Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 GO TSWA MO MABOLOKELONG A RONA

Ba ne Ba Nna ba Nitame mo “Nakong ya Teko”

Ba ne Ba Nna ba Nitame mo “Nakong ya Teko”

FA Ntwa ya Lefatshe ya I e ne e runya ka 1914, seo se ne sa dira gore batho ba le bantsi ba lemoge gore Baithuti ba Baebele ga ba nne le seabe mo ntweng. (Isa. 2:2-4; Joh. 18:36; Baef. 6:12) Seo se ne sa ama jang batlhanka ba Modimo ba kwa Boritane?

Henry Hudson

Molao wa Tirelo ya Sesole wa 1916 o o neng wa simolola go dira kwa Boritane, o ne o laela gore banna botlhe ba dingwaga tse di magareng ga 18 le 40 ba ba sa nyalang ba ye bosoleng. O ne o na le thulaganyo e e neng e tla dira gore batho bangwe ba se ka ba tsenela bosole fa seo e le ka ntlha ya tumelo ya bone kgotsa fa ba dumela gore go tsenela bosole go phoso. Puso e ne ya tlhoma makgotla a a neng a tla sekaseka mabaka a motho a tla bong a na le one, fa a kopa gore a se ka a ya bosoleng.

Nakwana fela morago ga foo, Baithuti ba Baebele ba ka nna 40 ba ne ba setse ba tsentswe mo dikgolegelong tsa masole mme ba le 8 ba ne ba rometswe kwa ntweng kwa Fora. E re ka bakaulengwe ba kwa Boritane ba ne ba utlwisitswe botlhoko ke ditiro tseno tsa go tlhoka tshiamiso, ba ne ba kwalela Tonakgolo Herbert Asquith lekwalo le le bontshang gore ba kgatlhanong le go tshwarwa ga bakaulengwe, mmogo le kopo e e saenilweng ke batho ba le 5 500.

Go tswa foo, go ne ga begwa gore bakaulengwe ba ba neng ba isitswe kwa Fora ba ne ba atlholetswe gore ba thuntshiwe ka gonne ba ne ba gana go nna le seabe mo ntweng. Le fa go ntse jalo, ka nako ya fa ba ne ba letetse go bolawa, katlholo ya bone e ne ya fetolwa mme ba atlholelwa dingwaga di le lesome kwa kgolegelong. Ba ne ba busediwa kwa Engelane mme ba tsenngwa mo kgolegelong.

James Frederick Scott

Fa ntwa e ntse e fagile, molao o ne wa pateletsa banna ba ba neng ba nyetse gore le bone ba tsenele bosole. Kwa Manchester kwa Engelane, mongwe wa batho ba ba neng ba sekisiwa e ne e le Henry Hudson yo e neng e le ngaka e bile e le Moithuti wa Baebele. Ka kgwedi ya Phatwe 3, 1916, kgotlatshekelo e ne ya mmona molato wa gore o gana go ikobela molao mme ya mo duedisa ya bo ya mo romela bosoleng. Ka yone nako eo, go ne go tshwerwe kgetsi e nngwe kwa Edinburgh, Scotland. James Frederick Scott, yo o neng a na le dingwaga di le 25, yo e neng e le mmulatsela, o ne a se ka a bonwa molato. Puso e ne ya dira boikuelo kwa kgotlatshekelo mme ya tsholola kgetsi eno ka ntlha ya kgetsi e nngwe e e neng e tshwerwe kwa London. Mokaulengwe Herbert Kipps ene o ne a bonwa molato, a duedisiwa a bo a romelwa bosoleng.

Ka Lwetse 1916, bakaulengwe ba le 264 ba ne ba kopile go newa tetla ya gore ba se ka ba tsenela bosole. Ba le 5 ba bone ba ne ba newa tetla eo, ba le 154 ba atlholelwa tiro e e boima ya go direla setšhaba, ba le 23 ba ne ba newa tiro ya go direla kwa sesoleng mme gone ba sa nne le seabe mo ntweng, ba le 82 bone ba ne ba romelwa bosoleng mme ba bangwe ba bone ba tsenngwa mo kgolegelong ka gonne ba ne ba gana go nna le seabe mo ntweng. Batho ba ne ba nna kgatlhanong le tsela e banna bano ba neng ba bogisiwa ka yone, ka jalo puso  e ne ya tlosa banna bao kwa dikgolegelong tsa masole ya ba isa kwa dikampeng tse e seng tsa sesole tse go neng go dirwa tiro e e boima kwa go tsone.

Pryce Hughes

Edgar Clay le Pryce Hughes, yo moragonyana a neng a nna molebedi wa lekala kwa Boritane, ba ne ba dira kwa letamong la kwa Wales. Mme Herbert Senior ene, yo e neng e le mongwe wa ba le robedi ba ba neng ba boa go tswa kwa Fora o ne a tsenngwa mo Kgolegelong ya Wakefield kwa Yorkshire. Ba bangwe ba ne ba atlholelwa go dira tiro e e boima mo maemong a a thata kwa Kgolegelong ya Dartmoor mme e ne ya feleletsa e le setlhopha se segolo sa batho ba ba ganang go tsenela bosole ka ntlha ya digakolodi tsa bone.

Frank Platt, Moithuti wa Baebele yo o neng a dumela go direla kwa bosoleng mme gone a sa nne le seabe mo ntweng, o ne a bogisiwa ka nako e telele e bile e le ka tsela e e setlhogo fa a ne a laelwa gore a ye ntweng mme a gana. Atkinson Padgett, yo o neng a ithuta boammaaruri fa a sena go ikwadisetsa bosole, o ne a bogisiwa setlhogo ke balaodi ba masole fa a ne a gana go nna le seabe mo ntweng.

Herbert Senior

Le fa bakaulengwe ba rona ba bogologolo ba ne ba sa tlhaloganye ka botlalo se se kaiwang ke go sa tseye letlhakore, ba ne ba batla go itumedisa Jehofa Modimo. Ba ba umakilweng ka maina mo pegong eno, ba tlhomile sekao se se molemo sa go sa tseye letlhakore mo “nakong ya teko,” e e neng e le boima thata. (Tshen. 3:10)—Go tswa mo mabolokelong a rona kwa Boritane.