Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Motlotlo wa Lelapa

Motlotlo wa Lelapa

RE KA ITHUTA ENG MO GO . . . Aborahame?

A O AKANYA GORE GO BOTLHOKWA GO BONTSHA BATHO BA BANGWE BOPELONTLE?

• Tsenya ditshwantsho mebala. • Bala ditemana tsa Baebele o bo o di tlhalosa fa o ntse o kwala mafoko a a sa kwalwang a puisano. •Batla dilo tse di fitlhegileng: (1) mokgantitswane le (2) thipa.

Aborahame o ne a dira dilo dife tsa bopelontle gore batho ba bangwe ba ikutlwe ba amogetswe?

NTLHA E E KA THUSANG: Genesise 18:2, 4-5.

O ka dira eng go bontsha batho ba bangwe bopelontle?

NTLHA E E KA THUSANG: Baroma 12:13.

O ithuta eng mo pegong eno ya Genesise?

O akanyang?

Re tshwanetse go leka go nna pelontle segolobogolo mo go bomang?

NTLHA E E KA THUSANG: Bagalatia 6:10.

 Di Boloke Mme o Ithute ka Tsone

KARATA YA BAEBELE 24 SAMESONE

DIPOTSO

  1. A. Leina la ga rraagwe e ne e le ․․․․․.
  2. B. Samesone o ne a dira tiro efe e e bontshang maatla a magolo kwa motseng wa Gasa?
  3. C. Ke mang yo o ileng a tsietsa Samesone?

DINTLHA KA GA GAGWE

Moatlhodi yo o tlhomologileng yo o ileng a lwela Baiseraele ka dingwaga di le 20. (Baatlhodi 15:20) Jehofa o ne a dirisa Samesone go ‘etelela pele go boloka Iseraele mo seatleng sa Bafilisitia.’ (Baatlhodi 13:5) Moya wa Modimo o ne wa mo naya maatla a magolo. Sa botlhokwa le go feta, Samesone o ne a na le tumelo e e nonofileng mo go Jehofa.—Bahebera 11:32-34.

DIKARABO

  1. A. Manoa.—Baatlhodi 13:8, 24.
  2. B. O ne a sikara ditswalo tsa kgoro ya motse, dikota tse pedi tse di kafa dithoko le mophakalego go ya kwa godimo ga thaba e e fa pele ga Heberone.—Baatlhodi 16:2, 3.
  3. C. Delila.—Baatlhodi 16:4, 5.

Batho le Dinaga

  Maina a rona ke Lesly wa dingwaga di le 10, Cathleen wa dingwaga di le 8 le Alondra wa dingwaga di le 7. Re nna kwa Mexico. Ke Basupi ba ga Jehofa ba le kae ba ba nnang kwa Mexico? A ke ba le 295 400, 455 000 kgotsa 724 700?

  Ke khutlo efe e e bontshang gore re nna kae? E thalele mme o bo o torowa khutlo e e bontshang gore wena o nna kae mme o bone gore o gaufi go le kana kang le Mexico.

Bana Batlang Ditshwantsho Tseno

A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.

 DIKARABO TSA DIPOTSO

  1.   Mokgantitswane mo setshwantsho 5.
  2.   Thipa mo setshwantsho 2.
  3.   724 700. 
  4.   A.