Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Setlhare “se Dikala Tsa Sone Tse di Nang le Makakaba di sa Swabeng”

Setlhare “se Dikala Tsa Sone Tse di Nang le Makakaba di sa Swabeng”

Setlhare “se Dikala Tsa Sone Tse di Nang le Makakaba di sa Swabeng”

A O KILE wa bona naga e e nang le ditlhare tse di golang thata? Ke boammaaruri gore go a itumedisa go di leba. Fa o ka bona ditlhare tse dintsi tse dikgolo tse di nang le makakaba, a o ka akanya gore go na le komelelo mo lefelong leo? Go farologana le seo, o ka akanya gore go ka tswa go na le metsi a mantsi a a dirang gore ditlhare tseno di tswelele di tshela e bile di gola sentle.

Go a tshwanela go bo Baebele e tshwantsha batho ba ba nang le tumelo e e nonofileng e bile ba na le kamano e e molemo le Modimo le ditlhare tse di golang thata. Ka sekai, ela tlhoko mafoko ano a a kgatlhang a ditemana tsa ntlha tse tharo tsa Pesalema ya ntlha.

“Go itumela motho yo o sa tsamayang mo kgakololong ya baikepi, yo o sa emang mo tseleng ya baleofi, e bile a sa nna mo setulong sa basotli. Mme o natefelelwa ke molao wa ga Jehofa, o balela molao wa gagwe kwa tlase motshegare le bosigo. Mme ruri o tla nna jaaka setlhare se se jetsweng fa melatswaneng ya metsi, se se ntshang leungo la sone ka paka ya sone se dikala tsa sone tse di nang le makakaba di sa swabeng, mme sengwe le sengwe se a se dirang se tla atlega.”

Jeremia 17:7, 8 e na le mafoko ano a a tshwanang: “Go segofetse monna yo o nonofileng yo o ikanyang Jehofa, le yo Jehofa e leng tshepo ya gagwe. Ruri o tla nna jaaka setlhare se se jadilweng fa metsing, se se romelang medi ya sone mo moseleng wa metsi; mme ga a na go bona fa mogote o tla, dikala tsa gagwe tse di nang le makakaba di tla nna tse di golang thata. Mme mo ngwageng wa komelelo ga a na go tlhobaela, le fa e le go tlogela go ntsha maungo.”

Mo ditemaneng tseno, go dirisitswe ditlhare go bontsha se se diragalang fa motho a dira se se siameng, a itumelela melao ya Modimo e bile a mo ikanya ka botlalo. Seo se dira gore re ipotse gore motho yo o ntseng jalo o nna jaaka setlhare se se golang thata ka ditsela dife ka tsela ya tshwantshetso? Mma re sekaseke ditemana tseno ka kelotlhoko.

“Se se Jetsweng fa Melatswaneng ya Metsi”

Ditlhare tse go buiwang ka tsone di tlhalosiwa di jadilwe “mo melatswaneng ya metsi” kgotsa “fa metsing” e seng fela mo nokeng e le nngwe kgotsa mo molatswaneng o le mongwe. Mafoko a a tshwanang a tshwantshetso a fitlhelwa mo go Isaia 44:3, 4, fa Jehofa Modimo a ne a bua kafa a neng a tla tlhokomela ka gone Bajuda ba ba ikwatlhaileng ba ba neng ba tswa botshwaro kwa Babelona. Jehofa o ne a bua jaana a dirisa moporofeti Isaia: “Ke tla tshela metsi mo go yo o nyorilweng, le melatswana mo lefelong le le omeletseng. . . . Mme ruri ba tla mela jaaka e kete mo gare ga bojang jo botala, jaaka ditlhare tsa modibonoka fa meseleng ya metsi.” Fano “melatswana” le “mesele ya metsi” e dira gore batho ba ba sireleditsweng ke Modimo e bile a ba kaela ba gole jaaka ditlhare tsa modibonoka tse di nnang le makakaba.

Tota le gompieno mo mafelong a go lemiwang mo go one, o ka bona mesele ya metsi le melatswana e elela go tswa kwa metsi a leng mantsi gone jaaka kwa sedibeng se se boteng, kwa nokeng, kwa lekadibeng kgotsa kwa letamong. Gantsi metsi ano a dirisediwa go nosetsa masimo kgotsa dijalo. Ka dinako dingwe mesele ya metsi e faposediwa kwa tshimong ya ditlhare tsa maungo. Mo maemong mangwe, melatswana ya metsi e nosetsa masimo ka fa letlhakoreng le lengwe mme ka fa go le lengwe e nosetsa ditlhare tse di jadilweng ka go tlhomagana, tse gongwe di bontshang mo masimo a felelang teng.

Ditlhare tse di jadilweng mo melatswaneng e e ntseng jalo di gola go le kana kang? Pesalema 1:3 e bua ka setlhare “se se ntshang leungo la sone ka paka ya sone.” Mo dinageng tse go buiwang ka tsone mo Baebeleng, go na le ditlhare tsa difeige, digaranata, diapole, mokolane le motlhware. Le fa setlhare sa mofeige se ka gola go nna boleele jwa dimetara di le robongwe se na le dikala tse di ikalang thata, bontsi jwa ditlhare tse dingwe tsa maungo ga di golele kwa godimo thata. Le fa go ntse jalo, di kgona go gola sentle e bile di gola thata mme di ntsha maungo a mantsi ka nako e e tshwanetseng.

Mo motlheng wa bogologolo, kwa Siria le kwa Palesetina ditlhare tse dikgolo tsa modibonoka di ne di gola mo dintshing tsa dinoka le mo melatswaneng. Gantsi fa Baebele e bua ka ditlhare tsa modibonoka e di amanya le mesele kgotsa ‘mekgatšha e e phothoselang.’ (Lefitiko 23:40) Ditlhare tsa mogokare tse di tshwanang le tsa modibonoka le tsone di ne di gola mo go nang le metsi a mantsi teng. (Esekiele 17:5) Ditlhare tseno tse dikgolo di bontsha sentle se mopesalema le Jeremia ba neng ba batla go se gatelela: Botlhe ba ba batlang go utlwa molao wa Modimo le go mo ikanya ka botlalo ba tla nna ba nonofile semoyeng ‘mme sengwe le sengwe se ba se dirang se tla atlega.’ A seo ga se sone se re se batlang—go atlega mo botshelong?

Go Natefelelwa ke Molao wa ga Jehofa

Gompieno batho ba leka go atlega ka ditsela di le dintsi. Ba dira ditiro tse ba solofelang gore di tla dira gore ba tume le go huma, mme fa ba sa atlege ba kgobega marapo. Ka jalo, ke eng se se ka dirang gore motho a nne le kgotsofalo ya mmatota le boitumelo jo bo nnelang ruri mo botshelong? Thero ya ga Jesu ya kwa Thabeng e re naya karabo. O ne a re: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng, e re ka bogosi jwa magodimo e le jwa bone.” (Mathaio 5:3) Eleruri, boitumelo jwa mmatota ga bo nne gone ka go bo motho a na le dithoto tse dintsi, mme go nna le kamano e e molemo le Modimo ke gone go tla dirang gore re nne jaaka ditlhare tse di golang thata tse di ntshang maungo ka paka ya tsone. Re ka nna jang le kamano e e ntseng jalo e e molemo le Modimo?

Sa ntlha, mopesalema o ne a re go na le dilo dingwe tse re tshwanetseng go di tila. O ne a bua ka ‘kgakololo ya baikepi,’ ‘tsela ya baleofi,’ le ‘setulo sa basotli.’ Gore re itumele re tshwanetse go tila batho ba ba sotlang le ba ba itlhokomolosang melao ya Modimo.

Sa bobedi, re tshwanetse go natefelelwa ke molao wa ga Jehofa. Fa re natefelelwa ke sengwe kgotsa tiro nngwe, re batla tshono le fa e ka nna efe gore re e dire. Ka jalo, go natefelelwa ke molao wa Modimo go kaya go anaanela Lefoko la Modimo le go nna le keletso ya go ithuta lone ka mo go oketsegileng le go le tlhaloganya botoka.

Sa boraro, re tshwanetse go le balela “kwa tlase motshegare le bosigo.” Seno se kaya go bala Baebele ka metlha le go tlhatlhanya ka se re se balang. Re tshwanetse go ikutlwa ka tsela e mopesalema a neng a ikutlwa ka yone ka Lefoko la Modimo fa a ne a opela a re: “A bo ke rata molao wa gago jang ne! Ke tlhatlhanya ka one letsatsi lotlhe.”—Pesalema 119:97.

Ke boammaaruri gore fa re nna le kitso e e boammaaruri ka Jehofa Modimo le go mo tlhaloganya botoka e bile re mo ikanya ka botlalo mme re dumela ditsholofetso tsa gagwe, re ka tlhomamisega gore re tla nna le kamano e e molemo le ene. Fa re dira jalo, re tla tshwana le monna yo o itumetseng yo mopesalema a buang jaana ka ene—“sengwe le sengwe se a se dirang se tla atlega.”