Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGANG YA BOTSHELO

Go Ikaega ka Jehofa go re Solegetse Molemo

Go Ikaega ka Jehofa go re Solegetse Molemo

Ka dinako dingwe, botshelo ga bo a tlhomama e bile bo boima. Le fa go ntse jalo, Jehofa o segofatsa batho ba ba ikaegang ka ene, e seng ka tlhaloganyo ya bone. Ke maitemogelo a nna le mosadi wa me re nnileng le one mo botshelong jwa rona jo boleele le jo bo kgotsofatsang. Mma re tlotle ka kgang e khutshwane ya botshelo jwa rona.

RRE le mmè ba kopane ka 1919 kwa kopanong ya Baithuti ba Baebele ba Ditšhabatšhaba e e neng e tshwaretswe kwa Cedar Point, Ohio kwa U.S.A. Ba ne ba nyalana moragonyana mo go one ngwaga oo. Ke tshotswe ka 1922, mme morwarre e bong Paul ene o ne a tsholwa dingwaga di le pedi morago ga moo. Mosadi wa me e bong Grace ene o tshotswe ka 1930. Batsadi ba ga Grace e bong Roy le Ruth Howell ba godisitswe e le Baithuti ba Baebele, mme batsadi ba batsadi ba gagwe le bone e ne e le Baithuti ba Baebele e bile e le ditsala tsa ga Mokaulengwe Charles Taze Russell.

Ke kopane le Grace ka 1947 mme re ne ra nyalana ka Phukwi 16, 1949. Pele ga re nyalana, re ne ra bulelana mafatlha malebana le gore re tla dira eng ka botshelo jwa rona. Re ne ra dira tshwetso ya gore re tla nna le seabe mo bodireding jwa nako e e tletseng le gore ga re kitla re nna le bana. Ka Diphalane 1, 1950, re ne ra simolola go nna babulatsela. Mme ka 1952, re ne ra kopiwa go tsenela tiro ya potologo.

TIRELO YA GO ETA LE THAPISO YA GILEADE

Roobabedi re ne ra lemoga gore re tlhoka go thusiwa thata gore re kgone go dira kabelo eno e ntšha. Fa nna ke ntse ke ithuta go tswa mo bakaulengweng ba ba nang le maitemogelo, ke ne ka batlela Grace thuso. Ke ne ka bua le Marvin Holien yo e neng e le tsala ya lelapa la rona ka lobaka lo loleele e bile a na le maitemogelo a go nna molebedi wa potologo mme ka mo raya ka re: “Grace o sa ntse a le monnye e bile ga a na maitemogelo. A gongwe o ka akanya ka mongwe yo a ka kgonang go bereka le ene gore a mo thapise?” O ne a re: “Ee, o teng. Edna Winkle ke mmulatsela yo o nang le maitemogelo e bile a ka kgona go mo thusa thata.” Moragonyana Grace o ne a bua jaana ka Edna: “O ne a dira gore ke ikutlwe ke phuthologile fa ke bua le batho mo bodireding e bile a na le bokgoni jwa go buisana le batho ba ba ganetsang molaetsa wa rona mme a nthuta go lemoga gore ke eng se ke tshwanetseng go se bua. O ne a nnaya thuso e tota ke neng ke e tlhoka!”

Go tswa kwa molemeng: Nathan Knorr, Malcolm Allen, Fred Rusk, Lyle Reusch, Andrew Wagner

Nna le Grace re ne re direla mo dipotologong tse pedi mo kgaolong ya Iowa, go akaretsa le dikarolo dingwe tsa diporofense tsa Minnesota le South Dakota. Go tswa foo, re ne ra isiwa kwa Potologong ya 1 kwa New York, e e neng e akaretsa ditoropo tsa Brooklyn le Queens. Re ka se lebale kafa re neng re ikutlwa re sena maitemogelo ka gone mo kabelong eo. Potologo  ya rona e ne e akaretsa Phuthego ya Brooklyn Heights e e neng e kopanela mo Holong ya Bogosi e e kwa Bethele, e e neng e na le maloko a mantsi a lelapa la Bethele a a nang le maitemogelo. Fa ke sena go neela puo ya me ya ntlha ya tirelo mo phuthegong eo, Mokaulengwe Nathan Knorr o ne a tla kwa go nna a bo a mpolelela mafoko ano: “Malcolm, o re neile kgakololo nngwe e re tshwanetseng go e dirisa, e bile e ne e le maleba. Mme o se ka wa lebala, fa o sa re neye kgakololo e e molemo, ga o kitla o solegela phuthego ya Modimo molemo ka gope. Tswelela o dira tiro e e molemo.” Fa ke sena go bua le mokaulengwe Knorr, ke ne ka bolelela Grace se a mpoleletseng sone. Moragonyana re ne ra ya kwa phaposing ya rona e e kwa godimo e e mo Bethele. E re ka re ne re lapile thata ka ntlha ya go ngomoga pelo, re ne ra lela.

“Fa o sa re neye kgakololo e e molemo, ga o kitla o solegela phuthego ya Modimo molemo ka gope. Tswelela o dira tiro e e molemo”

Morago ga dikgwedi di le mmalwa, re ne ra amogela lekwalo le le neng le re bolelela gore re laleditswe go nna gone mo tlelaseng ya bo24 ya Sekolo sa Gileade, e baithuti ba yone ba neng ba tla aloga ka Tlhakole 1955. Pele ga re ya sekolong seo, re ne ra bolelelwa gore ga re thapisediwe fela go nna barongwa. Go na le moo, thapiso eo e ne e tla re thusa gore re dire tiro ya potologo ka tsela e e molemo. Go nna gone mo sekolong seo e ne e le selo se se itumedisang le se se dirang gore re ikokobetse.

Fern le George Couch ba na le nna le Grace kwa Gileade ka 1954

Fa re sena go wetsa khoso eo, re ne ra abelwa go ya go direla mo tirelong ya kgaolo. Kgaolo ya rona e ne e akaretsa diporofense tsa Indiana, Michigan le Ohio. Re ne ra gakgamala fa ka Sedimonthole 1955, re ne re amogela lekwalo le le tswang kwa go Mokaulengwe Knorr, le le neng le re: “Mpulele mafatlha, mme o mpolelele boammaaruri. Fa e le gore lo ikemiseditse go tla go nna mo Bethele . . . kgotsa lo ikemiseditse go dira kabelo nngwe e sele morago ga go nna mo Bethele ka nakwana, mpolelele. Fa e le gore lo rata go direla mo potologong kgotsa lo rata tiro ya kgaolo, nkitsise.” Re ne ra tlhalosa gore re ka itumelela go ya go direla gongwe le gongwe kwa re abelwang gone. Go ise go ye kae, re ne ra bolelelwa gore re tle kwa Bethele!

DINGWAGA TSE DI ITUMEDISANG KWA BETHELE

Mo dingwageng tse ke di feditseng ke le kwa Bethele, dikabelo tsa me di ne di akaretsa go neela dipuo kwa diphuthegong le kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo go ralala United States. Ke ne ka nna le seabe sa go thapisa le go thusa makawana a mantsi, a moragonyana a neng a tla newa maikarabelo a magolo mo phuthegong ya ga Jehofa. Kgabagare ke ne ka nna mokwaledi wa ga Mokaulengwe Knorr mo lefapheng le le neng le rulaganya tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe.

Fa ke ne ke dira mo Lefapheng la Tirelo ka 1956

Ke itumeletse thata dingwaga tse ke di feditseng ke le mo Lefapheng la Tirelo. Ke teng koo ke neng ka bereka le T. J. (Bud) Sullivan. O ne a sa bolo go okamela lefapha leo ka dingwaga di le dintsi. Mme go ne go na le ba bangwe ba ke ithutileng go le gontsi mo go bone. Fred Rusk, yo o neng a abetswe go nthapisa, e ne e le mongwe wa bone. Ke gakologelwa ke mmotsa jaana: “Fred, ke eng fa o dira diphetogo di le dintsi jaana mo makwalong a me?” O ne a tshega, a bo a bua mafoko  ano a a neng a dira gore ke akanye: “Malcolm, fa o bua sengwe, se ka tlhalosiwa ka mo go oketsegileng, mme fa o se kwala, segolobogolo fa se tswa fano, se tshwanetse go utlwala sentle e bile se nepile.” Mme o ne a bua jaana a le pelonomi, “Se kgobege marapo—o dira sentle, mme fa nako e ntse e ya, go tla siama.”

Fa dingwaga di ntse di ya, Grace o ne a newa dikabelo tse di farologaneng kwa Bethele, go akaretsa go tlhokomela le go phepafatsa diphaposi tsa bonno. O ne a itumelela dikabelo tseo. Tota le jaanong, ka dinako dingwe fa re kopana le bakaulengwe bangwe ba ba neng ba le basha ka nako eo kwa Bethele, ba bolelela Grace jaana ba nyenya, “Ruri o nthutile go alola bolao, e bile mmè o itumelela seo.” Gape Grace o ne a itumelela go bereka mo Lefapheng la Dimakasine, le mo Lefapheng le le arabang dipotso tsa babadi le le le gatisang dikhasete. Go dira dikabelo tseo tse di farologaneng go ne ga mo thusa go lemoga gore sengwe le sengwe se re se dirang kgotsa gongwe le gongwe kwa re direlang Jehofa mo phuthegong ya gagwe gone, ke tshiamelo e bile ke tshegofatso. Le gompieno o sa ntse a ikutlwa ka tsela eo.

DIPHETOGO TSE RE DI DIRILENG

Ka bo1970, re ne ra lemoga gore batsadi ba rona ba ba tsofetseng ba tlhoka go tlhokomelwa. Kgabagare re ne ra tshwanelwa ke go dira tshwetso e e boima. Re ne re sa batle go tlogela Bethele le batho ba re neng re direla Jehofa mmogo le bone, ba re neng re ba rata thata. Le fa go ntse jalo, ke ne ke itse gore e ne e le maikarabelo a me go tlhokomela batsadi ba rona. Ka jalo, fa nako e ntse e ya, re ne ra tswa mo Bethele mme gone re solofetse gore fa maemo a rona a fetoga, re ka nna ra boela gone.

Ke ne ka simolola go rekisa inshorense gore ke kgone go tlamela lelapa la rona. Ka metlha ke gakologelwa se manejara mongwe a neng a mpolelela sone fa ke ne ke sa ntse ke thapisiwa, o ne a re: “Gore o atlege mo kgwebong eno, o tshwanetse go etela batho maitseboa. Ke yone nako e o ka fitlhelang batho ka yone. Ga go sepe se se botlhokwa jaaka go bereka maitseboa mangwe le mangwe o etela batho.” Ke ne ka mo raya ka re: “Ke tlhomamisegile gore o bua seno gonne o na le maitemogelo, mme ke tlotla seo thata. Mme gone, ke na le maikarabelo a semoya a ke iseng ke ko ke a itlhokomolose, mme ga ke a ikaelela go simolola go dira seo. Ke tla ya kwa bathong maitseboa, le fa go ntse jalo, ka Labobedi le ka Labone maitseboa, ke tshwanetse go nna gone kwa dipokanong tse di botlhokwa thata.” Ruri Jehofa o ile a ntshegofatsa go bo ke ile ka se ka ka letla gore tiro ya boitshediso e dire gore ke se ka ka nna gone kwa dipokanong.

Re ne re na le mmè fa a ne a tlhokafala ka Phukwi 1987, kwa lefelong le le tlhokomelang balwetse. Mookimogolo o ne a tla kwa go Grace a bo a mo raya a re: “Mmè Allen, ya gae o ye go ikhutsa. Mongwe le mongwe o a itse gore o ntse o eme matsalaago nokeng. O nne le kagiso ya mogopolo, o ikutlwe o kgotsofetse e bile o le motlotlo.”

Ka Sedimonthole 1987, re ne ra dira kopo ya go direla gape kwa lefelong le re neng re le rata e leng Bethele. Le fa go ntse jalo, malatsi a le mmalwa morago ga  foo, Grace o ne a bolelelwa gore o tshwerwe ke kankere ya lela le legolo. Fa a sena go dirwa karo a bo a fola, o ne a bolelelwa gore ga a tlhole a na le kankere. Le fa go ntse jalo, re ne ra amogela lekwalo le le tswang kwa Bethele le le neng le re kgothaletsa gore re tswelele re direla le phuthego ya mo lefelong la rona. Re ne re ikemiseditse go tswelela re le mo tirelong ya rona ya Bogosi.

Fa nako e ntse e ya, ke ne ka solofediwa tiro kwa Texas. Re ne ra dira tshwetso ya gore maemo a bosa a a bothitho a koo a tla re solegela molemo, mme go ne ga nna fela jalo. Re na le dingwaga di le 25 re le mo Texas, e bile re na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba lorato ba re atamalaneng thata le bone.

SE RE ITHUTILENG SONE

Grace o na le go tshwarwa ke kankere ya lela le legolo le ya thyroid, mme bosheng jaana o ne a tshwarwa ke kankere ya mabele. Le fa go ntse jalo, ga a ise a ko a ngongorege ka maemo a gagwe a botshelo, mme ka metlha o ntse a dirisana mmogo le nna, a ikobela botlhogo jwa me. Gantsi batho ba mmotsa gore, “Ke eng se se lo thusang gore lo atlege mo lenyalong le gore lo nne lo na le boitumelo jo re bo bonang mo go lona?” O ba naya mabaka ano a manè: “Re ditsala tse dikgolo. Re buisana ka metlha. Re rata go fetsa nako mmogo. Mme ga re ke re robala re ngalelane.” Gone ke boammaaruri gore go a tle go direge gore re galefisane, le fa go ntse jalo, re a itshwarelana re bo re lebala—mme ruri go dira dilo ka tsela e e ntseng jalo go mosola.

“Ikaege ka Jehofa ka dinako tsotlhe o bo o amogele dilo tse a letlang gore di go diragalele”

Mo mathateng otlhe a re ileng ra lebana le one, go na le dilo di le mmalwa tse di molemo tse re ithutileng tsone:

  1.  Ikaege ka Jehofa ka dinako tsotlhe o bo o amogele dilo tse a letlang gore di go diragalele. O se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago.—Dia. 3:5, 6; Jer. 17:7.

  2.  Ikanye Lefoko la ga Jehofa gore le go kaele, go sa kgathalesege gore go diragala eng. Go botlhokwa thata gore o ikobele Jehofa le melao ya gagwe. Mme gone, o tshwanetse go tlhopha gore a o tla mo ikobela kgotsa ga o na o mo ikobela, ga o ka ke wa dira dilo tseno ka bobedi.—Bar. 6:16; Baheb. 4:12.

  3.  Go na le selo se le sengwe se se botlhokwa thata mo botshelong—go itirela leina le le molemo mo go Jehofa. Dira gore dilo tse Modimo a di batlang e nne tsone di tlang pele, go na le go ipatlela dikhumo.—Dia. 28:20; Mor. 7:1; Math. 6:33, 34.

  4.  Rapelela gore o dire ka natla mo tirelong ya ga Jehofa o bo o atlege mo go yone. Tlhoma mogopolo mo go se o kgonang go se dira, e seng se o sa kgoneng go se dira.—Math. 22:37; 2 Tim. 4:2.

  5.  Itse gore ga go na phuthego epe e nngwe e Jehofa a e segofatsang le e a e amogelang go feta eno.—Joh. 6:68.

Nna le Grace, re diretse Jehofa dingwaga di ka nna 65 re le banyalani, mme mongwe le mongwe wa rona o diretse Jehofa dingwaga tse di fetang 75. Ruri re nnile le nako e e molemo thata re direla Jehofa re le mmogo ka masomesome a dingwaga. Re rapela gore bakaulengwe botlhe le bokgaitsadi ba rona le bone ba lemoge gore botshelo bo nna le bokao fa o ikaega ka Jehofa.