Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o badile ditlhogo tsa ngwaga ono tsa Tora ya Tebelo ka kelotlhoko? Leka go bona gore a o ka kgona go araba dipotso tseno:

Jehofa o dirisana jang le basadi?

Jehofa ga a tlhaole basadi e bile ga a tseye gore banna ba botlhokwa go ba gaisa. Go na le moo, o kgatlhegela tsela e ba ikutlwang ka yone le dilo tse di ba tshwenyang. Mo godimo ga moo, o tshepa gore ba ka kgona go dira tiro e a ba neileng yone.​—w24.01, ts. 15-16.

Re ka dirisa jang kgakololo e e mo go Baefeso 5:7, e e reng: “Lo se ka lwa amana le bone ka gope”?

Moaposetoloi Paulo o ile a re tlhagisa gore re se ka ra itsalanya le batho ba ba tla dirang gore go nne thata gore re ikobele melao ya ga Jehofa. Batho ba ba bosula e ka nna batho ba re fetsang nako le bone kgotsa ba re tlotlang le bone mo metsweding ya go ikgolaganya le batho.​—w24.03, ts. 22-23.

Ke dikgang dife tse di seng boammaaruri tse re tshwanetseng go ikela tlhoko mo go tsone?

Ga re a tshwanela go reetsa dikgang tse re di bolelelwang ke bakaulengwe le bokgaitsadi mme ba sa dira dipatlisiso gore a di boammaaruri. Gape ga re a tshwanela go bala di-email tse re di romelelwang ke batho ba re ba tlwaetseng le batlhanogi ba ba itirang e kete ba batla go ithuta Baebele.​—w24.04, ts. 12.

Ke eng se re se itseng le se re sa se itseng ka gore Jehofa o tla atlhola jang Kgosi Solomone, batho ba a ileng a ba fedisa kwa Sodoma le Gomora le ka nako ya Morwalela?

Ga re itse gore a Jehofa o dirile tshwetso ya gore ga a kitla a ba tsosa. Mme se re se itseng ke gore Jehofa o itse se se mo pelong ya mongwe le mongwe le gore o kutlwelobotlhoko.​—w24.05, ts. 3-4.

Go itse gore Jehofa ke “Lefika” go re netefaletsa eng? (Dute. 32:4)

Jehofa o a re sireletsa ka dinako tsa mathata. O a ikanyega, ka metlha o dira dilo tse a re solofeditseng tsone. Ga a fetoge, o dira se a ikaeletseng go se dira e bile botho jwa gagwe ga bo fetoge.​—w24.06, ts. 26-28.

Ke eng se se ka go thusang fa o fudugela kwa phuthegong e nngwe?

Ikaege ka Jehofa ka gonne o tla go thusa fela jaaka a ile a thusa batlhanka ba gagwe ba mo nakong e e fetileng. O se ka wa bapisa bakaulengwe le bokgaitsadi ba phuthego e o tswang kwa go yone le ba e o fudugetseng mo go yone. Dira ditiro tse di farologaneng mo phuthegong e bile o leke go dira ditsala.​—w24.07, ts. 26-28.

Re ithuta eng mo ditshwantshong tse tharo tse go buiwang ka tsone mo go Mathaio kgaolo 25?

Setshwantsho sa dinku le dipodi se re ruta gore re tshwanetse go ikanyega. Setshwantsho sa makgarebane a a botlhale le a a dieleele se re ruta gore go botlhokwa gore re nne re ipaakantse e bile re ntshitse matlho dinameng. Setshwantsho sa ditalenta se re ruta gore re tshwanetse go dira ka natla.​—w24.09, ts. 20-24.

Mathudi a tempele ya ga Solomone a ne a le bogodimo jo bokae?

Mo go 2 Ditiragalo 3:4, dithanolo tse dingwe tsa re mathudi a ne a le bogodimo jwa “dikubita di le 120.” Mo go rayang gore a ne a le bogodimo jwa dimetara di le 53. Mme gone, mekwalo e mengwe e e ka ikanngwang e a re bogodimo jwa one e ne e le “dikubita di le 20,” kgotsa mo e ka nnang dimetara di le 9. Mme go lebega mekwalo eo e bua ka bokima jwa dipota tsa tempele.​—w24.10, ts. 31.

Baebele e raya jang fa e re motlhanka wa bodiredi “a nne le mosadi a le mongwe”? (1 Tim. 3:12)

E raya gore o tshwanetse go nyala mosadi a le mongwe fela, e bile ga a a tshwanela go dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Mo godimo ga moo, ga a a tshwanela go kgatlhegela basadi ba bangwe.​—w24.11, ts. 19.

Goreng re ka re ga re a tshwanela go dira se se buiwang mo go Johane 6:53 ka nako ya Dijo Tsa Morena Tsa Maitseboa?

Mo go Johane 6:53, Jesu a re re tshwanetse go ja nama ya gagwe le go nwa madi a gagwe. Jesu o ne a bua mafoko ano ka 32 C.E. kwa Galalea. O ne a a bolelela Bajuda ba ba neng ba sa dumele mo go ene. Mme o ile a simolola Dijo Tsa Morena Tsa Maitseboa ngwaga moragonyana kwa Jerusalema. Fa a le koo, o ne a bua le batho ba a tla busang le bone.​—w24.12, ts. 10-11.