Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dithaba Tsa Caucasus—Lefelo la Dipuo Tse Dintsi

Dithaba Tsa Caucasus—Lefelo la Dipuo Tse Dintsi

AKANYA o le mo kgaolong e kgolo e e dithabathaba. Se se go gakgamatsang ke gore go na le ditšhaba di le dintsintsi mo kgaolong eno mme sengwe le sengwe se na le puo ya sone. Mo mafelong mangwe, batho ba ba nnang mo metseng e e bapileng ga ba utlwane ka puo! Baitse ba thutafatshe ba metlha ya bogare ba tshwanetse ba bo ba ile ba gakgamala ka tsela e e ntseng jalo ka gonne mongwe wa bone o ile a tlhalosa lefelo le le tshwanang le leo, e leng kgaolo ya Caucasus, a re ke “thaba ya dipuo tse dintsi.”

E re ka kgaolo eno ya Dithaba tsa Caucasus e le fa gare ga lewatle le Lentsho le lewatle la Caspian, e mo makopanelong a dikontinente mme e kopantse ditso tse dintsi, se se dirileng gore e nne le hisitori e e tswang kgakala le ditso tse dintsi. Batho ba kgaolo eno ba itsege ka go tlotla bagolo, go rata go bina le go amogela baeng ka lorato. Mme gone batho ba le bantsi ba ba etelang kgaolo ya dithaba tsa Caucasus ba bona selo se se kgatlhang thata ka lefelo leno e le ditso le dipuo tsa koo tse dintsi tse di sa tshwaneng—tota e bile le na le dipuo di le  dintsi go feta kgaolo epe fela ya kwa Yuropa e e lekanang le lone.

Pharologano e e Gakgamatsang

Mo lekgolong la botlhano la dingwaga B.C.E., moitsehisitori wa Mogerika e bong Herodotus o ile a bega jaana: “Go na le ditšhaba tse dintsi tsa mefutafuta tse di nnang kwa kgaolong e e dithaba ya Caucasus.” Mo e ka nnang mo tshimologong ya lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., moitsehisitori yo mongwe wa Mogerika e bong Strabo o ne a kwala ka merafe e le 70 e e nnang kwa kgaolong eo. Morafe mongwe le mongwe o ne o na le puo ya yone e bile o dira kgwebo kwa Dioscurias, e jaanong e leng toropo ya segompieno ya Sukhumi, e e mo lotshitshing lwa Lewatle le Lentsho. Masome a dingwaga a le mmalwa moragonyana, Pliny yo Mogolwane, mokanoki wa Moroma, o ne a kwala gore fa Baroma ba ne ba dira kgwebo kwa Dioscurias, ba ne ba tlhoka baranodi ba le 130.

Gompieno batho ba ditso di feta 50 ba sa ntse ba nna kwa Caucasus. Setso sengwe le sengwe se na le mofuta o o rileng wa diaparo, wa botaki le wa go aga. Go santse go buiwa bobotlana dipuo di le 37 tse di tlholegang fano—dingwe di buiwa ke batho ba le dimilionemilione mme tse dingwe di buiwa mo metseng e e rileng fela. Karolo ya kgaolo eno e go buiwang dipuo tse dintsi thata mo go yone e leng Dagestan  Republic ya kwa Russia, e na le ditso di ka nna 30 tse di tlholegang koo. Le go fitlha jaanong, baitse ga ba tlhomamisege gore dipuo tseno di amana jang le gore di nnile gone ka tsela efe.

Basupi ba ga Jehofa ba ruta batho Baebele kwa kgaolong ya Caucasus

A o ka rata go bona gore mokwalo wa dipuo tsa kgaolo ya Caucasus o lebega jang? Web site ya semolao ya Basupi ba ga Jehofa ya www.mr1310.com, e fitlhelwa ka dipuo di feta 400. Gareng ga tsone ke dingwe tsa dipuo tse di buiwang mo kgaolong ya Caucasus, e leng kgaolo e e kgatlhang e go tshwanelang go bo e bidiwa “thaba ya dipuo tse dintsi.”