TORA YA TEBELO September 2012

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Mathata a Basadi ba Lebanang le One

Mo lefatsheng lotlhe, thubakanyo le tlhaolele di ama basetsana le basadi botshelo jwa bone jotlhe. Ka ntlha yang?

SETLHOGO SA KA FA NTLE

A Tota Modimo o Amega ka Basadi?

A o akanya gore Baebele e nyatsa basadi? Ithute kafa tota Modimo a lebang basadi ka teng.

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Modimo o ba Tshwara Basadi ka Tlotlo le ka Seriti

Re ka ithuta eng ka tsela e Jesu a neng a itshwara ka yone le go ikutlwa ka basadi?

PEGO YA BOTSHELO

Jaanong ke Itse Modimo Yo ke Mo Obamelang

Ithute kafa moruti wa kereke ya Pentekosete a neng a bona se a neng a se batla—boammaaruri jwa Baebele.

ITHUTE MO LEFOKONG LA MODIMO

Go Tla Direga Eng ka Letsatsi la Katlholo?

Go na le ditumelo tse di farologaneng ka Letsatsi la Katlholo. A ke sengwe se se tshwanetseng go boifiwa? Le tla fitlhelela eng?

Bopelonomi bo Botlhokwa mo Modimong

A o tshwanetse go amega ka go nna pelonomi mo bathing botlhe? Modimo o leba jang nonofo eno?

ATAMALANA LE MODIMO

“Ditšhaba di Tla Itse Gore ke Nna Jehofa”

Batho ba le bantsi ba latofatsa Modimo ka tshiamololo le pogo tse di mo lefatsheng. Modimo o tla itshepisa leina la gagwe jang?

A o Ne o Itse?

Makwalo a ne a romelwa jang mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele? Kgwebo e ne e dirwa jang kwa Iseraele wa bogologolo?

BABADI BA BOTSA JAANA

A Basupi ba ga Jehofa Ba na Le Badiredi ba Basadi?

Fa go le jalo,? Ke dikao dife tse di theilweng mo Baebeleng tse ba di latelang? Bodiredi jwa bone ke eng?

Go Rera Kwa Karolong e e Kwa Borwa jo bo Kgakala Jwa Yuropa

Loeto lo lo seng motlhofo lwa go ya kwa Gavdos, setlhaketlhake se se kwa borwa jwa Crete, lo bonala e le lo lo itumedisang.

Go Itsise Batho Leina la Modimo ka Seswahili

Ithute kafa leina la Modimo, Jehofa, le ileng la tsenngwa mo Baebeleng ya Seswahili ka teng.

RUTA BANA BA GAGO

Bopelotshetlha bo Dirile Gore Gehasi A se Ka a Amogelwa ke Modimo

Gehasi o ne a tsaya dilo tse e seng tsa gagwe. Re ka ithuta eng go tswa mo go seno?