TORA YA TEBELO—MAKASINE O O ITHUTIWANG January 2017

Makasine ono o na le ditlhogo tsa thuto tsa February 27 go ya go April 2, 2017.

Ba Ithaopile ka go Rata

Bontsi jwa bokgaitsadi ba ba neng ba direla kwa moseja, ba kile ba bo ba okaoka go ya go direla koo. Ke eng se se ba thusitseng go nna pelokgale? Ba ithutile eng ka go direla kwa nageng e sele?

“Ikanye Jehofa Mme o Dire Molemo”

Jehofa o itumelela go re thusa, mme gone, o lebeletse gore le rona re dire se re ka se kgonang. Temana ya rona ya ngwaga ya 2017 e re thusa jang go itse se re kgonang go se dira le se re sa kgoneng go se dira?

Anaanela Mpho e o Nang le Yone ya go Itlhophela

Baebele ya reng ka kgololesego ya go itlhophela? O ka tlotla jang kgololesego ya ba bangwe ya go itlhophela?

Botlhokwa Jwa go Nna Boingotlo

Boingotlo ke eng mme go nna boingotlo go amana jang le go nna boikokobetso? Ke eng fa go le botlhokwa go nna boingotlo?

Go Nna Boingotlo Le fa Re Lebana le Diteko

Re ka nna boingotlo jang fa maemo a rona a fetoga, fa re tshwaiwa diphoso kgotsa re tlotlomadiwa le fa re sa itse gore isagwe e re tshwaretse eng?

“Dilo Tseno di Neye Banna ba ba Ikanyegang”

Ke eng fa Bakeresete ba ba godileng ba tshwanetse go thusa ba basha go dira dikabelo tse di oketsegileng mo phuthegong? Ba basha ba ka bontsha jang gore ba anaanela bakaulengwe ba ba sa bolong go etelela pele?

A o Ne o Itse?

Mo metlheng ya bogologolo, batho ba ne ba tsamaya ka molelo jang?