Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Na le Bodumedi jo Modimo a bo Lebang e le Jone Jwa Boammaaruri?

A go Na le Bodumedi jo Modimo a bo Lebang e le Jone Jwa Boammaaruri?

Puo e e Kgethegileng ya Phatlalatsa

A go Na le Bodumedi jo Modimo a bo Lebang e le Jone Jwa Boammaaruri?

Batho ba le bantsi ba tsena dikereke tsa batsadi ba bone. Ba bangwe ba itlhophela bodumedi jwa bone moragonyana mo botshelong. Ruri go na le madumedi a le mantsi thata. Gongwe o kile wa ipotsa gore, ‘A ruri go botlhokwa gore ke wa bodumedi bofe?’

Potso eo e tla arabiwa mo puong ya phatlalatsa e e nang le setlhogo se se reng, “A go Na le Bodumedi jo Modimo a bo Lebang e le Jone Jwa Boammaaruri?” Puo eno e e theilweng mo Baebeleng e tla neelwa lefatshe ka bophara mo dinageng tse di fetang 230. Mo mafelong a le mantsi, e tla neelwa mo Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa ya mo lefelong la lona, ka Sontaga, April 26, 2009. Basupi ba mo lefelong la lona ba tla itumelela go go bolelela nako le aterese. O lalediwa ka lorato gore o nne teng.