Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Nna Jehofa Modimo wa Lona ke Boitshepo”

“Nna Jehofa Modimo wa Lona ke Boitshepo”

Atamalana le Modimo

“Nna Jehofa Modimo wa Lona ke Boitshepo”

Lefitiko Kgaolo 19

“O BOITSHEPO, o boitshepo, o boitshepo Jehofa Modimo.” (Tshenolo 4:8) Ka mafoko ao, Baebele e tlhalosa gore Jehofa o boitshepo e leng se se kayang gore o itshekile e bile o tshiamo ka selekanyo se se kwa godimo. Modimo ga a na boleo le eseng; ga a ka ke a leswafadiwa ke boleo ka gope. A seno se kaya gore batho ba ba sa itekanelang ba ka se nne le kamano le Modimo yo o boitshepo ka selekanyo se se kwa godimo? Nnyaa le e seng! Mma re sekaseke mafoko a a tla re nayang tsholofelo a a mo go Lefitiko kgaolo 19.

Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Bua le phuthego yotlhe ya bomorwa Iseraele.” Mafoko a a neng a latela a ne a lebisitswe mo go mongwe le mongwe mo setšhabeng. Moshe o ne a tla ba bolelela eng? Modimo o ne a tswelela jaana: “O ba reye o re, ‘Lo itshupe lo le boitshepo, ka gonne nna Jehofa Modimo wa lona ke boitshepo.’” (Temana 2) Moiseraele mongwe le mongwe o ne a tshwanetse go nna phepa mo boitsholong. Lefoko le le reng “lo” le bontsha gore e ne e se kakantsho mme e ne e le taelo. A Modimo o ne a ba kopa sengwe se ba neng ba ka se kgone go se dira?

Ela tlhoko gore fa Jehofa a ne a re o boitshepo, o ne a sa re batho ba nne boitshepo go ya ka selekanyo se se lekanang le sa gagwe, mme o ne a bontsha lebaka la go bo a ne a ntsha taelo eo. Ka mafoko a mangwe, Jehofa o ne a sa bolelele baobamedi ba gagwe ba ba sa itekanelang kwa Iseraele gore ba nne boitshepo jaaka ene. Seo se ne se ka se kgonege. Jehofa “Yo O Boitshepotshepo,” o boitshepo go gaisa batho botlhe. (Diane 30:3) Le fa go ntse jalo, e re ka Jehofa a le boitshepo o lebeletse gore baobamedi ba gagwe ba nne boitshepo—ke go re, kafa batho ba ba sa itekanelang ba ka kgonang ka gone. Ba ka itshupa ka ditsela dife gore ba boitshepo?

Fa Jehofa a sena go ba laela gore ba nne boitshepo, o ne a dirisa Moshe go ba bolelela dilo tse a batlang gore ba di dire mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa bone. Go ne go lebeletswe gore Moiseraele mongwe le mongwe a ikobele ditekanyetso tsa boitshwaro tse di jaaka tse di latelang: go tlhokomela batsadi le batho ba ba godileng (temana 3, 32); go amega ka bosusu, difofu le ba ba bogisiwang (temana 9, 10, 14); go ikanyega le go se tlhaole batho fa a dirisana le bone (temana 11-13, 15, 35, 36); le go rata moobamedikaene jaaka a ithata. (Temana 18) Fa Moiseraele a ne a ikobela ditekanyetso tse di umakilweng le tse dingwe, ‘ruri o ne a tla itshupa a le boitshepo mo Modimong wa gagwe.’—Dipalo 15:40.

Taelo e e malebana le go nna boitshepo e dira gore re lemoge tsela e Jehofa Modimo a akanyang ka yone le se a batlang gore re se dire. Re ithuta gore fa re batla go nna le kamano e e gaufi le ene, re tshwanetse go dira se re ka se kgonang go tshela go ya ka ditekanyetso tsa gagwe tsa boitshwaro jo bo boitshepo. (1 Petere 1:15, 16) Re ka itumelela botshelo fa re tshela ka ditekanyetso tseo.—Isaia 48:17.

Gape taelo ya go nna boitshepo e bontsha gore Jehofa o tshepa baobamedi ba gagwe. Jehofa ga a lebelela gore re dire se re ka se kgoneng go se dira. (Pesalema 103:13, 14) O a itse gore rona batho, ba re dirilweng mo setshwanong sa gagwe re na le bokgoni jwa go nna boitshepo—ka selekanyo se se rileng. (Genesise 1:26) A ga o tlhotlheletsege go ithuta mo go oketsegileng kafa o ka atamalanang ka gone le Modimo yo o boitshepo Jehofa?

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Re na le bokgoni jwa go nna boitshepo