Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Samuele o Tsweletsa Pele Kobamelo ya Boammaaruri

Samuele o Tsweletsa Pele Kobamelo ya Boammaaruri

Samuele o Tsweletsa Pele Kobamelo ya Boammaaruri

MOPOROFETI mongwe o kgalemela badumedi ka ene ba ba kopang gore ba nne le kgosi ya motho mme o ba kopa gore ba ikobele Modimo. Go bontsha gore o na le maatla, o kopa Jehofa sesupo sa gore a nese pula ya matlakadibe. Dipula tsa matlakadibe di na ka sewelo kwa Iseraele ka nako eno ya ngwaga, ka nako ya thobo ya korong. Le fa go ntse jalo, Modimo o tlisa ditumo tsa maru le pula. Seo se ne sa dira gore batho ba boife Jehofa le moemedi wa gagwe e bong Samuele fela thata.—1 Samuele 12:11-19.

Moporofeti Samuele gape e ne e le mokwadi. Dipego tsa gagwe tsa hisitori tse di tlhalosang ditiragalo di le dintsi tse di kgatlhang di akaretsa dingwaga di ka nna 330 e bile di akaretsa ditiro tse di gakgamatsang tsa Baatlhodi ba Iseraele. Ka sekai, pego ya botshelo jwa ga Samesone, monna yo o nonofileng thata yo o kileng a tshela, e dirile gore batho ba tlhotlheletsege go tlhama maboko le mmino wa opera le go diragatsa mo seraleng le mo dibaesekopong. (Baatlhodi, kgaolo 13-16) Gape Samuele o kwadile ka Ruthe le matsalaagwe, Naomi, ba ka bobedi e neng e le batlholagadi e bile ba humanegile. Pego eno e e boammaaruri e e felelang ka tsela e e itumedisang le yone e kgatlha thata fela jaaka ya ga Samesone.—Ruthe, kgaolo 1-4.

Ke dithuto dife tse re ka ithutang tsone mo dibukeng tsa ga Samuele le mo botshelong jwa gagwe? O ne a tsweletsa pele kobamelo ya boammaaruri jang?

Dingwaga Tsa Gagwe Tsa Bosha

Rraagwe Samuele e bong Elekana, e ne e le moobamedi wa ga Jehofa le monna yo o lorato. Mosadi wa ga Elekana e bong Hana e ne e le mosadi yo o nonofileng semoyeng. Kwa ntlong ya ga Jehofa kwa Shilo, Hana yo e leng moopa o ne a rapela jaana ka tlhoafalo a ikana: “Ao Jehofa wa masomosomo, fa ruri o ka leba pogisego ya lelata la gago mme wa nkgakologelwa ruri, mme wa se ka wa lebala lelata la gago mme ruri wa naya lelata la gago ngwana wa mosimane, ke tla mo naya Jehofa ka malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe, mme legare ga le kitla le tla mo tlhogong ya gagwe.” (1 Samuele 1:1-11) Seno se ne se raya gore ba ne ba tla abela Jehofa ngwana yono gore a mo dirise mo tirelong ya gagwe.

Hana o ne a rapela mo pelong. Pego ya re: “Dipounama tsa gagwe ke tsone fela di neng di tshikinyega.” Moperesiti yo Mogolo Eli o ne a tsaya gore o ne a tagilwe mme a mo kgalemela. Le fa go ntse jalo, Hana o ne a tlhalosa boemo jwa gagwe ka tlotlo mme Eli a re: “Tsamaya ka kagiso, mme e kete Modimo wa Iseraele a ka go naya kopo e o e kopileng mo go ene.” Jehofa o ne a utlwa thapelo ya ga Hana ka go bo pego eno e tswelela jaana: “Ga diragala gore fa ngwaga o wela Hana a ima mme a tshola morwa a ba a mo raya leina a re Samuele, ka gonne o ne a re, ‘ke mo kopile mo go Jehofa.’”—1 Samuele 1:12-20.

Samuele o ne a godisediwa mo “kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baefeso 6:4) Ka bonako fela fa Samuele a se na go kgwisiwa, Hana o ne a mo tlisa mo ntlong ya Modimo kwa Shilo mme a mo neela Moperesiti yo Mogolo Eli. Kafa tlase ga tlhokomelo ya gagwe, mosimane a “nna modiredi wa ga Jehofa.” Hana o ne a bontsha boitumelo jwa gagwe jo bogolo mo mafokong a gagwe a go leboga a a neng a kwalwa ke Samuele ka boene moragonyana.—1 Samuele 2:1-11.

Fa o le motsadi, a o kgothaletsa ngwana wa gago go dira tirelo ya ga Jehofa go nna tiro ya botshelo jotlhe? Go tsweletsa pele kobamelo ya boammaaruri ke selo se se molemo go gaisa tsotlhe se motho a ka dirisang maatla a gagwe mo go sone.

Samuele o ne a tlwaelana sentle le botshelo jwa kwa lefelong le le boitshepo. O ne “a tswelela a gola fa pele ga ga Jehofa” mme a “ratega mo ponong ya ga Jehofa le ya batho.” O ne a bontsha dinonofo tsa bomodimo tse di neng tsa dira gore a ratwe ke batho ba bangwe.—1 Samuele 2:21, 26.

Re ka se ka ra bua jalo ka bomorwa Eli ba ba se nang molemo wa sepe e bong Hofeni le Finease, ba ba ‘neng ba sa tlotle Jehofa.’ Ba ne ba dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le go itseela dikarolo tse di molemolemo tsa ditlhabelo tse batho ba neng ba di tlisa mo lefelong le le boitshepo. Modimo o ne a setse a rometse moporofeti go itsise katlholo e Eli a neng a ka e lebelela, e e neng e akaretsa loso la bomorwawe. (1 Samuele 2:12, 15-17, 22-25, 27, 30-34) Jehofa o ne a tla dirisa Samuele go bolela molaetsa o mongwe wa katlholo.

Samuele ke Moporofeti

Modimo o ne a raya Samuele a re: “O mmolelele [Eli] gore ke atlhola ntlo ya gagwe ka bosakhutleng ka ntlha ya tlolo e a e itsileng, ka gonne bomorwawe ba hutsa Modimo, mme ga a ba kgalema.” E ne e se molaetsa o o motlhofo go o bolela, mme Eli o ne a kopa Samuele gore a se ka a mo fitlhela se Jehofa a mmoleletseng sone. Ka jalo Samuele o ne a bolela sotlhe se Jehofa a neng a se buile. Go ne go tlhokega bopelokgale!—1 Samuele 3:10-18.

Fa Samuele a ntse a gola, Iseraele yotlhe e ne ya lemoga gore e ne e le moporofeti wa Modimo. (1 Samuele 3:19, 20) Katlholo e Samuele a neng a e bolelela pele e ne ya simolola fa Iseraele a fenngwa botlhoko ke Bafilisitia. Hofeni le Finease ba ne ba swa mo ntweng mme Bafilisitia ba ne ba tsaya letlole la kgolagano la ga Jehofa. Fa Eli a se na go utlwa ka loso la bomorwawe le ka Letlole, a wa mo setulong a wela kwa morago, a robega molala mme a swa!—1 Samuele 4:1-18.

Dingwaga di le 20 moragonyana, Samuele o ne a kopa Baiseraele go tlogela kobamelo ya maaka. Ba ne ba tsibogela seo ka go senya medingwana ya bone, ba itima dijo le go ipolela maleo a bone. Samuele o ne a rapela mme a ntsha tshupelo e e fisiwang mo boemong jwa bone. Matswela e ne ya nna afe? Fa Bafilisitia ba ba tlhasela, Modimo o ne a dira gore ba tlhakane ditlhogo, mme go tlhasela ga Baiseraele go ne ga dira gore ba fenye mmaba. Ka thuso ya ga Jehofa, boemo jwa Baiseraele bo ne jwa tokafala fela thata, mme ba tsaya gape naga e Bafilisitia ba neng ba e gapile mo go bone.—1 Samuele 7:3-14.

Ruri Samuele o ne a tsweletsa pele kobamelo ya boammaaruri. Ka sekai, o ne a tlhomamisa gore dingwe tsa dilo tse di neng di thopilwe kwa ntweng di dirisediwe go tlhokomela motlaagana. O ne a thusa go rulaganya meletlo ya Tlolaganyo le tiro ya Balefi ba batlhokomedi ba dikgoro. (1 Ditiragalo 9:22; 26:27, 28; 2 Ditiragalo 35:18) Go tswa kwa legaeng la gagwe kwa Rama, Samuele o ne a tsaya maeto ngwaga le ngwaga go ya go dira tiro ya go atlhola kwa metseng e e farologaneng. O ne a itsege ka go ikanyega e bile a sa tlhaole batho. Ka gonne batho ba ne ba tlotla Samuele, o ne a kgona go ba thusa semoyeng. (1 Samuele 7:15-17; 9:6-14; 12:2-5) Kwantle ga pelaelo go ikanyega le bomoya jwa gagwe bo ne jwa tlhotlheletsa batho ba le bantsi go latela sekao sa gagwe. A sekao sa ga Samuele se a go tlhotlheletsa le wena?

Iseraele e Kopa Kgosi

Mo botsofeng jwa gagwe, Samuele o tlhoma bomorwawe, Joele le Abija go nna baatlhodi. Ga “ba a ka ba tsamaya mo ditseleng tsa gagwe, mme ba ne ba sekametse mo go saleng poelo e e sa siamang morago e bile ba amogela pipamolomo le go sokamisa katlholo.” Boitshwaro jwa bone bo ne jwa dira gore banna ba bagolwane ba Iseraele ba kope go tlhomelwa kgosi. (1 Samuele 8:1-5) Seno se ne se le bosula mo matlhong a ga Samuele. Le fa go ntse jalo, fa a ne a rapela ka gone, Jehofa o ne a re: “Ga ba a gana wena, mme ba ganne nna gore ke se ka ka nna kgosi ya bone.” (1 Samuele 8:6, 7) Modimo o ne a bolelela Samuele go neela batho se ba se kopang le go ba tlhagisa gore fa ba ipusa ba ne ba tla latlhegelwa ke ditshwanelo dingwe le kgololesego e e rileng. Fa batho ba ne ba gatelela gore ba batla kgosi, Jehofa o ne a rulaganya gore Samuele a tlotse Saulo go nna kgosi.—1 Samuele 8:6-22; 9:15-17; 10:1.

Samuele o ne a tshegetsa thulaganyo eno le fa a ne a belaela. Fa Baiseraele ba se na go fenya Baamona, o ne a phutha batho kwa Gilegala go tlhomamisa bogosi jwa ga Saulo. (1 Samuele 10:17-24; 11:11-15) Samuele o ne a tlotla ka hisitori ya Iseraele mme a gakolola kgosi le batho go ikobela Jehofa. Modimo o ne a araba thapelo ya ga Samuele ka pula ya matlakadibe jaaka go umakilwe kwa tshimologong. Pula eo e ne ya dira gore batho ba amogele phoso ya bone ya go gana Jehofa. Fa ba ne ba kopa Samuele gore a ba rapelele, o ne a re: “Go ka se direge gore ke leofele Jehofa ka go kgaotsa go lo rapelela; mme ke tla lo laya ka tsela e e molemo le e e siameng.” A bo e le sekao sa lorato lo lo ikanyegang mo go Jehofa le mo bathong ba gagwe! (1 Samuele 12:6-24) A le wena o ikemiseditse go tshegetsa dithulaganyo tsa puso ya Modimo le go rapelela badumedikawena?

Dikgosi Tse Pedi Tsa Ntlha Tsa Batho Tsa Iseraele

Saulo e ne e le monna yo o ikokobeditseng yo o amogelwang ke Modimo. (1 Samuele 9:21; 11:6) Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, o ne a tlhokomologa kaelo ya Modimo. Ka sekai, Samuele o ne a mo kgalemelela go isa tshupelo go na le gore a lete jaaka a ne a laetswe. (1 Samuele 13:10-14) Fa Saulo ka ntlha ya go tlhoka kutlo a ne a boloka botshelo jwa Kgosi Agage wa Moamaleke, Samuele o ne a mo raya a re: “Jehofa o gagotse puso ya segosi ya Iseraele mo go wena gompieno, mme ruri o tla e naya mongwe ka wena yo o botoka mo go wena.” Samuele ka boene o ne a bolaya Agage mme a hutsafalela Saulo.—1 Samuele 15:1-35.

Kgabagare Jehofa o ne a raya Samuele a re: “O tla hutsafalela Saulo ka lobaka lo lo kae, fa nna, kafa letlhakoreng le lengwe, ke mo ganne gore a se tlhole a busa e le kgosi ya Iseraele?” Ka nako eo, Jehofa a romela Samuele kwa Bethelehema go tlotsa morwa wa ga Jese go nna kgosi. Samuele o ne a sekaseka mongwe le mongwe wa bomorwa Jese go fitlha Jehofa a dumela gore Dafide, yo mmotlana mo go bone, a tlodiwe. Ka letsatsi leo, Samuele o ne a ithuta thuto e e botlhokwa: “Modimo ga a bone kafa motho a bonang ka gone, ka gonne motho fela o bona se se bonalang mo matlhong; mme Jehofa ene, o bona se pelo e leng sone.”—1 Samuele 16:1-13.

E re ka go tlhoka kutlo ga ga Saulo go ne ga utlwisa Samuele botlhoko, ruri o tshwanetse a bo a ile a hutsafala go bona Saulo a tlhoile Dafide ka letlhoo la go batla go mmolaya! Go sa kgathalasege diteko tseno, Samuele o ne a nna a tlhagafetse mo botsofeng jwa gagwe mme a dira se a ka se kgonang mo tirelong ya ga Jehofa.—1 Samuele 19:18-20.

Boswa Jwa ga Samuele

Fa Samuele a se na go swa, Baiseraele ba ne ba hutsafalela moporofeti yono yo o ikokobeditseng le yo o pelokgale yo o neng a tlhotlheletsa batho ba le bantsi. (1 Samuele 25:1) Samuele o ne a sa itekanela, mme ka dinako tse dingwe o ne a dira diphoso fa a atlhola. Le fa go ntse jalo, le fa Samuele a ne a na le makoa, o ne a obamela Jehofa fela mme a dira ka natla go thusa ba bangwe go dira se se tshwanang.

Dilo di le dintsi di fetogile fa e sa le ka motlha wa ga Samuele, mme pego ya botshelo jwa gagwe e na le dilo di le dintsi tse di botlhokwa tse re ka di ithutang. Mo godimo ga moo, Samuele o ne a dira le go tsweletsa pele kobamelo ya boammaaruri ya ga Jehofa. A ke se o se dirang?

[Lebokoso mo go tsebe 16]

AKANYA KA BOTSHELO JWA GA SAMUELE

• Jaaka batsadi ba ga Samuele ba ne ba mo ruta lefoko la Modimo, godisetsa bana ba gago mo “kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.”—Baefeso 6:4.

• Kgothatsa bana ba gago go tshwana le Samuele ka go dira gore tirelo ya ga Jehofa e nne tsela ya bone ya botshelo.

• Dinonofo tsa bomodimo tse Samuele a neng a di bontsha di ne tsa mo atametsa mo go ba bangwe, mme ka jalo o re tlhomela sekao se se molemo.

• Samuele o ne a dira sotlhe se a ka se kgonang go tsweletsa pele kobamelo ya boammaaruri, fela jaaka le rona re tshwanetse go dira.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Samuele o ne a tsweletsa pele kobamelo ya boammaaruri mme a thusa ba bangwe semoyeng ka go rata