Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 DIPHOLOGOLO TSA NAGA

Moose—Mokaloba wa Kwa Nageng

Moose—Mokaloba wa Kwa Nageng

MOOSE e bopegile ka tsela e e sa tlwaelegang e bile ga e ntle fa o e lebile. Ke eng fa e katogile monyo jaana? Ke eng fa e na le tlhogo e e motopo jaana?” Mokwadi wa mafoko ao e bong Henry David Thoreau wa lekgolo la bo19 la dingwaga, ga se ene fela a kileng a tlhalosa moose jalo. E re ka phologolo eno e na le tebego e e tshegisang e bile e itlhaola mo go tse dingwe mme e bonwa sewelo mo nageng, seo se dirile gore batho bangwe ba akanye gore ga e botswerere fa e tsamaya e bile ga e botlhale sentle. A seo se boammaaruri? Babatlisisi kwa Amerika Bokone, Yuropa le Asia ba lemogile dintlha di le dintsi ka phologolo eno e e sa tlwaelegang.

Ga go ope yo o ganetsang gore moose ke mokaloba. Le fa e na le maoto a maleele a a dirang gore e tsamaye e kete e na le bogole, e ka dirisa maoto ao go koba serapa sotlhe sa diphiri. Di-moose di ithuta go thuma malatsi fela morago ga gore di tsholwe, mme di a tle di bonwe di thuma sekgala sa dikilometara di le dintsi le go thabuela mo metsing mo e ka nnang boteng jwa dimetara di le thataro di ya go ja dimela tsa mo metsing!

Moose e kgona go tsamaisa matlho a yone mme e bo e kgona go bona se se diregang kwa morago e sa retolose tlhogo. Nko ya yone le yone e dira tiro ya botlhokwa. Babatlisisi ba akantsha gore e re ka maroba a yone a nko a katogane thata, seo se dira gore e nne le bokgoni jo bo sa tlwaelegang jwa go itse kwa dilo di leng teng ka go dupelela fela. Temosi e nngwe ya moose ke go utlwa. Ditsebe tsa yone di kgona go leba kwa dintlheng tsotlhe mme di ka utlwa medumo ya di-moose tse dingwe di le bokgakala jwa dikilometara di le tharo!

 Dinamane tsa di-moose, tse mokwadi mongwe a reng di “dintle ka tsela e e gakgamatsang” gantsi di rata dilo e bile di itshelela di le kwa ga mothakga. Di-moose tse di namagadi di sireletsa bana ba tsone ka go di tlhokomela ka bonolo le ka dinako tsotlhe. Di ka tlhasela sengwe le sengwe fela se se batlang go tsaya bana ba tsone, go akaretsa diphiri, dibera tota le batho. Kgabagare, fa namane e setse e na le mo e ka nnang ngwaga mme mmaayone a dusa, mmaayone o koba namane eno ka bogale gore e simolole go itlhokomela.

DI KGONA GO TSHELA SENTLE KWA MAFELONG A A TSIDIDI

E re ka di-moose di tshela ka go ja dimela fela, di kgona jang go tshela mo marigeng a a tsididi? Tsela nngwe ke ka go ja thata fa go le bothitho. Di-moose di fula mo e ka nnang dikilogerama di le 23 tsa dimela ka letsatsi, le fa dijalo tseno di ka tswa di le boleele jwa dimetara di le tharo go tswa fa fatshe kgotsa go ya kwa tlase ga metsi. Di solegelwa molemo ke dijo tseno ka go di sila ka mogodu o o nang le dikarolo tse nnè, di monya dikotla tse di tlhokegang go oketsa mafura mo mmeleng. Le fa go ntse jalo, moose e lebana le dikotsi tse dingwe fa go le mariga.

Moose e tshwanelwa ke go itshokela serame se se tsenelelang kwa marapong le kapoko e ntsi thata. Fa go le mariga ga e tsamaye thata mme ka jalo e nna e thuthafetse e thusiwa ke boboa jwa yone jo bo tshwanetseng maemo ao. Fa go na le kapoko go nna thata gore e sie fa e tlhaselwa ke diphiri, mme batho ke bone ba leng kotsi thata mo go yone—segolobogolo batsomi le batho ba ba kgweetsang dikoloi.

Di-moose di rata go ja letswai le le tshelwang mo ditseleng tse dikgolo go gakolosa kapoko kwa mafelong a a tsididi. Mme e re ka di-moose di na le boboa jwa mmala o o sa galolang e bile di rata go kgabaganya tsela fa letsatsi le sena go phirima, gantsi bakgweetsi ga ba kgone go di bona ba sa ntse ba le kgakala gore ba se ka ba di thula. Seo se bakile dintsho tsa batho le di-moose.

SEBATANA SE SE RATANG GO TSHAMEKA

Di-moose di a tle di bonwe di itatlhela mo makhubung a lewatle kgotsa di tlhapa di itumetse mo metsweding ya metsi a a molelo. Tse ditonanyana le tse di namagadi di dirisana ka bonolo fa di gwela mme go ama pelo go bona kafa e namagadi e tlhokomelang namane ya yone ka gone. E bile dinamane tse di godisiwang ke batho di a tle di atamalane thata le beng ba tsone jaaka e kete ke bommaatsone. Dr. Valerius Geist o bolela jaana: “Phologolo eno e e sa tlwaelegang ya sefatlhego se se sa kgatlheng e kgona go nna e ntshitse matlho dinameng, e ka bontsha lorato e bile e ka tlhokomela bana ba yone ka boikanyegi.”

Gantsi dinamane tsa di-moose di rata dilo e bile di itshelela di le kwa ga mothakga

Le fa go ntse jalo, tlhagiso ke eno: Moose ke phologolo ya naga e e tlhaga e e nonofileng thata. Fa o ka e bona mo nageng, nna kelotlhoko mme o tsamaele kgakala le yone. Go botlhokwa gore o tsamaele kgakala le yone segolobogolo fa dinamanyane tsa yone di le gaufi. Le fa go ntse jalo, le fa o le kgakala le yone o sa ntse o ka kgatlhiwa ke go lebelela mokaloba yono wa kwa nageng.