Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Kopa Gore o Mphe Maatla

Ke Kopa Gore o Mphe Maatla

Itseele:

  1. 1. Modimo’a me, a ko’o nthuse.

    Ke tlaletswe, ke a tlhobaela.

    Ke a go kopa ka gonne

    Ke itse gore

    O tla ntswa thuso.

    (PRE-KHORASE)

    Ke kopa

    Moya wa gago tlhe Rara

    (KHORASE)

    Gore ke kgone

    Go’itshokela maemo ano’a thata.

    Ke phaphasele ka diphuka

    Fela jaaka bontsu ke sa lape.

    Ke kopa o mphe maatla.

  2. 2. Eleruri o nthusitse.

    Jaanong le nna ke thusa ba bangwe.

    Fa ba ka’itse gore o tla ba tshegetsa,

    Ba tla’imologa.

    (PRE-KHORASE)

    Ke kopa

    Moya wa gago tlhe Rara

    (KHORASE)

    Gore ke kgone

    Go’itshokela maemo ano’a thata.

    Ke phaphasele ka diphuka

    Fela jaaka bontsu ke sa lape.

    Ke kopa o mphe maatla.

    (KHORASE)

    Gore ke kgone

    Go’itshokela maemo ano’a thata.

    Ke phaphasele ka diphuka

    Fela jaaka bontsu ke sa lape.

    Ke kopa o mphe maatla,

    Ke kopa o mphe maatla,

    Ke kopa o mphe maatla.