi.” A dinako tseno di ka dira gore lelapa la gago le nne le tshono ya go atamalana? Fa e le gore o tshela botshelo jo bo nang le ditshwarego, nako ya fa lo ja dijo lo le lelapa e go naya tshono ya go fokotsa lobelo le go bua le batho ba o ba ratang. Ruri maiteko a o tla bong o a dirile e tla bo e se matsapa a bophiri.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 15]

FA LO NTSE LO JA DIJO TSA LELAPA MMOGO O KA ITHUTA GO . . . 

Tlotla. Bana ba ka ithuta go bua le go reetsa ka tlotlo. Metlotlo e tokafatsa mafoko a ba a dirisang e bile e ba ruta kafa ba ka itlhalosang ka teng.

Jang dijo tse di nang le dikotla ka dinako tse di tlhomameng.

Bontsha maitseo. Ithute go nna pelotshweu ka go sadisetsa ba bangwe le go sa gagamalele go tsaya karolo e e botoka. Ithute gape go tlhokomela maloko a mangwe a lelapa ka dilo tse ba di tlhokang fa go ntse go jewa.

Dira mmogo. Bana ba ka dirisana mmogo ka go baya dilwana mo tafoleng le go di tlosa, go phepafatsa morago ga dijo kgotsa go isetsa ba bangwe dijo. Fa ba ntse ba gola, ba ka nna gape ba thusa go apaya dijo.