Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PUISANO LE MOAGELANI

Goreng o Tshwanetse go Bala Baebele?

Goreng o Tshwanetse go Bala Baebele?

Motlotlo o o latelang ke o o tlwaelegileng o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a ka nnang le one le moagelani. A re re Mosupi mongwe yo o bidiwang Bogosi o bua le monna mongwe yo o bidiwang Emelang.

BAEBELE—HISITORI E E NEPILENG

Emelang: Tota nna ga ke tsene kereke. Ka jalo ga ke tseye gore motlotlo wa rona o tla re isa kgakala.

Bogosi: Ke leboga go bo o mpoleletse seo. Mme ke nna Bogosi. Wena?

Emelang: Ke nna Emelang.

Bogosi: Ke itumelela go go itse.

Emelang: Le nna.

Bogosi: Mma ke go botse sengwe, a o goletse mo lelapeng le le tsenang kereke?

Emelang: Ee. Mme fa ke ya yunibesithing, ke ne ka kgaotsa go ya kerekeng.

Bogosi: Ke a go utlwa. O ne o ithutela eng?

Emelang: Hisitori le ditirisano tsa batho. Ga ke bolo go rata hisitori—gore ke itse gore batho ba ne ba dira dilo jang mo dingwageng tse di fetileng.

Bogosi: Hisitori e a kgatlha. Gongwe o ka tswa o itse gore Baebele ke buka ya hisitori. A o kile wa e dirisa fa o dira dipatlisiso?

Emelang: Nnyaa. Ke a itse gore Baebele ke buka e e molemo, mme ga ke ise ke akanye gore e ka bua ka hisitori.

Bogosi: O lebega o se na bothata jwa go amogela dikgopolo tse disha. A o na le metsotso e se kae ke go bontshe dikai di le mmalwa tse di bontshang gore hisitori ya Baebele e nepile?

Emelang: Ee, go siame. Mme ga ke na Baebele.

Bogosi: O se ka wa tshwenyega, ke tla go bontsha mo Baebeleng ya me. Sekai sa ntlha se mo go 1 Ditiragalo kgaolo 29, temana 26 le 27. Ditemana tseno tsa re: “Fa e le Dafide morwa Jese ene, o ne a busa mo Iseraele yotlhe; mme malatsi a a busitseng ka one mo Iseraele e ne e le dingwaga di le masome a manè. O ne a busa dingwaga di le supa mo Heberone, mme a busa dingwaga di le masome a mararo le boraro mo Jerusalema.”

Emelang: Re itse jang gore ke sekai se se nepileng?

Bogosi: Batshwayadiphoso ba ne ba re Kgosi Dafide ga a ise a ko a tshele.

Emelang: Ehee? Goreng ba ne ba belaela?

Bogosi: Go ne go se na bosupi jo bongwe kwantle ga Baebele jo bo bontshang gore o kile a tshela. Le fa go ntse jalo, ka 1993, setlhopha sa baithutamarope se ne sa bona leje la bogologolo le le neng le na le lefoko le le ranotsweng e le “Ntlo ya ga Dafide.”

Emelang: Go a kgatlha.

Bogosi: Gape go ne go belaelwa gore Ponto Pilato yo go buiwang ka ene mo Baebeleng, yo e neng e le mmusi mo motlheng wa ga Jesu, o kile a tshela. Go buiwa ka ene mono mo go Luke kgaolo 3 temana 1—e le mongwe wa balaodi ba mo motlheng oo.

Emelang: Ooh ke a bona. Ya re, “fa Ponto Pilato a ne a le molaodi wa Judea, mme Herode a ne a le mmusi wa kgaolo ya Galalea.”

Bogosi: Ka dingwagangwaga, bakanoki bangwe ba ne ba belaela gore Ponto Pilato o ne a tshela. Mme mo dingwageng di le 50 tse di fetileng, go ne ga bonwa leje kwa Botlhabagare le gabilwe leina la gagwe.

Emelang: Hmm. Ga ke ise ke utlwele ka seo.

Bogosi: Mme ke itumeletse gore re tlotlile ka gone.

Emelang: Boammaaruri ke gore, ke ntse ke tlotla Baebele e bile ke e tsaya jaaka dibuka tse dingwe, mme ke ne ke sa itse gore e botlhokwa jaana. Le fa hisitori ya yone e ka tswa e nepile, ga ke akanye gore e ka re solegela molemo gompieno.

BAEBELE—BUKA YA KGALE MME E LE MOLEMO

Bogosi: Batho ba bantsi ba dumalana le se o sa tswang go se bua. Mme nna ga ke dumalane le sone. Lebaka ke gore: Dilo tse batho ba di tlhokang ga di a fetoga. Ka sekai, re tlhoka dijo, diaparo le bonno. Re rata go bua le batho le go nna le lelapa le le itumetseng. A ga se boammaaruri gore re tlhoka dilo tseno?

Emelang: Gone.

Bogosi: Baebele e ka re thusa mo dilong tseo tsotlhe. Tota re ka re ke buka ya kgale mme e molemo gompieno.

Emelang: O raya jang?

Bogosi: Mma ke re: Baebele e na le melaometheo e e solegelang molemo gompieno jaaka fa e ne e kwalwa dingwaga di le makgolo tse di fetileng.

Baebele e na le melaometheo e e solegelang molemo gompieno jaaka fa e ne e kwalwa dingwaga di le makgolo tse di fetileng

Emelang: Ke a go utlwa. Mme e solegela molemo ka ditsela dife?

Bogosi: Melaometheo ya Baebele e ka re thusa go dirisa madi sentle, go nna le lelapa le le itumetseng kgotsa go nna ditsala tse di molemo. Baebele e tshwana le mmapa o o re thusang go bona tsela. Ka sekai, a ga se boammaaruri gore mo motlheng wa rona go thata go nna monna kgotsa tlhogo ya lelapa e e molemo?

Emelang: Ee go ntse jalo. Nna le mogatsake re na le ngwaga re nyalane mme ga se ka metlha re lebang dilo ka go tshwana.

Bogosi: Ruri. Mme Baebele e na le melaometheo e e motlhofo le e e molemo. Bona se e se buang mo go Baefeso kgaolo 5 temana 22, 23 le 28. A o ka rata go di bala?

Emelang: Ee, ya re: “A basadi ba ikobele banna ba bone jaaka ba ikobela Morena, ka gonne monna ke tlhogo ya mosadi wa gagwe jaaka Keresete le ene a le tlhogo ya phuthego, ka ene e le mmoloki wa mmele ono.” Temana 28 yone ya re: “Ka tsela eno banna ba tshwanetse go rata basadi ba bone jaaka mebele ya bone. Yo o ratang mosadi wa gagwe o a ithata.”

Bogosi: Ke a leboga. A ga se boammaaruri gore fa banyalani ba dirisa kgakololo eno e e motlhofo, lelapa la bone le tla itumela?

Emelang: Ee, go ntse jalo. Mme ga go motlhofo.

Bogosi: Gone; rotlhe re dira diphoso. Mme mo go yone kgaolo eno, Baebele e re kgothaletsa go nna tekatekano. * Banyalani botlhe ba tshwanetse go nna tekatekano ba bo ba ikemisetse go ineela. Nna le mogatsake re lemogile gore Baebele e ka re thusa go dira jalo.

Emelang: Tota go a utlwala.

Bogosi: Basupi ba ga Jehofa ba na le Web site e e nang le tshedimosetso e e thusang manyalo le malapa. A nka go bontsha yone?

Emelang: Go siame, o ka mpontsha.

Bogosi: Aterese ya Web site e ke buang ka yone ke www.mr1310.com/tn. Eno ke tsebe ya yone ya ntlha.

Emelang: Dinepe tseno di dintle!

Bogosi: Ke dinepe tsa tiro ya rona e e dirwang mo lefatsheng lotlhe. Ahaa, se ke batlang go go bontsha sone ke se. Karolo eno e bidiwa “Go Thusa Banyalani le Batsadi.” Mo go yone, go na le ditlhogo di le mmalwa tse dikhutshwane tse di buang ka maemo a a farologaneng. A go na le se se go kgatlhang?

Emelang: Ee. Se se reng “Go Rarabolola Mathata mo Lenyalong.” Ke akanya gore se ka nthusa!

Bogosi: Setlhogo seno se bontsha dilo tse nnè tse di ka re thusang go rarabolola mathata. Ela tlhoko serapa seno. A o ka rata go se bala?

Emelang: Ee, sa re: “Fela jaaka pelo le makgwafo di le botlhokwa gore madi a kgone go dira tiro ya one, lorato le tlotlo le tsone di a tlhokega gore go nne le puisano e e nang le diphelelo tse di molemo mo lenyalong.” Hmm, ke rata tsela e ba tlhalosang dilo ka yone.

Bogosi: O badile monate. Go na le temana e e nopotsweng fano. O ka e tobetsa gore e bulege.

Emelang: Ee ke a e bona. Ke Baefeso 5:33. Ya re: “Mongwe le mongwe wa lona ka bongwe a rate mosadi wa gagwe jalo jaaka a ithata; kafa letlhakoreng le lengwe, mosadi o tshwanetse go nna le tlotlo e e boteng mo monneng wa gagwe.”

Bogosi: A o lemogile gore go gatelelwa gore mongwe le mongwe a neye yo mongwe se a se tlhokang?

Emelang: O raya jang?

Bogosi: A ga se boammaaruri gore monna o batla gore mosadi wa gagwe a mo tlotle le gore mosadi o batla gore monna wa gagwe a nne a mmolelela gore o a mo rata?

Emelang: Ee go ntse jalo.

Bogosi: Fa monna a nna a batla ditsela tsa go bontsha mosadi wa gagwe gore o a mo rata, a go ka se nne motlhofo gore mosadi a mo tlotle?

Emelang: Go ntse jalo.

Bogosi: Ka jalo, temana eno e le nngwe ya Baebele e e kwadilweng dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng, e bua ka dilo tse banyalani ka bobedi ba di tlhokang. Gape e ba naya kgakololo e e molemo e e ka ba solegelang molemo fa ba e dirisa. Mme fa re sobokanya setshwantsho se re badileng ka sone pelenyana, “pelo le makgwafo” a lenyalo a tla nna a dira sentle.

Emelang: Jaanong ke a bona gore Baebele e na le dilo tse ke neng ke sa di solofela.

Bogosi: Ke itumelela go utlwa seo. Nka rata gore re kopane mono gape gore re tle go tlotla ka setlhogwana se se reng “Ditsela di le Nnè Tsa go Rarabolola Mathata,” se se mo setlhogong seno se se mo Website ya rona. *

Emelang: Go siame. Ke tla e bala le mogatsake.

A go na le kgang nngwe mo Baebeleng e o kileng wa ipotsa ka yone? A o ka rata go itse ka dilo dingwe tse Basupi ba ga Jehofa ba di dumelang kgotsa dilo tse ba di dirang? Fa go le jalo, o se ka wa okaoka go botsa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O tla itumelela go tlotla le wena ka dipotso tseo.

^ ser. 63 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 14 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.