A o Tshwanetse go Ikanyega ka Dinako Tsotlhe?
A o Tshwanetse go Ikanyega ka Dinako Tsotlhe?
BATHO botlhe ba a ikanyega ka dinako dingwe; mme gongwe bontsi jwa bone ba ikanyega ka dinako tsotlhe. Mme gone, ke batho ba le kae ba o ba itseng ba ba lekang ka natla gore ba nne ba ikanyega ka dinako tsotlhe?
Gompieno go sa ikanyege go bonala mo dikarolong di le dintsi tsa botshelo. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba a itse gore Modimo o ikutlwa jang ka go ikanyega. Ka sekai, batho ba le bantsi ba itse Molao wa borobedi o o mo Melaong e e Lesome o o reng: “O se ka wa utswa.” (Ekesodo 20:15) Mme gone, ba le bantsi ba na le boikutlo jwa gore ka dinako dingwe go na le maemo mangwe a a pateletsang motho gore a utswe kgotsa a se ka a ikanyega. Mma re sekasekeng dikai di le tharo tse batho ba tlwaetseng go buelela bogodu ka tsone.
A go Siame Gore o Utswe fa o Humanegile?
Radipolotiki mongwe wa kwa Roma o ne a re: “Khumanego ke yone e bakang tlolomolao.” Motho yo o dikobo di magetleng a ka nna a akanya gore go siame gore a utswe ka gonne a humanegile. Batho ba bangwe ba ka dumalana le seno. Jesu ene o ne a reng ka kgang eno? O ne a utlwela batho ba ba humanegileng botlhoko. “A ba tlhomogela pelo.” (Mathaio 9:36) Le fa go ntse jalo, ga a ise a ko a re go siame gore batho ba utswe le fa ba ka tswa ba le mo maemong ape fela. Ka jalo, motho yo o humanegileng o tshwanetse go dira eng?
Modimo o utlwela botlhoko batho ba ba lekang go mo ikobela ka bopeloephepa mme o tla segofatsa maiteko a ba a dirang gore ba nne le se ba se tlhokang. (Pesalema 37:25) Baebele e solofetsa jaana: “Jehofa ga a na go dira gore moya wa mosiami o tshwarwe ke tlala, mme keletso ya baikepi o tla e kgoromeletsa koo.” (Diane 10:3) A motho yo o humanegileng a ka ikanya tsholofetso eno? Victorine o tlhomamisegile ka se Baebele e se buang.
E re ka Victorine e le motlholagadi yo o nang le bana ba le batlhano ba ba sa ntseng ba tsena sekolo, ga se ka metlha dilo di mo tsamaelang sentle. O nna mo nageng e e tlhabologang e mo go yone puso e thusang batho ka madi a mannye. Batho ba fetsa nako e ntsi ba se mo magaeng a bone mme seo se dira gore go nne le ditshono tsa gore batho ba utswe. Le fa go ntse jalo, Victorine ga a raelesege go utswa. Go na le moo, o leka ka bojotlhe gore a kgone go nna le dilo tse a di tlhokang ka go nna morekisi yo o ikanyegang wa mo mmileng. Ke ka ntlha yang fa a nna a ikanyega?
“Sa ntlha, ke dumela gore Modimo o a ikanyega e bile o tla dirisana le nna ka boikanyegi fa ke mo etsa. Sa bobedi, banake ba ka ithuta go ikanyega fa fela ba bona le nna ke ikanyega.”
O kgona jang? “Re na le dijo, diaparo le ntlo e re nnang mo go yone. Le fa go ntse jalo, go ne go na le nako e ke neng ke tshwanela go kopa ditsala
tsa me gore di nthuse—ka sekai, go duelela ditshenyegelo tsa kalafi. Ka metlha ke ne ke nna le se ke se tlhokang. Ka ntlha yang? Ka gonne ditsala tsa me di a itse gore ke ne ke tlhalosa seemo se ke leng mo go sone ka boikanyegi ke sa batle se se fetang se ke se tlhokang.“Bana le bone ba gola ba ikanyega. Bosheng jaana moagelani o ne a bona madinyana a tshipi mo tafoleng ya rona mme a bo a mpotsa gore a ga ke boife gore bana ba tla a utswa. O ne a sa dumele fa ke ne ke mmolelela gore bana ba me ba ka se ka ba a utswa. O ne a ba leka a sa mpolelela. O ne a baya madi a tshipi a le makgolo a le mabedi mo ntlong ya rona mo bana ba neng ba ka kgona go a bona teng. Letsatsi le le latelang fa a tla, o ne a gakgamadiwa ke go bona gore madi ao a ne a sa ntse a le teng moo. Go nna le bana ba ba ikanyegang go molemo go gaisa go nna le dilo di le dintsi tse di bonalang.”
“Mongwe le Mongwe O a Go Dira”
Go tlwaelegile gore batho ba utswe kwa tirong. Seno se dira gore ba nne le boikutlo jwa gore, “Mongwe le mongwe o a go dira, ka jalo ke eng fa nna ke sa go dire?” Go farologana le seno, Baebele ya re: “O se ka wa sala mmudubudu morago ka boikaelelo jwa go dira bosula.” (Ekesodo 23:2) Victoire o ne a tsaya tsia kgakololo eno. A e ne ya mo solegela molemo?
Fa Victoire a ne a na le dingwaga di le 19 o ne a bereka mo bodirelong jo bo tlhotlhang leokwane le le tswang mo mokolaneng. Kgabagare o ne a lemoga gore basadi ba le 40 ba ba neng ba thapilwe ba ne ba tsaya dithapo tsa mokolane ka bokhukhuntshwane ba di tsenya mo dirotong tsa bone go tswa mo bodirelong. Mafelobeke mangwe le mangwe ba ne ba rekisa dithapo tsa mokolane ka madi a a lekanang le tuelo ya malatsi a le mararo go ya go a le manè. Victoire a re: “Boammaaruri ke gore mongwe le mongwe o ne a utswa. Ba ne ba lebeletse gore ke utswe le bone mme ke ne ka gana ka ba bolelela gore ke dira dilo ka boikanyegi. Ba ne ba ntshotla, ba re ke intsha dijo mo ganong.
“Letsatsi lengwe fa rotlhe re ne re tswa mo bodirelong, manejara o ne a tlhaga re sa mo lebelela. O ne a phuruphutsa diroto tsa rona mme a fitlhela dithapo tsa mokolane mo serotong sengwe le sengwe ntle le sa me. Botlhe ba ba tshwerweng ba ne ba tla lelekwa ka yone nako eo kgotsa ba ne ba tshwanelwa ke go bereka dibeke di le pedi ntle le tuelo. Mo dibekeng tseo tse pedi, basadi bao ba ne ba tlhatswegile pelo gore ke ne ke sa intshe dijo mo ganong.”
“Fa o Setse Sengwe O ka Se Itseela”
O ikutlwa jang fa o setse selo se se tlhwatlhwakgolo se se latlhegileng? Batho ba le bantsi ba nna le maikutlo a go batla go se itseela go na le go se busetsa mong wa sone. Ba na le kgopolo ya gore “fa o setse sengwe o ka se itseela.” Bangwe ba akanya gore seno ga se re sepe. Ba ipolelela gore mong wa sone o setse a itlhobogile ka gonne se latlhegile. Batho ba bangwe ba re ga se boikarabelo jwa bone go batla mong wa sone—tiro e e ka tlhokang go tseelwa matsapa.
Modimo a reng ka kgang eno? Duteronome 22:1-3 e bontsha gore motho yo o setseng sengwe o ne a sa tshwanela go se itseela go na le moo o ne a tshwanetse go se boloka “go fitlha [mong wa sone] a se batla mme a mmusetse sone.” (The New English Bible) Fa motho yo o setseng sengwe a sa bue gore o se setse, o ne a ka latofadiwa ka gore ke legodu. (Ekesodo 22:9) A seno se a dira le gompieno? Christine o tlhatswegile pelo gore se a dira.
Christine ke motsamaisi wa sekolo se e seng sa puso. Laboraro mongwe o ne a amogela tuelo ya gagwe ya kgwedi. Jaaka go dirwa kwa Afrika Bophirima, o phuthela madi le dipampiri tsa dikoloto a bo a di tsenya mo kgetsaneng ya gagwe. O ne a palama sethuthuthu se se neng sa mo isa kwa dipokanong. Fa a goroga, o ne a batla madinyana a tshipi mo kgetsaneng ya gagwe gore a duele mokgweetsi. E re ka go ne go le lefifi, o ne a se ka a lemoga fa madi a a neng a a phuthetse a wela fa fatshe.
Metsotso e sekae moragonyana, Blaise wa dingwaga di le 19 yo o sa nneng mo lefelong leo o ne a tsamaya mo mmileng one oo. O ne a rulagantse gore a kopane le tsala ya gagwe kwa dipokanong tse Christine a neng a ile kwa go tsone. O ne a bona madi ao a a neng a phuthetswe a bo a a tsenya mo kgetsing ya gagwe. Kwa bofelong jwa
dipokano o ne a bolelela tsala ya gagwe gore o setse sengwe kwa ntle se mongwe a se latlhileng mme ope fela yo o latlhegetsweng ke sone a mo founele le go tlhalosa gore o latlhegetswe ke eng.Fa Christine a goroga kwa lapeng mo maitseboeng ao, o ne a tshoga fa a lemoga gore o latlhegetswe ke tuelo ya gagwe ya kgwedi. Beke moragonyana fa a ne a bolelela tsala ya gagwe e bong Josephine gore o latlhegetswe ke madi, o ne a mo raya a re moeng mongwe yo o neng a tlile kwa dipokanong o setse sengwe. Christine o ne a founela Blaise a bo a tlhalosa gore o latlhegetswe ke eng. O ne a itumetse tota fa Blaise a ne a busa madi ao. Blaise ene o ne a ikutlwa jang? O ne a tshwere madi ao mo go ene beke yotlhe mme o ne a re: “Boitumelo jo ke neng ka nna le jone ka go a busa bo ne bo feta jwa go a boloka.”
Lebaka La go Bo ba Leka ka Natla Gore ba Ikanyege ka Metlha
Victorine, Victoire le Blaise ga ba nne mo lefelong le le lengwe e bile ga ba itsane. Le fa go ntse jalo, go na le sengwe se ba tshwanang ka sone. Ke Basupi ba ga Jehofa ba ba dirang se Baebele e se buang ka boikanyegi. Ba letetse gore Modimo a diragatse tsholofetso ya gagwe ya lefatshe le lesha. “Go na le magodimo a masha le lefatshe le lesha tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya gagwe, mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.” Batho botlhe ba ba tla bong ba tshela ka nako eo ba tla bo ba siame—e bile ba ikanyega.—2 Petere 3:13.
Victorine ga a na tsholofelo e e kalo ya gore maemo a gagwe a tsa madi a tla tokafala ka tsela nngwe go fitlha Modimo a tlisa diphetogo. Le fa go ntse jalo, o humile semoyeng e leng selo se o ka se nneng le sone ka ntlha ya madi. Bana ba gagwe ba a ikanyega e bile ba na le maitseo. Sontaga mongwe le mongwe ba phophoma ka boitumelo fa ba bua le baagelani ba bone ka bomolemo jwa Modimo le go ba tlhalosetsa gore o tla kgotsofatsa “botlhe ba ba mmitsang ka boammaaruri” le gore o tla disa “botlhe ba ba mo ratang.”—Pesalema 145:7, 18, 20.
Fa nako e ntse e tsamaya, Victoire o ne a tlogela go bereka kwa bodirelong jo bo tlhotlhang leokwane le le tswang mo mokolaneng. O ne a itshimololela kgwebo ya gagwe kwa mmarakeng mme a rekisa garri (mofuta mongwe wa dijo o o dirilweng ka cassava). Go ikanyega ga gagwe go ne ga ngoka bareki ba le bantsi. Tota e bile o ne a kgona go fokotsa nako e a neng a e fetsa kwa mmarakeng gore a dirise nako e ntsi a bua le batho ba bangwe ka tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng le mo go lone batho ba tla bong ba ikanyega. Moragonyana o ne a nyalwa mme ene le monna wa gagwe ke badiredi ba nako e e tletseng.
Christine o ne a latlhegelwa ke madi fa pele ga Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa. Blaise o ne a itse batho ba le mmalwa ba ba neng ba le teng mo dipokanong tseo le fa go ntse jalo o ne a itse gore ke bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ba Bakeresete ba ba lekang go ikanyega ka dinako tsotlhe.
Ke batho ba le kae ba o ba itseng ba ba lekang ka natla go nna ba ikanyega? Akanya o itse batho ba le 50, 100 kgotsa 200 ba ba ikanyegang. Seo ke sone se Basupi ba ga Jehofa ba se itumelelang kwa Diholong tsa bone tsa Bogosi. Ke eng o sa ye gone mme o itlwaelanye le bone?
[Mafoko a a mo go tsebe 12]
“Go nna le bana ba ba ikanyegang go molemo go gaisa go nna le dilo di le dintsi tse di bonalang.”—VICTORINE
[Lebokoso mo go tsebe 14]
A Diane 6:30 e Bontsha Gore go Siame go Utswa?
Diane 6:30 ya re: “Batho ga ba nyatse legodu fela ka gore le utswela go kgorisa moya wa lone fa le tshwerwe ke tlala.” A mafoko ano a bontsha gore go siame gore motho a utswe? Nnyaa le e seng. Mafoko ano a bontsha gore Modimo o sa ntse a tsaya legodu le tshwanelwa ke go ikarabelela molato wa lone. Temana e e latelang ya re: “Mme fa le bonwa, le tla duela go menagane ga supa; le tla ntsha dilo tsotlhe tse di tlhwatlhwakgolo tsa ntlo ya lone.” (Diane 6:31) Le fa go ka lebega legodu le le utswang ka gonne le tshwerwe ke tlala le se molato jaaka le le utswang ka ntlha ya bogagapa kgotsa ka boikaelelo jwa go gobatsa motho yo le mo utswelang, le lone le sa ntse le na le boikarabelo jwa go dira se se molemo kgotsa go “duela.” Batho ba ba eletsang go amogelwa ke Modimo ga ba a tshwanela go latofadiwa ka bogodu le fa e le mo maemong ape fela.