Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Switzerland

Patlisiso nngwe kwa Switzerland ya re kgonagalo ya gore motho yo o dingwaga tse di kwa godimo ga 60 a swe e kwa godimo ka diperesente di le 14 ka letsatsi la gagwe la botsalo go feta ka malatsi a mangwe. Ka kakaretso, palo ya batho ba ba swang ka ntlha ya go kubugelwa ke bolwetse jwa pelo e kwa godimo ka diperesente di le 18 ka letsatsi la bone la botsalo, ya basadi ba ba tshwarwang ke seterouku yone e kwa godimo ka diperesente di le 21 mme ya banna ba ba ipolayang e kwa godimo ka diperesente di le 35. Baitsesaense ba tsaya gore bojalwa le go gatelelwa mo maikutlong ke tsone dilo tse di dirang gore dipalo tsa batho ba ba ipolayang le tsa dikotsi di bo di oketsegile jaana. Le fa go ntse jalo, baitse bangwe ba ganetsa patlisiso eno, ba dumela gore lebaka la go bo go na le batho ba le bantsi jaana ba letlha le ba tlhokafetseng ka lone le tshwanang le le ba tshotsweng ka lone e ka tswa e le ka ntlha ya phoso e e dirilweng fa go kwalwa matlha.

Iseraele

Go direga thata gore banna ba bantle ba bilediwe go tla dipotsolotsong tsa go batla tiro fa ba tsentse setshwantsho sa bone mo lekwalong la go batla tiro; mme basadi ba bantle bone ga se gantsi ba bidiwa. Ka ntlha yang? Babatlisisi ba kwa Iseraele ba re seno se ka tswa se bakwa ke gore bontsi jwa batho ba ba berekang mo mafapheng a khiro—ba tiro ya bone e leng go tlhopha batho ba ba tla botsolediwang tiro—ke basadi. Makasine wa The Economist wa re tlhaloso “e e sa itumediseng” ke go re, “lefufa le basadi ba sa bolong go nna le lone le dira gore ba kgetholole basadi ba bantle ba ba batlang tiro.”

United States

Bosheng jaana batho ba le bararo ba ba kgatlhanong le ntwa—moitlami wa mosadi wa dingwaga di le 82 le banna ba le babedi ba ba neng ba dira le ene, wa dingwaga di le 63 le wa dingwaga di le 57—ba ne ba kgona go tsena mo lefelong lengwe le le sireletsegileng thata kwa Oak Ridge, Tennessee, le kwa go lone go beilweng ditone di le 100 tsa didirisiwa tsa nuklea, ba bo ba taka meono e e kgatlhanong le ntwa mo go nngwe ya dikago tseo. Mokwaledi wa Lefapha la Energy e bong Steven Chu, o ne a tlhalosa tiragalo eo ya go palelwa ga tshireletsego kwa “go se go tweng ke lengwe la mafelo a a sireletsegileng go a gaisa otlhe mo lefatsheng” a re ke “selo se se tlhobaetsang thata.”

Australia

Kgotlatshekelokgolo ya naga eno e batla gore dikhampani tsa motsoko di tlose mebala le meono e e tlhomologileng mo diphuthelwaneng tsa motsoko. Gone jaanong metsoko yotlhe e tshwanetse go rekisiwa e le mo diphuthelwaneng tse di mmala o o borokwa jo bo tseneletseng jo bo sa kgatlheng e bile di na le ditshwantsho tse di tshosang tse di bontshang dikotsi tsa go goga.