Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 TSA MALOBA | SETLANKANA SA EL REQUERIMIENTO

A ba Ne ba Tshosetsa mo Leineng la Modimo?

A ba Ne ba Tshosetsa mo Leineng la Modimo?

“Fa lo sa dire seno, . . . ke tla tsena mo motseng wa lona ka thuso ya Modimo mme ke tla lo tlhasela kafa ke ka kgonang ka teng mo matlhakoreng otlhe, ke bo ke lo pateletsa go nna mo taolong ya Kereke le ya Kgosi le go e ikobela; mme ke tla tsaya basadi ba lona le bana ba lona ke bo ke ba dira makgoba, . . . mme ke tla tsaya dithoto tsa lona ke bo ke lo utlwisa botlhoko thata kafa nka kgonang ka teng. . . . Fa batho ba swa le go gobala ka ntlha ya seo, e tla bo e le molato wa lona e seng wa Kgosi kgotsa wa rona.”

POLELO eno ya semmuso e ka tswa e le nngwe ya tse di sa tlwaelegang go di gaisa tsotlhe. Ke karolo ya setlankana se se bidiwang el Requerimiento ka Se-Spain, se mo karolong ya lekgolo la bo16 la dingwaga bafenyi ba kwa Spain ba neng ba tshwanetse go se balela kwa godimo fa ba goroga mo dikontinenteng tsa Amerika go tla go di gapa.

Tota bafenyi bano ba ne ba bolelela baagi ba dinaga tseno molaetsa ofe mme ka ntlha yang?

Ba Patelediwa go Sokologela mo Bokatoliking

Ka bonako fela fa Columbus a sena go goroga kwa dikontinenteng tsa Amerika ka 1492, naga ya Spain le ya Portugal di ne tsa iphaka gore nngwe le nngwe ya tsone e na le tshwanelo ya go busa dinaga tse disha tsa dikontinente tseno. E re ka ditšhaba tseno ka bobedi di ne di tsaya mopapa e le moemedi wa ga Keresete mo lefatsheng, di ne tsa mo kopa gore a rarabolole kgotlhang ya tsone. Mopapa o ne a laela gore kereke e aroganyetse Spain le Portugal dinaga tse di neng di sa tswa go bonwa—ka tumalano ya gore ditšhaba tseno tse pedi di ne di tla romela barongwa go ya go sokolola batho ba dinaga tseo.

Fa bafenyi ba ntse ba gapa dinaga, bogosi jwa Spain bo ne jwa leka go dira gore ditiro tsa bafenyi di lebege di siame. Ba-Spain ba ne ba bolela gore e re ka mopapa a ne a kaelwa ke Modimo fa a ne a naya bafenyi dinaga, bafenyi ba ne ba gololesegile go laola batho ba dinaga tseo le dithoto tsa bone mmogo le go fokotsa kgololesego ya bone.

Ba-Spain ba ne ba kwala setlankana go itsise batho ba ba nnang mo dinageng tseo ka tshwetso ya mopapa. Batho ba dinaga  tseno ba ne ba tshwanetse go nna Bakeresete mme ba busiwe ke kgosi ya Spain. Fa ba ne ba ka gana, Ba-Spain ba ne ba dumela gore ba na le tshwanelo ya go bolotsa ntwa kgatlhanong le bone mo leineng la Modimo.

“Ba ne ba bolela gore go dirisa dikgoka go siame fa go dirwa ka maitlhomo a a siameng. Ka jalo, naga ya Spain e ne ya tshwanelwa ke go itlhamela mabaka a a neng a dira gore go lebege go siame.”—Francis Sullivan, porofesa wa Mojesuite wa thutabodumedi

“E ne E sa Siama, e Nyatsa Modimo, e Garola Pelo”

Bogosi jwa Spain bo ne jwa dira gore setlankana sa el Requerimiento se balwe e le go okobatsa digakolodi tsa babusi le go dira gore go gapa dinaga go lebege go siame. Gantsi bafenyi ba ne ba bala setlankana seno ba le mo sekepeng pele ba tlhasela naga nngwe kgotsa fa ba setse ba gorogile ba se balela banni ba naga eo ba ba neng ba sa tlhaloganye dipuo tsa kwa Yuropa. Ka dinako dingwe setlankana seno se ne se balwa mo matlotleng a baagi ba neng ba tshabile mo go one ba tshogile.

Go pateletsa batho go sokologa ka tsela eo go ne ga felela ka tshololo e kgolo ya madi. Ka sekai, Ba-Araucan ba ka nna 2 000 ba ne ba bolawa mo ntweng kwa Chile ka 1550. Pedro de Valdivia wa mofenyi o ne a bolelela kgosi jaana malebana le batho ba ba neng ba setse: “Ke ne ka tshwanelwa ke go laela gore batshwarwa ba le makgolo a mabedi ba kgaolwe diatla le dinko ka gonne ba ne ba gana go ikobela ditaelo tse ke ba romeletseng tsone makgetlo a le mantsi, jaaka wena Motlotlegi o ne o laetse.” *

Go balwa ga setlankana sa el Requerimiento go ka tswa go ile ga dira gore batho ba ba tlhaselang ba ikutlwe ba se molato. Le fa go ntse jalo, ga se a ka sa thusa go rotloetsa bodumedi jwa Ba-Spain. Morongwa wa lekgolo la bo16 la dingwaga e bong Bartolomé de las Casas yo o iponetseng ditlamorago tsa setlankana seno ka matlho o ne a kwala mafoko ano: “Ruri taelo eno e ne e sa siama, e nyatsa Modimo, e garola pelo e bile e sa utlwale! Mme ga ke bue sepe ka kafa e sentseng bodumedi jwa Bokeresete leina ka gone.” Mokwalahisitori e bong Gonzalo Fernández de Oviedo o ne a bolela gore ditiro tsa bosetlhogo jo bo feteletseng tse di neng tsa dirwa mo baaging ba dikontinente tsa Amerika di ne tsa dira gore ba simolole go leba Bokeresete ka tsela e e sa siamang.

A Modimo o tshwanetse go pegwa molato ka ntlha ya bosetlhogo jono jo bo dirilweng ke babusi ba dipolotiki le ba dikereke, ba re ba dira seo mo leineng la gagwe? Baebele ya re: “A go nne kgakala le Modimo wa boammaaruri go dira ka boikepo, le Mothatayotlhe go dira ka tshiamololo!”—Jobe 34:10.

^ ser. 12 Go ya ka metswedi mengwe ya tshedimosetso, setlankana sa el Requerimiento se ne sa fedisiwa ka 1573.