Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Serurubele sa Painted Lady—Masaitseweng a Senotswe

Serurubele sa Painted Lady—Masaitseweng a Senotswe

BAELADILOTLHOKO ba kwa Yuropa ga ba bolo go kgatlhiwa ke dirurubele tse di mebalabala tsa painted lady (Vanessa cardui) mme ba ile ba ipotsa gore go diragalang ka tsone nako le nako fa selemo se fela. A fa mariga a simolola, di nyelela fela? Dipatlisiso tse di sa tswang go dirwa di senola sengwe se se gakgamatsang. Dirurubele tseno di tsaya mosepele ngwaga le ngwaga fa gare ga bokone jwa Yuropa le Afrika.

Babatlisisi ba ne ba kopanya tshedimosetso e e bonweng ka radara ya maemo a a kwa godimo le ya dipego di le diketekete tsa baithaopi ba ba neng ba di bone go ralala Yuropa. Dipatlisiso tseo di ne tsa bontsha gore fa selemo se fela, dimilionemilione tsa dirurubele tsa painted lady di tsaya mesepele go ya kwa borwa, gantsi di fofela kwa bogodimong jwa dimetara di feta 500—se se dirang gore batho ba di bone sewelo. Dirurubele tseno di emela diphefo tse di di siametseng, di bo di tsamaya ka tsone ka lobelo lwa palogare ya dikilometara di le 45 ka ura di le mo loetong lo loleele lwa go ya Afrika. Loeto lwa tsone lwa ngwaga le ngwaga lo boleele jwa dikilometara di le 15 000 go tswa kwa bokone kwa dintlheng tsa Arctic le go fitlha kwa borwa, kwa Afrika Bophirima. Mosepele ono o batlile o lekana le wa serurubele sa monarch sa kwa Amerika Bokone go menagane gabedi. Gore dirurubele tseno tsa painted lady di wetse mosepele ono otlhe wa go ya le go boa, go tlhokega dikokomana tsa tsone di le thataro tse di latelanang.

Porofesa Jane Hill wa Yunibesithi ya York, kwa Engelane, o tlhalosa jaana: “Serurubele sa Painted Lady se tswelela fela se ntse se tsamaya, se ata, se sa kgaotse loeto.” Ngwaga le ngwaga, dikgato tseo di thusa dirurubele tsotlhe tseno gore di tswe kwa bokone jwa Yuropa di ye Afrika di bo di boe.

Richard Fox yo e leng manejara wa dipatlisiso kwa mokgatlhong wa Butterfly Conservation a re: “Setshedi seno se sennyennye se se bokete jo bo kwa tlase ga gerama, mme boboko jwa sone bo lekana le tlhogo ya phini e bile se se na tshono ya go ithuta mo go tse dikgolwane tse di nang le maitemogelo, se tsaya loeto lo loleele go tswa kontinenteng e nngwe go ya go e nngwe.” Gape Fox a re “go kile ga ne go akanngwa gore” tshenekegi eno “e tsamaya fela, e kgokgweediwa ke phefo go fitlha e swa ka ntlha ya mariga a a bogale a Boritane, go se na tsholofelo epe ya gore losika lwa tsone lo tla tswelela pele.” Mme patlisiso eno “e bontshitse gore dirurubele tsa Painted Lady ke ditshedi tse di botlhale tse di tsayang mesepele.”