Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tumelo e e Anameng

Tumelo e e Anameng

Tumelo e e Anameng

“Ke nnile le ditoro tse di tshosang ke tuka mo diheleng! Ke ne ke lora ke latlhetswe mo lefelong le le tukang mme ke ne ke tle ke tsoge ke goa. Tota e bile, ke ne ke leka ka natla gore ke se ka ka leofa.”—Arline.

A O DUMELA gore dihele ke lefelo la go tlhokofatsa baleofi? Batho ba le bantsi ba dumela seo. Ka sekai, ka 2005, moithuti mongwe wa bodumedi kwa Yunibesithing ya St. Andrews kwa Scotland o ne a lemoga gore nngwetharong ya baruti ba kwa Scotland ba ne ba dumela gore batho ba ba kgaoganeng le Modimo ba tla “tshwenyega thata mo mogopolong ka bosakhutleng kwa diheleng.” Nngwetlhanong ya bone ba ne ba dumela gore ba ba kwa diheleng ba tla tlhokofadiwa mo mmeleng.

Mo dinageng di le dintsi, go dumela mo diheleng go aname. Ka sekai, kwa United States, patlisiso e e neng ya dirwa ka 2007 ya Gallup e ne ya fitlhela gore diperesente di ka nna 70 tsa batho ba ba neng ba botsolodiwa ba ne ba dumela mo diheleng. Batho ba sa ntse ba dumela mo diheleng tota le mo dinageng tse mo go tsone bontsi bo sa rateng bodumedi. Patlisiso ya Gallup e e neng ya dirwa ka 2004 e ne ya bega gore kwa Canada, diperesente di le 42 tsa batho ba ne ba dumela mo diheleng. Mme kwa Great Britain, diperesente di le 32 tsa batho ba ne ba dumela gore dihele di teng.

Se Baruti ba se Rutang

Baruti ba le bantsi ga ba tlhole ba ruta gore dihele ke lefelo la mmatota le batho ba tlhokofadiwang kwa go lone ka molelo. Go na le moo, ba tshegetsa se se tlhalosiwang ke Katekasima ya Kereke ya Katoliki, e e gatisitsweng ka 1994. Bukana eo ya re: “Kotlhao e kgolo ya dihele ke go kgaoganngwa le Modimo ka bosakhutleng.”

Tota le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba sa ntse ba dumela gore dihele ke lefelo le le tlhokofatsang batho mo tlhaloganyong kgotsa mo mmeleng. Batho ba ba rotloetsang thuto eno ba re e theilwe mo Baebeleng. Poresidente ya Southern Baptist Theological Seminary e bong R. Albert Mohler, a re: “Ke thuto ya Dikwalo.”

Ke Eng Fa se O se Dumelang se le Botlhokwa?

Fa e le gore tota dihele ke lefelo la tlhokofatso, ruri o tshwanetse go le boifa. Le fa go ntse jalo, fa e le gore thuto eno ga e boammaaruri, baeteledipele ba bodumedi ba ba e rutang ba tlhakanya batho tlhogo le go dira gore ba boife go sa tlhokege. Gape ba tlontlolola Modimo.

Lefoko la Modimo, Baebele, la reng ka kgang eno? Ditlhogo tse di latelang di tla dirisa dithanolo tsa Baebele ya Katoliki le ya Porosetanta go araba dipotso tseno tse tharo: (1) Tota go diregang fa motho a swa? (2) Jesu o ne a ruta eng ka dihele? (3) Go ithuta boammaaruri ka dihele go go ama jang?