Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 RUTA BANA BA GAGO

Jesu Keresete—Re Tshwanetse go mo Gopola Jang?

Jesu Keresete—Re Tshwanetse go mo Gopola Jang?

Ka kgwedi ya Sedimonthole batho ba le bantsi ba bona ditshwantsho tsa ga Jesu e le lesea. O mo bojelong jwa diruiwa, lebokoso le legolo le mo go lone go tsenngwang bojang jo bo omileng jo bo jewang ke diphologolo. A mme re tshwanetse go gopola Jesu fela e le lesea? * A re bue ka tsela e e botlhokwa thata e re ka mo gopolang ka yone. Re ka ithuta sengwe mo go yone ka se se diragetseng bosigo bongwe ka setlhopha sa badisa se se neng se le kwa nageng gaufi le Bethelehema.

Ka tshoganyetso fela moengele o ne a tlhaga fa pele ga badisa. O ba raya a re: “Lo tsaletswe Mmoloki gompieno, yo e leng Keresete Morena.” Gape moengele o ba bolelela gore ba tla fitlhela Jesu a “phuthetswe ka dihapo tsa matsela mme a letse mo bojelong jwa diruiwa.” Ka bonako morago ga foo, go tlhaga baengele ba bangwe mme ba simolola go “baka Modimo.”

Wena o ne o tla ikutlwa jang fa o ne o ka utlwa baengele ba baka Modimo?— Badisa bao ba ne ba itumetse! Ba re: “A re yeng go fitlha fela kwa Bethelehema mme re bone selo seno se se diragetseng.” Fa ba goroga koo, ba fitlhela “Marea mmogo le Josefa, le lesea le letse mo bojelong jwa diruiwa.”

Go ise go ye kae, ba bangwe le bone ba tla Bethelehema kwa Marea le Josefa ba leng gone. Fa badisa ba ba bolelela gore go diragetse eng, botlhe ba a gakgamala. A o itumeletse go itse dilo tseno tse di itumedisang ka Jesu?— Rotlhe ba re ratang Modimo re a di itumelela. Jaanong a re bone gore ke ka ntlha yang fa go tsholwa ga ga Jesu go dira gore batho ba itumele thata jaana. Gore re kgone go bona seo, re tlhoka go akanya ka nako ya pele ga fa Marea a nyalwa.

Ka letsatsi lengwe moengele mongwe yo o bidiwang Gabariele o etela Marea. O mo solofetsa gore o tla tshola lesea le le tla ‘nnang mogolo mme o tla bidiwa Morwa Mogodimodimo.’ Gabariele a re: ‘O tla busa e le kgosi mme bogosi jwa gagwe ga bo na go nna le bokhutlo.’

Marea o batla go itse gore seno se tla direga jang, ka gonne ga a ise a ko a nne le kamano epe le monna. Ka jalo, Gabariele o mo tlhalosetsa jaana: “Maatla a Mogodimodimo  a tla go okama,” mme “se se tla tsalwang se tla bidiwa boitshepo, Morwa Modimo.” Go tsaya Morwa Modimo go tswa kwa legodimong le go tsenya botshelo jwa gagwe mo sebopelong sa ga Marea gore a gole a nne lesea—e ne e le kgakgamatso e kgolo!

A o kile wa bona ditshwantsho tse di bontshang “banna ba ba botlhale” ba bararo ba etetse lesea Jesu ba na le badisa?— Ka nako ya Keresemose go tlwaelegile gore batho ba bone ditshwantsho tse di ntseng jalo. Mme ditshwantsho tseo ga di bontshe boammaaruri. Tota “banna ba ba botlhale” bao e ne e le balepadinaledi, batho ba ba dirang dilo tse Modimo a sa di batleng. A re bone gore go diragetse eng fa ba goroga. Baebele ya re: “Ba tsena mo ntlong ba bona ngwana yo mmotlana a na le Marea mmaagwe.” Ka jalo, ka nako eo Jesu e ne e sa tlhole e le lesea le le mo bojelong jwa diphologolo; e ne e le ngwana a nna le Josefa le Marea mo ntlong!

Balepadinaledi ba ne ba itse jang gore Jesu o kae?— Ba ne ba kaelwa ke “naledi,” gore ba ye pele kwa go Kgosi Herode kwa Jerusalema, e seng kwa Bethelehema. Baebele ya re Herode o ne a batla Jesu gore a mmolaye. A ko o akanye ka gone. O akanya gore ke mang yo o dirileng gore se se neng se lebega e le naledi se kaele balepadinaledi go ya kwa go Herode?— E ne e se Modimo wa boammaaruri, Jehofa, mme e ne e le mmaba wa gagwe, Satane Diabolo!

Gompieno, Satane o leka go dira gore batho ba akanye gore Jesu ke lesea fela le le sa kgoneng go dira sepe. Mme moengele Gabariele o ne a raya Marea a re: ‘O tla busa e le kgosi mme bogosi jwa gagwe ga bo na go nna le bokhutlo.’ Gone jaanong Jesu o busa e le Kgosi kwa legodimong, mme o tla tloga a fedisa batho botlhe ba ba sa rateng Modimo. Ke sone se re tshwanetseng go se gopola ka Jesu, e bile re tshwanetse go bolelela ba bangwe ka sone.

^ ser. 3 Fa o bala le ngwana, letshwao la thaladi le go gakolola gore o eme mme o mo kgothaletse go ntsha maikutlo a gagwe.