Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Babadi ba a Botsa

Jesu le Rraagwe ba Mongwe ka Tsela Efe?

Jesu le Rraagwe ba Mongwe ka Tsela Efe?

Jesu o ne a re: “Nna le Rara re mongwe fela.” (Johane 10:30) Bangwe ba nopola temana eno go supa gore Jesu le Rraagwe ke karolo ya medimo e le meraro mo go a le mongwe. A seo ke se Jesu a neng a se bolela fa a ne a bua mafoko ano?

A re sekaseke mafoko a a dikologileng temana eo. Mo temaneng ya 25, Jesu o ne a re o dira ditiro tsa gagwe ka leina la ga Rraagwe. Go tloga ka temana ya 27 go ya go 29, o ne a bua ka dinku tsa tshwantshetso, tse Rraagwe a di mo neileng. Dipolelo tseo ka bobedi tse di builweng ke Jesu di ne di ka se tlhaloganngwe ke bareetsi ba gagwe fa ene le Rraagwe e ne e le motho a le mongwe. Go na le moo, se Jesu a neng a se bolela ke go re, ‘Nna le Rre re seoposengwe thata mo e leng gore ga go na ope yo o ka tsayang dinku mo go nna, fela jaaka go se na ope yo o ka di tsayang mo go Rre.’ Go tshwana le fa morwa a raya mmaba wa ga rraagwe a re, ‘Fa o tlhasela rre, o tlhasela nna.’ Ga go na ope yo o neng a tla akanya gore morwa yono le rraagwe e ne e le motho a le mongwe. Mme batho ba ka lemoga kamano e e nonofileng e ba nang le yone.

Jesu le Rraagwe, e bong Jehofa Modimo le bone ba “mongwe” ka kgopolo ya gore ba dumalana ka boikaelelo, ditekanyetso le melao. Go farologana le Satane Diabolo le banyalani ba ntlha, e bong Adame le Efa, le ka motlha Jesu ga a ka a batla gore a se ka a laolwa ke Modimo. Jesu o ne a re: “Morwa ga a ka ke a dira selo le fa se le sengwe ka boene fela, fa e se fela se a bonang Rara a se dira. Gonne dilo le fa e le dife tse Ene yoo a di dirang, dilo tseno Morwa le ene o di dira ka mokgwa o o tshwanang.”—Johane 5:19; 14:10; 17:8.

Le fa go ntse jalo, kamano eno e e nonofileng ga e reye gore Modimo le Morwawe e bong Jesu, ke motho a le mongwe. Ke batho ba babedi. Mongwe le mongwe wa bone o na le botho jwa gagwe. Jesu o na le maikutlo a gagwe, dikgopolo, maitemogelo le kgololesego ya go itirela ditshwetso. Le fa go ntse jalo, o tlhophile go ikobela go dira thato ya ga Rraagwe. Go ya ka Luke 22:42, Jesu o ne a re: “A go diragale thato ya gago, e seng ya me.” Mafoko ano a ne a tla bo a se na bokao fa a ka bo a sa kgone go itirela ditshwetso tse di farologaneng le tsa ga Rraagwe. Fa Jesu le Rraagwe e ne e le motho a le mongwe, ke eng fa Jesu a ne a rapela Modimo le go dumela ka boikokobetso gore ga a itse dilo dingwe tse Rraagwe e leng ene fela a di itseng?—Mathaio 24:36.

Maloko a madumedi a le mantsi a obamela medimo e e tshwantshitsweng e ngangisana le go lwa le maloko a malapa a one. Ka sekai, go ya ka ditlhamane tsa Segerika, Cronus o ne a ja bana ba gagwe mme a fenya rraagwe e bong Uranus. Seno se farologane le go nna seoposengwe ga ga Jehofa Modimo le Morwawe e bong Jesu mo go theilweng mo loratong lwa mmatota! Go nna seoposengwe ga bone go dira gore re ba rate fela thata! Tota e bile, re na le tshiamelo e re ka se kang ra e bapisa le sepe ya go nna seoposengwe le Batho bano ba babedi ba bagolo go feta botlhe mo lobopong lotlhe. Jesu o ne a rapelela balatedi ba gagwe jaana: “Ke a kopa . . . gore botlhe ba tle ba nne mongwe fela, fela jaaka wena, Rara, o le seoposengwe le nna le nna ke le seoposengwe le wena, gore le bone ba tle ba nne seoposengwe le rona.”—Johane 17:20, 21.

Ka jalo, fa Jesu a ne a re, “Nna le Rara re mongwe fela,” o ne a sa bue ka medimo e le meraro mo go a le mongwe e leng thuto e e sa tlhaloganyesegeng, mme o ne a bua ka go nna seoposengwe—kamano e e gaufiufi fa gare ga batho ba babedi.