Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Marek M. Berezowski/Anadolu Agency via Getty Images

NNANG LO DISITSE!

Ntwa ya Russia le Ukraine ga e Ise e Fele—Baebele e re Naya Tsholofelo Efe?

Ntwa ya Russia le Ukraine ga e Ise e Fele—Baebele e re Naya Tsholofelo Efe?

 Ka Labotlhano, February 24, 2023, e tla bo e le ngwaga Russia e ntse e lwa le Ukraine. Go ya ka dipego dingwe, masole a kwa Ukraine le a kwa Russia a ka nna 300 000 a sule kgotsa a gobetse mme mo ntweng eo go bolailwe batho ba ka nna 30 000 ba ba neng ba sa tseye karolo mo go yone. Le fa go ntse jalo, dipalopalo tseno di ka tswa di le kwa godimo.

 Se se utlwisang botlhoko ke gore ga go lebege ntwa eno e tlile go fela gone jaanong.

  •   “Ke lobaka Russia e ntse e tlhasela Ukraine jaanong, ga go lebege ntwa eno e tlile go fela. Mo dinageng tseno tse pedi ga go bonale epe e tla fenya ntwa eno kgotsa e tla ikgogela morago.”—NPR (National Public Radio), February 19, 2023.

 Go a utlwala go bo batho ba le bantsi ba utlwisiwa botlhoko ke dintwa tseno. Mme gone, Baebele e re naya tsholofelo efe? A dintwa di tla tsamaya di fela?

Ntwa e e tla fedisang dintwa tsotlhe

 Baebele e bua ka ntwa e e tla bolokang matshelo a batho. Ntwa eno e bidiwa Aramagedona, mme e tlhalosiwa e le ntwa ya “letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe.” (Tshenolo 16:14, 16) Modimo o tla dirisa ntwa eo go fedisa dipuso tse di baketseng batho mathata. Fa o batla go itse gore Aramagedona e tlile go tlisa kagiso jang, bala ditlhogo tse di latelang: