Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE

O ka Tshela Lobaka lo lo Kae?

O ka Tshela Lobaka lo lo Kae?

FA Harriet a swa ka 2006, o ne a na le dingwaga di le 175. Mme gone Harriet e ne e se motho. E ne e le khudu ya Galapagos e e neng e nna kwa zoo ya kwa Australia. Fa re bapisa botshelo jwa rona le jwa ga Harriet, ene o tshetse lobaka lo loleele thata. Mme fa botshelo jwa gagwe bo bapisiwa le jwa ditshedi tse dingwe, ga go sepe se se tlhomologileng ka lobaka lo a lo tshetseng. Dikai dingwe ke tseno.

  • Babatlisisi bangwe kwa Finland ba re mofuta mongwe wa kgetla e e bidiwang freshwater pearl mussel e ka tshela dingwaga di le 200.

  • Mofuta wa kgopa e e ikepelang (ocean quahog) e kgona go tshela dingwaga di feta 100 e bile go kile ga begwa gore e ne ya tshela go fitlha go dingwaga di feta 400.

  • Ditlhare dingwe tse di jaaka setlhare sa bristlecone pine, setlhare se segolo se se bidiwang sequoia le mefuta mengwe ya setlhare sa cypress le spruce di kgona go tshela diketekete tsa dingwaga.

Mme batho bone, ba gantsi go tsewang gore ke bone mofuta wa ditshedi o o gaisang e mengwe yotlhe mo lefatsheng, ba ka solofela go tshela dingwaga di le 80 kgotsa 90 fela—le fa re a tle re tseye matsapa a magolo go oketsa lobaka lwa botshelo jwa rona!

O akanyang—a re ka solofela go tshela dingwaga di ka nna masome a le robedi fela? A kgotsa go ka direga gore re tshele lobaka lo lo fetang loo kgakala? Batho ba le bantsi ba na le tsholofelo ya gore saense le thekenoloji ya tsa kalafi di tla ba thusa go tshela lobaka lo loleelenyana.

 A Saense e ka Thusa?

Saense e ile ya thusa thata mo botegeniking jo bo amanang le tsa kalafi le bongaka. Makasine wa Scientific American wa re: “Palo ya batho ba ba bolawang ke malwetse a a tshwaetsanang kgotsa ba ba swang ka nako ya pelegi [kwa United States] e fokotsegile. Dintsho tsa masea di fokotsegile ka diperesente di le 75 fa e sa le ka 1960.” Mme saense ga e a kgona go thusa gore batho ka kakaretso ba kgone go tshela lobaka lo loleelenyana. Kgatiso e nngwe ya Scientific American ya re: “Le fa go dirilwe dipatlisiso ka masomesome a dingwaga, kgang ya gore ke eng fa batho ba tsofala e sa ntse e le masaitseweng.” Le fa go ntse jalo, “bosupi bo bontsha gore motho a ka tsofala fa dithulaganyo tsa dijini di sa tlhole di bereka sentle.” Setlhogo seno se tswelela jaana: “Fa e le gore go tsofala go laolwa thata ke thulaganyo ya dijini, go a utlwala go dumela gore letsatsi lengwe go ka thibelwa.”

“Le fa go dirilwe dipatlisiso ka masomesome a dingwaga, kgang ya gore ke eng fa batho ba tsofala e sa ntse e le masaitseweng”

Fa baitsesaense bangwe ba ntse ba senka dilo tsa konokono tse di bakang go tsofala, mmogo le malwetse a a tlang le botsofe, ba sekaseka dilo tse di lemogilweng bosheng mo karolong nngwe ya thuto ya dijini e e bidiwang epigenetics. Epigenetics ke eng?

Disele tse di tshelang di na le tshedimosetso ya dijini e e tlhokegang gore go dirwe disele tse disha. Bontsi jwa tshedimosetso eno e fitlhelwa mo teng ga genome, lereo le le kayang dijini tsotlhe tse di mo teng ga DNA ya sele. Le fa go ntse jalo, bosheng jaana baitsesaense ba ile ba ithuta mo go tseneletseng ka dithulaganyo tse dingwe tse di mo teng ga sele—epigenome. Epigenetics ke go ithuta ka dithulaganyo tseno tse di kgatlhang le tsela e dikhemikale tsa tsone di dirisanang ka yone.

Tsela e dimolekhule tse di bopang epigenome di lebegang ka yone e farologane gotlhelele le ya DNA. DNA e tshwana le llere e e tshopaganeng, mme epigenome yone ke thulaganyo ya matshwao a dikhemikale a a golaganang le DNA. Tiro ya epigenome ke eng? Fela jaaka moopedisi yo o kaelang okhestra, epigenome e kaela tsela e tshedimosetso e e mo teng ga DNA e dirisiwang ka yone. Matshwao a dimolekhule a laola go dira le go se dire ga dijini go ikaegile ka se se tlhokwang ke sele mmogo le dilo tse di e amang tse di jaaka dijo, kgatelelo ya maikutlo le dikhemikale tse di botlhole tse di tswang mo seleng. Dilo tse di ribolotsweng bosheng tse di amanang le epigenome di bakile phetogo e kgolo mo disaenseng tsa thutotshelo, phetogo e e bontshang gore epigenetics e amana le malwetse mangwe, tota le go tsofala.

Mmatlisisi mongwe wa tsa epigenetics e bong Nessa Carey a re: “Go tsewa gore [dilo tse di ithutiwang mo epigenetics di] baka malwetse mangwe a a jaaka go fapoga tlhaloganyo, ramatiki ya ditokololo, kankere le ditlhabi tse di tseneletseng.” Mme ruri “di na le seabe mo go tsofaleng.” Ka jalo, go batlisisa ka epigenetics go ka nna ga felela ka gore go bonwe kalafi e e dirang ya go tokafatsa botsogo, go lwantsha malwetse—go akaretsa kankere—mme ka jalo ya oketsa lobaka lo batho ba lo tshelang. Le fa go ntse jalo, ga go lebege go tla bonwa tharabololo mo bogautshwaneng. Carey a re: “Re sa ntse re tshwere one mokgwa ole wa bogologolo [wa go thibela botsofe]” ka “go ja merogo thata” le “go itshidila mmele gantsi.”

Mme ke eng fa batho ba tsaya matsapa a a kana kana gore ba tshele lobaka lo loleele? Ke ka ntlha yang fa re batla go tshelela ruri? Lokwalodikgang longwe lwa kwa Boritane lwa The Times lo ne lwa botsa jaana: “Ke eng fa batho mo lefatsheng ka bophara ba amegile thata ka go batla tsela ya gore ba se ka ba swa, e ka tswa e le ka go dumela gore moya ga o swe, gore baswi ba tla tsoga, gore motho o tswelela a tshela fa a sena go swa kgotsa gore o tsalwa e le setshedi se sengwe?” Jaaka fa re tla tloga re bona, karabo ya potso eo e re naya lesedi ka se tota se bakang botsofe.

Ke Eng fa re Batla go Tshelela Ruri?

Fa e sale batho ba batlana le karabo ya potso eo ka diketekete tsa dingwaga. A go na  le tlhaloso e e utlwalang, e e kgotsofatsang—e e tlhalosang tsela e mebele ya rona e dirilweng ka yone mmogo le keletso ya rona ya tlholego ya go batla go tshelela ruri? Dimilionemilione tsa batho di ka araba ka ee yo o utlwalang sentle! Ka ntlha yang? Ka gonne ba bone dikarabo tse di kgotsofatsang tota mo Baebeleng malebana le tsela e motho a bopegileng ka yone.

Go tswa fela kwa tshimologong, Baebele e bontsha sentle gore le fa batho ba na le dilo tse ba tshwanang ka tsone le dibopiwa tse dingwe, ba farologane le tsone fela thata. Ka sekai, Genesise 1:27 ya re Modimo o bopile batho mo setshwanong sa gagwe. Ka tsela efe? O re neile bokgoni jwa go bontsha lorato, tshiamiso le botlhale. Mme e re ka Modimo a tshelela ruri, o re bopile re na le keletso ya go tshelela ruri. Moreri 3:11 ya re o “tlhomile bosakhutleng mo dipelong le mo megopolong ya batho.”—The Amplified Bible.

Sengwe se se bontshang gore go tswa kwa tshimologong batho ba ne ba diretswe go tshela lobaka lo loleele go feta lo re lo tshelang ke maatla a boboko, bogolo jang bokgoni jwa jone jwa go ithuta. The Encyclopedia of the Brain and Brain Disorders ya re bokgoni jwa boboko jwa motho jwa go gopola dilo nako e telele, “ga bo na mo bo felelang teng.” A bokgoni jono ga bo a direlwa go dirisiwa? Ee, go na le dilo tsa botlhokwa mo bathong tse di bontshang gore boikaelelo jwa Modimo e ne e le bofe ka batho go tswa kwa tshimologong. Mme ke ka ntlha yang fa re tsofala, re boga re bo re swa?

 Lebaka La go Bo re Tsofala Re bo Re Swa

Monna le mosadi wa ntlha ba ne ba na le mebele e e itekanetseng e bile ba na le kgololesego ya go itlhophela. Ka maswabi, ga ba a ka ba dirisa sentle kgololesego eo ya go itlhophela fa ba ne ba tsuologela Mmopi wa bone. * (Genesise 2:16, 17; 3:6-11) Go tlhoka kutlo kgotsa go leofa ga bone go ile ga dira gore ba ikutlwe ba le molato thata e bile ba swabile. Gape go ile ga dira gore mebele ya bone e koafale, mme ga felela ka gore ka iketlo ba tsene mo tseleng e e ka se tilweng e e isang losong. Temana ya 1 Bakorintha 15:56 ya re: “Lobolela lo lo bakang loso ke boleo.”

Ka tlholego fela batho ba gotsa batsadi ba bone ka dilo dingwe, ka jalo ditlogolwana tsotlhe tsa ga Adame le Efa di ne tsa rua bosaitekanelang le tshekamelo ya go leofa kgotsa go dira se se sa siamang. Baroma 5:12 ya re: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.”

Re ka swetsa ka go reng go tswa mo go se se tlhalositsweng fa godimo? Re ka swetsa ka go re: Ga re kitla re bona tsela ya go tshelela ruri ka go dira dipatlisiso mo laboratoring. Modimo ke ene fela a ka baakanyang tshenyo e e bakilweng ke boleo. A mme o tla dira jalo? Baebele e araba ka ee yo o utlwalang sentle!

“O Tla Kometsa Loso ka Bosaengkae”

Modimo o setse a tsere kgato ya botlhokwa gore a fedise boleo le loso. O ne a romela Jesu Keresete gore a tle go re swela. Loso lwa ga Jesu lo ka re thusa jang? Jesu o tshotswe a itekanetse e bile “ga a ka a dira boleo bope.” (1 Petere 2:22) Ka jalo, o ne a tshwanetse go tshelela ruri e le motho yo o itekanetseng. O ne a dirang ka botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng? O ne a ntsha botshelo jwa gagwe ka go rata gore a duelele maleo a rona. Ee, Jesu o ne a ntsha botshelo jwa gagwe “e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mathaio 20:28) Go ise go ye kae, thekololo eo e tla diragadiwa mo go rona ka botlalo. Seo se ka go ama jang? Sekaseka ditemana tseno:

  • “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”Johane 3:16.

  • “O tla kometsa loso ka bosaengkae, mme Morena Molaodimogolo Jehofa o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe.”—Isaia 25:8.

  • “Loso lo tla nyelediwa, e le mmaba wa bofelo.”—1 Bakorintha 15:26.

  • “Mogope wa Modimo o mo bathong . . . Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo.”Tshenolo 21:3, 4.

O ka tshela lobaka lo lo kae? Karabo ya Baebele e utlwala sentle: Batho ba ka nna le tsholofelo ya go tshelela ruri—tsholofelo e e tla diragadiwang fa Modimo a sena go tlosa bosula jotlhe mo lefatsheng. (Pesalema 37:28, 29) Jesu o ne a akantse ka tsholofelo eo ya botlhokwa fa a ne a raya monna yo o neng a bapotswe fa thoko ga gagwe a re: “O tla nna le nna mo Paradaiseng.”—Luke 23:43.

Ee, keletso ya batho ya go tshelela ruri ke ya tlholego e bile e ka diragadiwa. Modimo o re bopile re na le keletso eo! Mo godimo ga moo, o tla kgotsofatsa keletso eo. (Pesalema 145:16) Mme re tshwanetse go dira seabe sa rona. Ka sekai, re tshwanetse go nna le tumelo mo Modimong. Bahebera 11:6 ya re: “Kwantle ga tumelo ga go kgonege go mo itumedisa sentle [Modimo], gonne yo o atamelang Modimo o tshwanetse go dumela gore o gone le gore o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.” Go nna le tumelo e e ntseng jalo ga se go nna madumelagotlhe, go na le moo ke go tlhatswega pelo go go theilweng mo kitsong e e leng yone ya boammaaruri ka Baebele. (Bahebera 11:1) Fa o batla go nna le tumelo e e ntseng jalo, tsweetswee bua le Basupi ba ga Jehofa ba ba nnang mo lefelong la lona kgotsa o ye kwa atereseng ya rona ya Internet www.mr1310.com/tn.

^ ser. 21 Go tsuologa ga ga Adame le Efa go tsositse dikgang tse di masisi malebana le se se siameng le se sa siamang mo Modimong. Dikgang tseno, tse di tlhalosang lebaka la go bo Modimo a itshoketse bokebekwa ka nakwana, di tlhalosiwa mo bukeng e e thusang go ithuta Baebele ya Totatota Baebele e Ruta Eng? E bale mo atereseng eno ya Internet, www.mr1310.com/tn.