Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 ATAMALANA LE MODIMO

“Taelo ya Ntlha mo go Tsone Tsotlhe ke Efe?”

“Taelo ya Ntlha mo go Tsone Tsotlhe ke Efe?”

Re tshwanetse go dira eng go itumedisa Modimo? A go na le melao e mentsi e re tshwanetseng go e latela? Se se itumedisang ke gore karabo ke nnyaa. Go ya ka Morwa Modimo e bong Jesu Keresete, se Modimo a batlang gore re se dire se ka sobokanngwa ka lefoko le le lengwe.—Bala Mareko 12:28-31.

Sa ntlha, ela tlhoko kafa Jesu a ileng a tlhalosa ka teng. O ne a ruta mo tempeleng ka Nisane 11, malatsi a le mmalwa pele ga loso lwa gagwe. Baba ba gagwe ba ne ba leka go mo tshwara ka mafoko ka go mmotsa dipotso dingwe tse di tsosang kganetsano. Nako le nako, o ne a ba didimatsa ka dikarabo tsa gagwe. Go tswa foo, Jesu o ne a bodiwa potso eno: “Taelo ya ntlha mo go tsone tsotlhe ke efe?”—Temana 28.

Go ne go se motlhofo go araba potso eo. Bajuda bangwe ba ne ba ngangisana ka gore ke ofe mo melaong e e fetang 600 e e mo Molaong wa ga Moshe o e leng wa ntlha kgotsa wa botlhokwa. Go bonala bangwe ba ne ba tatalala ka gore melao yotlhe e botlhokwa e bile ga go a siama go akanya gore e mengwe e botlhokwa go gaisa e mengwe. Jesu o ne a tla araba potso eno jang?

Fa Jesu a araba, ga a ka a umaka taelo e le nngwe mme o ne a umaka di le pedi. Sa ntlha, o ne a re: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago le ka nonofo yotlhe ya gago.” (Temana 30; Duteronome 6:5) Mafoko “pelo” “mogopolo” “moya” le “maatla” a na le bokao jo bo tshwanang. * A kaya gore: Go rata Jehofa go akaretsa motho ka boene, dinonofo tsa gagwe tsotlhe le sengwe le sengwe se a nang le sone. Tshupiso nngwe ya Baebele e tlhalosa seno jaana: “Modimo o tshwanetse go ratiwa ka mo go feletseng.” Ka jalo, fa o rata Modimo, o tla dira gotlhe mo o ka go kgonang go tshela letsatsi le letsatsi ka tsela e e tla dirang gore a go amogele.—1 Johane 5:3.

Sa bobedi, Jesu o ne a re: “O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.” (Temana 31; Lefitiko 19:18) Go rata Modimo le go rata moagelani go amana thata. Go rata Modimo go tlhotlheletsa motho gore a rate moagelani. (1 Johane 4:20, 21) Fa re rata baagelani ba rona jaaka re ithata, re tla ba tshwara ka tsela e re batlang gore ba re tshware ka yone. (Mathaio 7:12) Ka tsela eo re bontsha gore re rata Modimo yo o re bopileng—le bone—mo setshwanong sa gagwe.—Genesise 1:26.

Se Jehofa a batlang baobamedi ba gagwe ba se dira se ka sobokanngwa ka lefoko le le lengwe: lorato

Ditaelo tsa go rata Modimo le go rata moagelani di botlhokwa go le kana kang? Jesu o ne a re: “Ga go na taelo e nngwe e kgolo go feta tseno.” (Temana 31) Mo pegong e e tshwanang le eno, Jesu o ne a re ditaelo tse dingwe tsotlhe di ikaegile ka tse pedi tseno.—Mathaio 22:40.

Ga go thata go itumedisa Modimo. Se a batlang gore re se dire se ka sobokanngwa ka lefoko le le lengwe: lorato. Seo ga se bolo go nna selo sa botlhokwa mo kobamelong ya boammaaruri e bile se tla tswelela se le botlhokwa. Mme lorato ga se kgang ya go bua kgotsa ya maikutlo fela; lo bontshiwa ka ditiro. (1 Johane 3:18) Ke eng o sa ithute kafa o ka lwelang le go bontsha kafa o ratang Jehofa, Modimo yo e leng “lorato” ka teng?—1 Johane 4:8.

Dikgaolo tsa Baebele tse di ka balwang ka March

Mareko 9-16Luke 1-6

^ ser. 6 Mo Baebeleng, lefoko “moya” le kaya motho a feletse. Ka jalo, “moya” o ka akaretsa “pelo,” “mogopolo” le “maatla.”