O Tshwanetse go Otlhaya Bana ba Gago Jang?
“Ke ne ke fela pelo fa ke ntse ke reeditse modumo wa koloi nngwe le nngwe e e fetang. Leno e ne e le lekgetlho la boraro Jordan a sa tle ka nako e a e beetsweng. ‘Ke ne ke ipotsa gore o kae.’ ‘A o tlhagetswe ke bothata bongwe? A gone o a itse gore re tshwenyegile?’ Ka nako ya fa a goroga, ke ne ke setse ke tuka malakabe.”—GEORGE.
“Fa ke utlwa morwadiake a goa, ke ne ka tshoga fela thata. Fa ke mo leba ke ne ka fitlhela a beile matsogo mo tlhogong mme a lela. Kgaitsadie yo o nang le dingwaga di le nnè o ne a mo iteile.”—NICOLE.
Morwadiarona yo o nang le dingwaga di le thataro e bong Natalie, o ne a bua jaana a rototse matlho a a bontshang gore ga a na molato: “‘Ga ke a utswa palamonwana. Ke e setse.’ Tsela e a neng a itatola ka yone e ne ya re ama thata jaana mo re neng ra lela mo go botlhoko. Re ne re itse gore o bua maaka.”—STEPHEN.
FA O le motsadi, a o tlhaloganya maikutlo a a tlhalositsweng fa godimo? Fa o kopana le maemo a a tshwanang le ano, a o ipotsa gore o tshwanetse go otlhaya jang ngwana wa gago kgotsa le e leng gore a tota a o tshwanetse go mo otlhaya? A go phoso go otlhaya bana ba gago?
KOTLHAO KE ENG?
Mo Baebeleng, lefoko “kotlhao” ga le akaretse fela go itaya. Totatota kotlhao e amana le go laya, go ruta le go kgalemela. Ga e amane ka gope le go sotla kgotsa bosetlhogo.—Diane 4:1, 2.
Kotlhao ya batsadi e ka tshwantshanngwa le go dira tshingwana. Molemi o tlhagola mmu, o a nosetsa a bo a jala dijalo mme a bo a di sireletsa kgatlhanong le ditshenekegi le mefero. Fa sejalo se ntse se gola molemi a ka nna a se poma gore se gole sentle. Molemi yono o a itse gore go na le ditsela tse di farologaneng tse a ka di dirisang gore semela seno se gole sentle. Ka tsela e e tshwanang, go na le ditsela di le dintsi tse batsadi ba di dirisang go godisa bana ba bone. Mme ka dinako dingwe ba tshwanetse go ba otlhaya—fela jaaka go poma, ba ka nna ba thusa bana go sa le gale gore ba se ka ba nna le ditshekamelo tse di sa siamang le go ba thusa gore ba gole sentle. Le fa go ntse jalo, go poma go tshwanetse ga dirwa ka kelotlhoko e seng jalo semela se ka senyegela ruri. Ka tsela e e tshwanang, batsadi le bone ba tlhoka go otlhaya bana ka lorato.
Jehofa o tlhomela batsadi sekao se sentle tota fa go tliwa mo kgannyeng eno. Tsela e a otlhayang baobamedi ba gagwe ba ba ikokobeditseng ba ba mo lefatsheng ka yone, e mosola thata jaana mo ba feleletsang ba ‘rata kotlhao.’ (Diane 12:1) Ba “tshwara kotlhao” e bile ‘ga ba e tlogele.’ (Diane 4:13) O ka kgona go thusa bana ba gago gore ba amogele kotlhao ka go etsa dintlha di le tharo tsa konokono tsa kafa Modimo a otlhayang ka gone: Tsone ke (1) lorato, (2) tekatekano le (3) go tlhomama.
KOTLHAO E E LORATO
Kotlhao ya Modimo e theilwe mo loratong. Baebele ya re: “Jehofa o kgalemela yo a mo ratang, fela jaaka rre a kgalemela morwawe yo a mo ipelelang.” (Diane 3:12) Mo godimo ga moo, Jehofa o ‘kutlwelobotlhoko le bopelontle, o bonya go galefa.’ (Ekesodo 34:6) Ka ntlha ya seno, Jehofa ga a ka ke a sotla ope kgotsa a nna setlhogo. Tota e bile ga a dirise mafoko a a bogale, ga a nnele go re tshwaya diphoso, go bua dipuo tse di kgobang, mme tsotlhe tseno di ka utlwisa botlhoko “e kete ka ditlhabo tsa tšhaka.”—Diane 12:18.
Ke boammaaruri gore batsadi ba ka se etse ka botlalo sekao se se itekanetseng sa Modimo sa go nna boikgapo. Ka dinako dingwe go thata go nna pelotelele mme ka dinako tseo tse di thata, nna o gopola gore kotlhao e o e dirang o galefile gantsi e a gobelela, e feteletsa dilo mme ga e nne le diphelelo tse di molemo. Mo godimo ga moo, fa o otlhaya o galefile kgotsa o betilwe ke pelo, eo ga se yone tsela ya go otlhaya gotlhelele. Re ka re fela ke go tlhoka boikgapo.
Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa o otlhaya ka lorato le ka boikgapo, o ka nna le diphelelo tse di molemo. Ela tlhoko kafa George le Nicole, batsadi ba babedi ba ba umakilweng kwa tshimologong ba neng ba dira dilo ka gone.
“Kgabagare fa Jordan a goroga, nna le mogatsake re ne re tuka malakabe mme re ile ra ikgapa fa re ntse re mo reeditse a tlhalosa. E re ka go ne go le bosigo thata, re ne ra swetsa ka gore re tla tlotla ka kgang eo mo mosong. Re ne ra rapela mmogo mme ra ya go robala. Letsatsi le le latelang, re ne ra kgona go bua ka kgang eno re wetse makgwafo mme ra fitlhelela pelo ya mosimane wa rona. O ne a ikobela dithibelo tse re neng re di beile mme a dumela gore o ne a dirile phoso. Re itumelela go bo re ile ra lemoga gore go dira dilo ka bonako o galefile ga go nne le diphelelo tse di molemo. Fa o simolola ka go ipha nako ya go reetsa, gantsi go nna le diphelelo tse di molemo.”—George.
“Ke ne ke galefile tota fa ke bona morwaake a utlwisitse kgaitsadiagwe botlhoko thata jaana. Go na le gore ke tseye kgato ka yone nako eo, ke ne ka mo laela gore a ye kwa phaposing ya gagwe ka gonne ke ne ke galefile thata jaana mo ke neng ke se kitla ke dira tshwetso e e siameng. Moragonyana fa ke wetse makgwafo, ke ne ka mo tlhalosetsa gore thubakanyo ga e amogelesege mme ka mmontsha kafa a utlwisitseng kgaitsadie botlhoko ka gone. Seo se ile sa nna le diphelelo tse di molemo. O ile a kopa maitshwarelo mo go kgaitsadie mme a mo tlamparela.”— Nicole.
Eleruri, go kgalemela ka tsela e e tshwanetseng, tota le fa go akaretsa go otlhaya, gantsi go tlhotlhelediwa ke lorato.
KOTLHAO E E DIRWANG KA TEKATEKANO
Ka dinako tsotlhe Jehofa o otlhaya “ka selekanyo se se tshwanetseng.” (Jeremia 30:11; 46:28) O akanyetsa dintlha tsotlhe, tota le tse di sa lemotshegeng. Batsadi ba ka mo etsa jang? Stephen yo o umakilweng kwa tshimologong a re: “Le fa re ile ra utlwa botlhoko e bile re sa tlhaloganye lebaka la go bo Natalie a tswelela a gana gore o utswitse palamonwana, re ne ra leka go akanyetsa dingwaga tsa gagwe le gore o godile go le kana kang.”
Monna wa ga Nicole e bong Robert le ene o leka go tlhaloganya dintlha tsotlhe. Fa bana ba sa itshware sentle, gangwe le gape o ne a ipotsa jaana: ‘A ke lekgetlho la ntlha go direga kgotsa gore a ke mokgwa mongwe o o sa siamang o o tswelelang o le teng? A ngwana o lapile kgotsa ga a ikutlwe sentle? A seno se bontsha gore ngwana o na le bothata bongwe?’
Gape batsadi ba ba tekatekano ba a itse gore bana ga se bagolo ba bannye. Moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo o ne a dumalana le ntlha eno fa a ne a kwala jaana: “E rile ke le losea, ke ne ke tle ke bue jaaka losea, ke akanye jaaka losea.” (1 Bakorintha 13:11) Robert a re: “Sengwe se se nthusang go leba dilo ka tsela e e siameng le go tila go dira dilo ka maikutlo, ke go ikgopotsa dilo tse ke neng ke di dira fa ke sa ntse ke le mosimanyana.”
Go botlhokwa gore o se ka wa solofela dilo tse di sa kgonegeng mme ka nako e e tshwanang o se ka wa buelela boitshwaro kgotsa mekgwa e e sa siamang. Fa o akanyetsa bokgoni jwa ngwana wa gago, dilo tse a sa kgoneng go di dira le maemo a gagwe o tla dira gore kotlhao ya gago e nne tekatekano.
GO TLHOMAMA FA O OTLHAYA
Malaki 3:6 ya re: “Ke nna Jehofa; ga ke a fetoga.” Batlhanka ba ga Jehofa ba ikanya boammaaruri jono e bile ba ikutlwa ba sireletsegile go itse seno. Bana le bone ba tlhoka go ikutlwa ba sireletsegile fa ba otlhaiwa ka tlhomamo. Fa o nna o fetofetoga fa otlhaya ngwana go ikaegile ka gore o ikutlwa jang ka nako eo, a ka nna a tlhakana tlhogo e bile a ka betwa ke pelo.
Gopola gore Jesu o ne a re: “Lefoko la lona la Ee le reye Ee, Nnyaa wa lona, Nnyaa.” Mafoko ao a lebisitswe le mo batsading. (Mathaio 5:37) Akanya ka kelotlhoko pele o dira melao e o se kitlang o e diragatsa. Fa o tlhagisa ngwana gore fa a sa itshware sentle o tla mo otlhaya ka tsela e e rileng, tlhomamisa gore o dira fela jaaka o buile.
Go tlhokega puisano e e molemo gore batsadi ba otlhaye bana ka tsela e e tlhomameng. Robert a re: “Fa bana ba rona ba dira gore ke dumalane le bone ka sengwe se mmaabone a rileng ba se ka ba se dira mme ke bo ke itse ka sone, ke fetola se ke se buileng gore ke dumalane le tshwetso e mogatsake a e dirileng.” Fa batsadi ba sa dumalane ka go rarabolola boemo jo bo rileng, go molemo thata gore ba tlotle ka se ba sa utlwaneng ka sone ba le bosi mme ba dire tshwetso e boobabedi ba dumalanang ka yone.
KOTLHAO E BOTLHOKWA
Fa o etsa tsela ya ga Jehofa ya go otlhaya ka lorato, o le tekatekano e bile o tlhomame, o ka tlhomamisega gore seo se tla solegela bana ba gago molemo. Tsela e e lorato e o ba kaelang ka yone e ka nna ya ba thusa go nna batho ba ba godileng sentle, ba na le maikarabelo e bile e le bagolo ba ba tekatekano. Jaaka Baebele e bolela: “Thapisa mosimane ka tsela e e mo tshwanetseng; le fa a tsofala ga a na go e fapoga.”—Diane 22:6.