Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng se se Tla Fedisiwang fa Bogosi Jwa Modimo bo Tla?

Ke Eng se se Tla Fedisiwang fa Bogosi Jwa Modimo bo Tla?

“Lefatshe le a feta le keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.”—1 JOH. 2:17.

PINA: 134, 24

1, 2. (a) Lefatshe leno le tshwana jang le legolegwa le le atlholetsweng loso? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.) (b) Dibopiwa tsotlhe tse di botlhale di tla ikutlwa jang fa lefatshe leno le sena go senngwa?

“BONANG KOO! Moswi wa feta!” Ano ke mafoko a a buiwang ke badisa ba kgolegelo fa ba sena go ntsha legolegwa le le kotsi mo phaposing ya lone ya kgolegelo. Ke eng fa badisa bano ba bua jalo? Monna yono o bonala a na le botsogo jo bo siameng; ga a tshwarwa ke bolwetse bope jo bo tla mmolayang. Le fa go ntse jalo, badisa ba mo isa kwa lefelong le a tlileng go bolaelwa kwa go lone. Tota e bile, go ntse jaaka e kete legolegwa leno le setse le bolailwe. *

2 Ka tsela nngwe, re ka re lefatshe leno le le boikepo le tshwana le monna yole yo o atlholetsweng loso. Le setse le atlhotswe e bile le tla senngwa mo nakong e e sa fediseng pelo. Baebele ya re: “Lefatshe le a feta.” (1 Joh. 2:17) Ruri lefatshe leno le tlile go senngwa! Mme gone, go na le pharologanyo fa gare ga go senngwa ga lefatshe le go bolawa ga legolegwa le re buileng ka lone. Fa legolegwa leno le bolawa, bangwe ba ka nna ba ngongoregela katlholo ya gagwe, ba belaela gore a e siame gongwe e bile ba nna le tsholofelo ya gore nako ya gore a bolawe e tla busediwa morago. Mme lefatshe leno lone le setse le atlhotswe ke Molaodimogolo yo o siameng wa lobopo. (Dute. 32:4) Go senngwa ga lone ga go kitla go busediwa morago e bile ga go na ope yo o tla belaelang gore a le atlhotswe sentle. Fa le sena go senngwa, dibopiwa tsotlhe tse di botlhale di tla dumalana gore tshiamiso e diragaditswe. Ruri seno se tla dira gore rotlhe re itumele!

3. Re tla sekaseka dilo dife di le nnê tse di tlileng go senngwa fa Bogosi Jwa Modimo bo tla?

3 “Lefatshe” le gotweng “le a feta,” le akaretsa eng? Bogosi Jwa Modimo bo tlile go nyeletsa dilo di le dintsi tse batho ba akanyang gore di tla nnela ruri. A seno se utlwisa botlhoko? Le e seng! Tota e bile, kgang eno ke karolo ya botlhokwa ya ‘dikgang tse di molemo tsa Bogosi.’ (Math. 24:14) Ka jalo, mma re sekaseke dilo di le nnê tse di tlileng go senngwa fa Bogosi Jwa Modimo bo tla, e leng: batho ba ba boikepo, mekgatlho e e boferefere, ditiro tse di sa siamang le maemo a lefatshe a a ngomolang pelo. Fa re ntse re tlotla ka tsone, re tla sekaseka (1) kafa dilo tseno di re amang ka gone, (2) se Jehofa a tlileng go se dira, le gore (3) o tla di emisetsa jang ka dilo tse di molemo.

BATHO BA BA BOIKEPO

4. Batho ba ba boikepo ba re ama jang?

4 Batho ba ba boikepo ba re ama jang? Fa Paulo a sena go bolelela pele gore mo metlheng eno ya bofelo go tla nna le “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone,” gape o ne a kwala jaana: “Batho ba ba boikepo le maferefere ba tla tswelela ba sulafalela pele.” (2 Tim. 3:1-5, 13) A o setse o bone mafoko ano a boporofeti a diragadiwa? Bontsi jwa rona re ile ra amiwa ke batho ba ba boikepo ba ba jaaka batho ba ba dikgoka ba ba kgerisang, ba ba tlhogoethata e bile ba tletse letlhoo le dikebekwa tse di setlhogo. Bangwe ba bone ba dira ditiro tseo tse di boikepo ba sa iphitlhe; ba bangwe ke baitimokanyi mme ba fitlha se ba leng sone gore go lebege e kete ba itshiametse fela. Tota le fa re ise re diragalelwe ke dilo tseo, ka tsela nngwe batho bao ba ba boikepo ba a re ama. Fa re utlwa ka dilo tse di tsitsibanyang mmele tse ba di dirang, re utlwa botlhoko. Mme tsela e batho ba ba boikepo ba sotlang bana, bagodi le batho ba bangwe ba ba sa kgoneng go iphemela, ruri e a boifisa. Batho ba ba boikepo ba itshwara ka tsela e e dirang gore go nne e kete ga ba a tlwaelega, ke diphologolo kgotsa ba laolwa ke madimona. (Jak. 3:15) Se se itumedisang ke gore Lefoko la Modimo le re gomotsa ka dikgang tse di molemo.

5. (a) Baikepi ba sa ntse ba na le tshono ya go dira eng? (b) Go tla direga eng ka batho ba ba boikepo ba ba ganang go fetoga?

5 Jehofa o tlile go dira eng? Gone jaanong, Jehofa o naya batho ba ba boikepo tshono ya gore ba fetoge. (Isa. 55:7) Go farologana le tsamaiso eno e e setseng e atlhotswe, batho ba ba boikepo bone ga ba ise ba atlholwe. Mme gotweng ka batho ba ba ganang go fetoga, ba ba tswelelang ba ema lefatshe leno nokeng go fitlha ka nako ya pitlagano e kgolo? Jehofa o re solofetsa gore o tla fedisa batho ba ba boikepo. (Bala Pesalema 37:10.) Batho ba ba boikepo ba ka tswa ba akanya gore ba ka se diragalelwe ke sepe. Ba tlwaetse go dira dilo tse di bosula mo sephiring mme go le gantsi go ka lebega e kete ga ba nke ba otlhaiwa kgotsa ba diragalelwa ke sepe se se bosula. (Jobe 21:7, 9) Le fa go ntse jalo, Baebele e re bolelela jaana: “Matlho a [Modimo] a mo ditseleng tsa motho, mme o bona dikgato tsotlhe tsa gagwe. Ga go na lefifi lepe le fa e le moriti o montsho gore ba ba dirang se se utlwisang botlhoko ba tle ba iphitlhe mo go one.” (Jobe 34:21, 22) Ga go na ope yo o ka kgonang go iphitlhela Jehofa Modimo. Ga go na ope yo o ka mo tsietsang ka gonne Jehofa o kgona go bona sengwe le sengwe se baikepi ba se dirang, le fa ba ka tswa ba dira dilo tseo mo lefifing la mma ntshwarele ngwana. Ka jalo, morago ga Haramagedona, baikepi botlhe ba tla bo ba nyeleditswe. Ba tla bo ba sa tlhole ba le gone.—Pes. 37:12-15.

6. Go tla sala batho ba ba ntseng jang mo lefatsheng, mme ke eng fa seo e le dikgang tse di molemo?

6 Go tla sala batho ba ba ntseng jang mo lefatsheng? Jehofa o re solofetsa jaana: “Ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.” Gape a re: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.” (Pes. 37:11, 29) “Ba ba pelonolo” le ba ba ‘siameng’ ke bomang? Ba ba pelonolo ke ba ba amogelang thuto ya ga Jehofa e bile ba kaelwa ke ene mme ba ba siameng bone ke ba ba ratang go dira dilo tse di itumedisang Jehofa Modimo. Gone jaanong, batho ba ba bosula ba bantsi thata go gaisa ba ba siameng. Mme mo lefatsheng le lesha, batho ba ba bosula ba tla bo ba seyo gotlhelele, go tla bo go na le batho ba ba siameng fela. Eleruri batho bano ba tla dira gore lefatshe e nne paradaise!

MEKGATLHO E E BOFEREFERE

7. Mekgatlho e e boferefere e re ama jang?

7 Mekgatlho e e boferefere e re ama jang? Bontsi jwa dilo tse di bosula tse di diregang mo lefatsheng ga di dirwe ke batho mme di dirwa ke mekgatlho. Ka sekai, akanya ka mekgatlho ya bodumedi e e tsietsang batho ba le bantsi fa e tlhalosa gore Modimo o ntse jang, gore a re ka ikanya Baebele, gore go tla direga eng ka lefatshe le batho mo isagweng le dikgang tse dingwe tse dintsi. Mme gotweng ka dipuso tse di tlhotlheletsang dintwa le go sa utlwane ga ditso tse di farologaneng, tse di gatelelang batho ba ba humanegileng le tse di humileng thata ka gonne di amogela pipamolomo e bile di tlhaola batho? Gape gotweng ka mekgatlho e e bogagapa e e kgotlelang lefatshe, e e fetsang metswedi ya dilo tsa tlholego le e e jang batho ntsoma gore bangwe ba ba rileng ba hume fa bontsintsi jwa batho bone ba sotlega? Ga go na pelaelo gore mekgatlho e e boferefere ke yone e tlisetsang batho mahutsana gompieno.

8. Baebele ya re go tla direga eng ka mekgatlho ya gompieno e batho ba le bantsi ba akanyang gore e tla nnela ruri?

8 Jehofa o tlile go dira eng? Pitlagano e kgolo e tla simolola fa mekgatlho ya dipolotiki e tlhasela mekgatlho yotlhe ya bodumedi jwa maaka e e tshwantshediwang ke seaka se se bidiwang Babelona yo Mogolo. (Tshen. 17:1, 2, 16; 18:1-4) Mekgatlho eo ya bodumedi e tlile go senngwa gotlhelele. Mme gotweng ka mekgatlho e mengwe e e seng ya bodumedi? Mo Baebeleng, dithaba le ditlhaketlhake di tshwantshiwa le mekgatlho e mentsi ya gompieno e batho ba akanyang gore e tla nnela ruri. (Bala Tshenolo 6:14.) Lefoko la Modimo la re dipuso le mekgatlho e e di emang nokeng di tla fedisiwa. Seno se tla direga ka nako ya karolo ya bofelo ya pitlagano e kgolo, fa Jehofa a tla bo a nyeletsa dipuso tsotlhe tse di leng kgatlhanong le Bogosi Jwa Modimo le botlhe ba ba di emang nokeng. (Jer. 25:31-33) Morago ga moo, ga go kitla go tlhola go nna le mekgatlho epe e e boferefere!

9. Ke eng fa re tlhomamisegile gore lefatshe le lesha le tla bo le rulagane sentle?

9 Mekgatlho e e boferefere e tla emisediwa ka eng? A go tla bo go na le mokgatlho mongwe mo lefatsheng morago ga Haramagedona? Baebele e re bolelela jaana: “Go na le magodimo a masha le lefatshe le lesha tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya gagwe, mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.” (2 Pet. 3:13) Magodimo le lefatshe la bogologolo e leng dipuso tsa batho le mekgatlho yotlhe e e laolwang ke dipuso tseo, di tla bo di sa tlhole di le teng. Di tla emisediwa ka eng? Polelwana e e reng, “magodimo a masha le lefatshe le lesha” e raya gore go tla bo go na le puso e ntšha le mokgatlho wa mo lefatsheng o o tla bong o laolwa ke puso eo. Bogosi joo jo bo tla bong bo busiwa ke Jesu Keresete bo tla dira dilo ka thulaganyo go ya ka tsela e Jehofa a di dirang ka yone e re ka e le Modimo wa thulaganyo. (1 Bakor. 14:33) Ka jalo, “lefatshe le lesha” le tla bo le rulagane sentle. Go tla tlhomiwa banna ba ba siameng gore ba tlhokomele dilo. (Pes. 45:16) Banna bao ba tla bo ba kaelwa ke Keresete le babusimmogo le ene ba ba 144 000. Akanya fela gore go tla bo go ntse jang fa mekgatlho yotlhe e e boferefere e tla bo e emiseditswe ke mokgatlho o o rulaganeng sentle le o o siameng!

DITIRO TSE DI SA SIAMANG

10. Ke dilo dife tse di sa siamang tse di diregang mo lefelong le o nnang mo go lone, mme dilo tseno di ama wena le ba lelapa la gago jang?

10 Ditiro tse di sa siamang di re ama jang? Re tshela mo lefatsheng le le tletseng dilo tse di sa siamang. Lefatshe leno le tletse ka boitsholo jo bo sa siamang, go sa ikanyege le thubakanyo e e setlhogo. Gantsi batsadi ba tshwara phage ka mangana fa ba ntse ba leka go sireletsa bana ba bone mo dilong tseno tse di bosula. Boitlosobodutu jo bo dirang gore dilo tse di sa siamang di lebege di kgatlha le jo bo nyenyefatsang melao ya ga Jehofa malebana le se se siameng le se se sa siamang bo ntse bo oketsega thata. (Isa. 5:20) Bakeresete ga ba a tshwanela go rata dilo tse di ntseng jalo. Go na le moo, ba leka ka natla go tswelela ba ikanyega le fa gone ba tshela mo lefatsheng le le rotloetsang batho gore ba se ka ba tlotla melao ya ga Jehofa.

11. Re ithuta eng mo tseleng e Jehofa a ileng a atlhola Sodoma le Gomora ka yone?

11 Jehofa o tlile go dira eng ka ditiro tse di sa siamang? Akanya ka se a ileng a se dira ka bosula jo bo neng bo dirwa kwa Sodoma le Gomora. (Bala 2 Petere 2:6-8.) Monna yo o siameng e bong Lote o ne a utlwisiwa botlhoko ke boitsholo jo bo sa siamang jwa batho ba motse oo. Fa Jehofa a ne a senya motse oo, o ne a sa fedise bosula fela, mme gape o ne “a tlhomela baikepi sekao sa dilo tse di tla tlang.” Fela jaaka Jehofa a ile a fedisa boitsholo jo bo sa siamang ka nako eo, o tla fedisa bosula jotlhe fa a atlhola lefatshe leno le le boikepo.

12. Ke ditiro dife tse o lebileng pele go di dira kwa lefatsheng le lesha?

12 Ditiro tse di sa siamang di tla emisediwa ka eng? Go tla bo go na le tiro e ntsi e e itumedisang kwa Paradaiseng. Akanya gore go tla bo go itumedisa jang go fetola lefatshe paradaise le go aga matlo a re tla nnang mo go one le ba malapa a rona. Akanya ka nako ya fa re tla bo re amogela batho ba bantsi ba ba tsositsweng le fa re tla bo re ba ruta ka ditsela tsa ga Jehofa le kafa a ileng a dirisana ka gone le batho mo nakong e e fetileng. (Isa. 65:21, 22; Dit. 24:15) Re tla bo re tshwaregile ka ditiro tse di re itumedisang le tse di tla dirang gore leina la ga Jehofa le bakwe.

MAEMO A LEFATSHE A A NGOMOLANG PELO

13. Botsuolodi jwa ga Adame le Efa le jwa ga Satane bo dirile gore go nne le maemo afe a a ngomolang pelo?

13 Maemo a lefatshe a a ngomolang pelo a re ama jang? Batho ba ba boikepo, mekgatlho e e boferefere le ditiro tse di sa siamang di dira gore go nne le maemo a lefatshe a a ngomolang pelo. Tota ke mang yo a ka reng ga a amiwe ke dintwa, khumanego le tlhaolele? Mme gotweng ka bolwetse le loso? Dilo tseno di re ama rotlhe. Di nnile gone ka ntlha ya go bo Satane, Adame le Efa ba ile ba tsuologela Jehofa. Ga go ope wa rona yo a ka tshabelang tlhakatlhakano e e bakilweng ke botsuolodi jwa bone.

14. Jehofa o tla dira eng ka maemo a lefatshe a a ngomolang pelo? Naya sekai.

14 Jehofa o tla dira eng ka maemo a lefatshe a a ngomolang pelo? Akanya ka dintwa. Jehofa o solofetsa gore o tla di fedisetsa ruri. (Bala Pesalema 46:8, 9.) Gotweng ka bolwetse? Le jone o tla bo fedisa. (Isa. 33:24) Loso lone? Jehofa o tla lo kometsa ka bosaengkae! (Isa. 25:8) Gape o tla fedisa khumanego. (Pes. 72:12-16) O tla dira jalo le ka maemo a mangwe otlhe a a ngomolang pelo a a dirang gore re se ka ra itumelela botshelo gompieno. Tota e bile, o tla fedisa “moya” o o sa siamang wa lefatshe leno, ka gonne tlhotlheletso ya ga Satane le madimona a gagwe e tla bo e sa tlhole e le teng.—Baef. 2:2.

Akanya ka nako ya fa go tla bo go se na dintwa, bolwetse le loso! (Bona serapa 15)

15. Ke dilo dife tse di tla bong di sa tlhole di le gone morago ga Haramagedona?

15 Akanya gore botshelo bo tla bo ntse jang fa go se na dintwa, bolwetse le loso. Akanya fela! Go tla bo go sa tlhole go na le masole. Go tla bo go se na dibetsa kgotsa meletlo ya go gopola batho ba ba swetseng kwa ntweng. Go tla bo go se na dipetlele, dingaka, baoki e bile re tla bo re sa tlhoke go duelela inshorense ya kalafi. Mo godimo ga moo, go tla bo go se na dimmoshara kgotsa mabitla. Mme e re ka go tla bo go se na bokebekwa, ga go kitla go tlhokega dikgwebo tsa tshireletsego le mapodise, tota e bile, gongwe go tla bo go se na dikeetane le dilotlolo. Ga go na sepe se se tla tlholang se re tlhobaetsa.

16, 17. (a) Batho ba ba tla falolang Haramagedona ba tla ikutlwa jang? Tshwantsha. (b) Re tshwanetse go dira eng gore re falole go senngwa ga lefatshe leno le le boikepo?

16 Botshelo bo tlile go nna jang fa dilo tse di tlhobaetsang di seyo? Boammaaruri ke gore ga go motlhofo go akanya ka botshelo jo bo se nang mathata. Ke eng fa re rialo? Ka gonne go setse go fetile nako e telele thata re tshela mo maemong a a sa itumediseng mo re sa tlholeng re lemoga gore maemo ao a re utlwisa botlhoko go le kana kang. Ka sekai, batho ba ba nnang gaufi le seteishene sa terena, ba ka nna ba bo ba sa tlhole ba utlwalelwa ke modumo wa terena le ba ba nnang gaufi le thotobolo ya matlakala ba ka nna ba bo ba sa tlhole ba utlwalelwa ke monko wa yone. Mme fa dilo tseo di sa tlhole di le teng, seo se dira gore batho bao ba imologe.

17 Go tla direga eng ka matshwenyego a re nang le one gone jaanong? Pesalema 37:11 ya re: “Ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.” A mafoko ao ga a go itumedise? Seno ke se Jehofa a se go batlelang. Ka jalo, dira sotlhe se o ka se kgonang gore o nne o atamalane le Jehofa Modimo le phuthego ya gagwe mo malatsing ano a bofelo a a thata! Anaanela tsholofelo e o nang le yone, nna o akantse ka yone, dira gore e nne ya mmatota mo go wena mme o bolelele ba bangwe ka yone! (1 Tim. 4:15, 16; 1 Pet. 3:15) Fa o ka dira jalo, o ka tlhomamisega gore ga o kitla o fedisiwa le lefatshe leno le le atlholetsweng tshenyego. Go na le moo, o tla tshela ka bosakhutleng o itumetse!

^ ser. 1 Serapa seno se bua ka mokgwa mongwe wa bogologolo o o neng o tlwaelegile kwa dikgolegelong mo dikarolong dingwe tsa United States.